Jump to content

Bonita C. Stewart

Go tswa ko Wikipedia
Bonita C. Stewart

Bonita Kaye Coleman Stewart (yo o tsholetsweng ka sefane sa Coleman, 1957)[1][2] ke moeteledipele wa papatso le thekiso wa Amerika, mogakolodi, motho yo o tumileng mo metsweding ya dikgang le mokwadi. Ka 2011 o ne a nna mosadi wa ntlha wa mmala montsho go bidiwa mothusatautona kwa Google;[3] go tloga ka 2019 o direla koo jaaka Mothusatautona wa Ditirisanommogo tsa Lefatshe Lotlhe. Ke mokwadi-mmogo (le Jacqueline Adams) wa A Blessing: Women of Color Teaming Up to Lead, Empower and Thrive.[3]

Pele ga a tsena kwa Google, Stewart e ne e le moeteledipele kwa IBM le kwa Daimler Chrysler.[4] Pelenyana mo tirong ya gagwe o ne a tlhoma mmogo Nia Enterprises, kompone ya ditirelo tsa go gatisa mo maranyaneng, patlisiso le papatso le One Moment in Time, kompone ya go hirisa diaparo tsa tiro tsa basadi.[5]

Mo godimo ga seabe sa gagwe kwa Google, Stewart o direla mo dibotong tse di farologaneng tsa dikompone le tse di sa direng dipoelo, go akaretsa le Porojeke ya Plié ya American Ballet Theatre le Setlhopha sa Harvard ya New York.[6]

Stewart o amogetse Bachelor of Arts mo Bobegadikgannyeng go tswa kwa Yunibesithing ya Howard,[6] mme morago ga moo a amogela Masters wa Tsamaiso ya Kgwebo go tswa kwa Sekolong sa Kgwebo sa Harvard.[6]

Crain's New York Business list of "Woman to Watch in Tech", 2014[7]

Crain's New York Business list of "Most Powerful Women in New York", 2019[8]

Ebony, "Power 100" list, 2012[9] le 2020[10]

AdAge list of top "Women to Watch" 2011[7]

AdAge "Interactive Marketer of the Year" Award, 2005[11]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Stewart o nyetswe ke Harvard Kevin Stewart yo ba dirileng MBA mmogo ko Havard, mothei wa Letlole la Giselle.[1] Fa a sa tsamaye, Stewart o tsaya dithuto tsa beke le beke tsa ballet.[12]

  1. 1 2 New York Times; 2002-09-15
  2. Crain's New York 2019
  3. 1 2 "How two industry leaders are helping women of color team up and thrive in business". NBC News. 23 November 2020. Retrieved 2021-02-23
  4. Chauncey Alcorn (20 February 2021). "Black women executives making history in the c-suite offer career advice to those following in their footsteps". CNN. Retrieved 2021-02-23
  5. "Bonita Stewart". Worth. Retrieved 2021-02-23
  6. 1 2 3 "Most Powerful Women - 46. Bonita Stewart". Crain's New York Business. 2019-06-14. Retrieved 2021-02-23.
  7. 1 2 "Women to Watch: Bonita Stewart, Google". adage.com. 2011-05-30. Retrieved 2021-02-23.
  8. "Women to watch in New York tech". Crain's New York Business. 2014-05-19. Retrieved 2021-02-23.
  9. EBONY (2016-07-22). "EBONY Reveals 2012 Power 100!". EBONY. Retrieved 2021-02-23
  10. EBONY (2020-02-26). "2020 EBONY POWER 100 LIST". EBONY. Retrieved 2021-02-23.
  11. "Interactive Marketer of the Year: Chrysler". adage.com. 2005-11-07. Retrieved 2021-02-23.
  12. Fast Company 2014-06-23