Botlhokwa jwa ditlhare

Ditlhare ke dijalo tsa tlholego,tse di botlhokwa thata mo matshelong a rona.Ditlhare di re fa mowa oo phepa oo re o hemang nako le nako.Ntleng le ditlhare ga gona bophelo.Ditlhare di fokotsa mowa o o seng phepa mo lefaufaung oo ka dirang gore re feleletse re lwala fa re ka o hema nako e e telele.Re tshwanetse go itlhokomela thata ,kana kgetsi ya tsie e kgonwa ka go tsharaganelwa tiro e nna bonolo thata fa re thusana.Kana re bona dilo tse dintsi thata mo ditlhareng,re kgona go ja,re bona meriti e e monate jalo le jalo.
Mowa o,fao le montsi mo lefaufaung o ka dira gore batho ba retelelwe ke go hema sentle mme le diphologolo di ka swaka ntlha ya seno.Go botlhokwa go jala,go boloka matshelo a rona ka go fokotsa mowa o o seng phepa o.Ke maikarabelo a rona rotlhe gore re jale ditlhare,re tlhokomele,le go nna kgatlhanong le batho ba ba fokotsang bontsintsi jwa ditlhare.[1]