Jump to content

Botho University

Go tswa ko Wikipedia

Sekolo se se golwane sa Botho (e e neng e itsege pele jaaka Botho College/NIIT) ke moabi yo mogolo go gaisa wa thuto ya thuto e kgolwane ya poraefete mo Botswana, e e tlhomilweng ka 1997. Sekolo se se golwane se se tlamela ka disetifikeiti, didipoloma le didikirii tsa dialogane tsa bobalamatlotlo le saense ya dikhomphiutha. Ke setheo sa ntlha sa poraefete sa thuto e kgolwane mo nageng go newa tetlelelosemmuso ke Lekgotla la Thuto e Kgolwane (TEC). Mananeo otlhe a yone gape a amogetswe ke Bothati jwa Dithutego jwa Botswana (BQA). E katisitse dialogane di le 16 000, mme e kwadisa baithuti ba le 4 000, ba ba tshegediwang ke badiri ba le 150 ba thuto.

Dithulaganyo tsa ga Botho tsa Saense ya Dikhomphiutha di dirisana mmogo le ditheo tsa boditšhabatšhaba tse di jaaka NIIT, sekolo se se golwane se se Bulegileng le sekolo se se golwane sa Teesside.[1]

Ditirwana tse di kwa ntle ga kharikhulamo

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgwetlho ya ICT ya Linkz ya sekolo se se golwane sa Botho

Ka ngwaga wa 2009, sekolo se se golwane sa Botho e ne ya simolola kgaisano e e ikaegileng ka ICT e e bidiwang LINKZ The ICT Challenge, e e kopanyang baithuti ba ba gaisang ba ICT mo nageng. Mo kgaisanong eno sekolo se se golwane saBotho e thankgolotse tsebe mo webosaeteng ya bone. E leka kitso ya baithuti mo lephateng la thekenoloji ya khamphani. Ka ngwaga wa 2009, Linkz ICT Challenge e ne ya kopanya bašwa ba feta 300 go tswa kwa ditheong tsa thuto e kgolwane tse di akaretsang sekolo se se golwae sa Botswana, Setheo sa Dithuto tsa Porofešenale sa Gaborone, sekolo se segolwane ysa Ba Isago, isekolo se se golwane sa ya ABM, le sekolo se se golwane sa Limkowing University of Creative Technology.[2]

  1. "Welcome to Botho University". Bothocollege.ac.bw. Archived from the original on 3 August 2013. Retrieved 8 August 2013.
  2. "2016 Linkz ICT challenge concluded". BiztechAfrica. Retrieved 26 October 2016.