Botlhokwa jwa ditlhako

Ditlhako di botlhokwa thata mo bathong botlhe batho ba ka se tsamaye mafelo a mantsi a farologaneng ba sa dirwala.Motho fa a sena ditlhako o fetwa ke mabaka a le mantsi ka gonne a ka se kgone go tsamaya ka dinao goya kwa a batlang goya teng . fa o le motho o tshwanetse go nna le ditlhako tsa gago ka go nne re le batho maoto a rona ga a lekane ,ka gonne ga o kitla o kgona go rwala setlhako se sa go lekane o ya kwa mafelong a botlhokwa .Ga o kake wa kgona go tsamaya sebaka sa di ura di le pedi kgotsa go feta ka maoto o tshwanetse go netefatsa gore o rwele ditlhako,o ka seka wa tsamaya ka dinao mo mmung letsatsi le fisa ka gonne maoto a tlile gosha ka fa tlase.fa o le motho oka se etele batho ntle le ditlhako ka gonne o lebeletse gore ba tlile go bua dipuo tse di sa jeseng di welang ,ka jalo o tshwanetse go rwala selhako go tswa mo mothong gore o rwala sa mofuta ofe se ena a se rwalang . Ditlhako di mefuta e farologaneng go na le tsa bana ba basimane mme basetsana,banna le basadi le bona ba na le tsona .
Fa o sena ditlhako o ka se kgone go tsamaya mo mafelo a go tshwana le bo teropo,sekolo,Gautengle kwa tirong ka ntha ya gore gaona ditlhako.Go na le di tiro tse e leng gore motho o tshwanetse go di rwala fa a apere junifomo ya gagwe ya tiro le bana ba baithuti ba rwala ditlhako tsa bona tsa sekolo go ya sekolong .Barutabana bone gantsi ga bana junifomo ba apara diaparo tsa bona ka ditlhako tse ba di batlang mme morago ba tlabo ba rwele ditlhako.Go na le ditlhako tsa go taboga tse di dirisiwang ebile go na le mo aparo wa teng gore fa motho a taboga a seka a kgorolosega.Go le gantsi ditlhako di dirilwe ga ya ka di tiragalo tsa go tshwana le manyalo,moletlo,kereke le kwa dintshong le mo aparo wa di tiragalo tseo o teng ke ka moo ditlhako di leng.
botlhokwa.[1]