Jump to content

Boto ya Dipuo tsa Aforika Borwa yotlhe

Go tswa ko Wikipedia

 

Pan South African Language Board (e e khutshwafaditsweng e le PanSALB ) ke lekgotla mo Aforika Borwa o o tlhomilweng go thusa tswelelopelo ya tiriso ya dipuo tse dintsi, go tokafatsa le go boloka dipuo tse 12 tsa semmuso, le go sireletsa ditshwanelo tsa dipuo mo Aforika Borwa. Boto e simolotswe go ya ka molao wa bo 59 wa 1995 ke palamente ya Aforika Borwa. [1]

Mo godimo ga dipuo di le 12 tsa semmuso tsa Aforika Borwa, PanSALB gape e leka ka natla go tlhama maemo a tiriso le kgolo ya dipuo tsotlhe tse di dirisiwang ke baagi mo nageng go akaretsa le Sekhoe, Sesan, le Senama . [2]

Dibopego tsa PanSALB di akaretsa: Dikomiti tsa dipuo tsa diporofense (di-PLC), dikgatlo tsa dipuo tsa naga (di-NLB), le diyuniti tsa bosetšhaba tsa go tlhama dithanodi (di-NLU).

Tirisanommogo ya SWiP

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2023, porojeke ya tirisanommogo magareng ga PanSALB, SADiLaR (the South African Centre for Digital Language Resources), le Wikimedia ZA e ne ya simologa go tsweletsa pele tiriso ya puo ya selegae mo Wikipedia mmogo le go nna teng ga dipuo tsa tlholego tsa Aforika Borwa mo lefelong la inthanete. [3] Porojeke e khutshwafaditswe go nna SWiP: go kopanya maina a SADiLAR, Wikipedia, le PanSALB. Batsayakarolo ba itsisiwe ka Wikipedia mme ba tsenela katiso ya bokwadi ya gore ba ka tsenya jang diteng, dinopolo le dinepe. [4]

Kganetsano

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Ferikgong 2016, tona ya botsweretshi le setso ya Aforika Borwa, Nathi Mthethwa o ne a phatlalatsa boto yotlhe ya PanSALB, morago ga pego ya gore magareng ga 2014 le 2015, ditshenyegelo tsa tsamaiso tsa boto di ne di oketsegile go tswa go dimilione di le 8 go ya go dimilione di le 17 go tswa go dimilione di le 23 tsa ZAR, fa ditshenyegelo tse e seng tsa gale yone e ne e le dimilione di le 28. [5]  

  1. "PanSALB History". Archived from the original on 2018-09-03. Retrieved 2025-05-30.
  2. "NO. 59 OF 1995: PAN SOUTH AFRICAN LANGUAGE BOARD ACT, 1995" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2022-08-23. Retrieved 2025-05-30.
  3. "SWiP project to champion SA's indigenous languages online". North-West University. 2023-10-26.
  4. "SADiLaR-Wikipedia-PanSALB (SWiP) – SADiLaR". SADiLaR. Retrieved 2024-05-19.
  5. Marianne Thamm (25 February 2016). "Multilingualism: Pan South African Language Board going nowhere slowly, haemorrhaging millions".

Dikgokagano tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Languages of South Africa