Botsalano jwa Botswana le Aforika Borwa

Botsalano jwa Botswana le Aforikaborwa ke botsalano jwa mo ditsong le jwa gompieno jwa mafatshe a Botswana le Aforikaborwa . Lefatshe la Botswana le na le ofisikgolo ya boemedi kwa Pretoria, mme la Aforika Borwa le na le ofisi ya boemedi kwa Gaborone . Mafatshe o o mabedi ke dikolone tsa pele tsa Britain le maloko a lekgotla la African Union, mafatshe a selekane le Setšhaba sa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika ( SADC ) .[1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Motheo wa botsalano jo o simolotse morago ga go tlhongwa ga Mokgatlho wa Melelwane wa Borwa jwa Aforika ( SACU ) ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le lesome . [2]
Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le botlhano lefatshe la Aforika Borwa le ne la simolola letsholo la sesole go ya kwa Gaborone, le tlhasela batho ba African National Congress kwa Botswana . Ditlhaselo tse di ne tsa kgalwa ke mmueledi wa ga tautona wa Amerika Ronald Reagan . [3]
Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borataro Tautona Quett Masire wa Botswana o ne a re baagisani ba batho bantsho ba Aforika Borwa ba tlaa sotlega thata fa mafatshe a Bophirima a ka tsenya dikiletso tsa itsholelo mo Aforika Borwa. O rile, "Go bonala sentle gore ga re ka ke ra thibela Bophirima go tsenya dikiletso mo Aforika Borwa, mme re amogela mofuta mongwe le mongwe wa kgatelelo mo pusong ya tlhaolele ." [4]
Botsalano gareng ga Aforika Borwa le Botswana bo ne bo dirwa semmuso ka go tlhoma diofisi tsa boemedi mo mafatsheng ka bobedi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi. Go tlhabololwa ga botsalano go ya kwa maemong a a feletseng a botsalano go diragetse ka Seetebogiso a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bone. [5]
Mafatshe a mabedi a ne a na le botsalano jo bo siameng ka nako ya botautona jwa ga Thabo Mbeki le Festus Mogae . Ka nako ya botautona jwa ga Jacob Zuma le Ian Khama, botsalano bo ne jwa wela tlase ka ntlha ya dipharologano ka go thapiwa ga Kopano ya Aforika, tshwetso ya Aforika Borwa ya go ikgogela morago mo Kgotlatshekelong ya Bosenyi ya mafatshefatshe le Zimbabwe. [6] Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe, Botswana Democratic Party, phathi e e busang mo Botswana, e ne ya tsenela Mekgatlho ya Kgololesego ya Pele ya Aforika Borwa, e gape e akaretsang ANC. [7]
Tirisanommogo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa dikete pedi le boraro, tautona wa Aforikaborwa, Thabo Mbeki o ne a etela tautona wa Botswana Festus Mogae . Mafatshe a mabedi a ne a ntshitse kitsiso e e reng baeteledipele ba ba babedi ba mafatshe a mabedi ba sekasekile dintlha tsa mafatshe a mabedi, tsa kgaolo, le tsa mafatshefatshe tse di nang le dikgatlhego tse di tshwanang, jaaka Tumalano ya go Tlhoma komiti e e Kopanetsweng ya sennela ruri ya Tirisanommogo magareng ga Botswana le Aforika Borwa. Baeteledipele ba babedi ba gape ba tlhagisitse tlhokego ya "go thusa batho ba Zimbabwe go rarabolola mathata a a lebaneng le lefatshe la bone". [8]
Ka Ngwanatseele ngwaga wa dikete pedi le borobabobedi, Botautona ba mafatshe ka bobedi ba ne ba dumalana go bereka mmogo go rarabolola mathata a kwa Zimbabwe morago ga ditlhopho tsa botautona.
Ditumalano
[fetola | Fetola Motswedi]- Ka ngwaga wa dikete pedi le boraro, mafatshe a mabedi a no a ne a baya monwana tumalano ya go duedisa lekgetho gabedi. [9]
- Ka ngwaga wa dikete pedi le botlhano, mafatshe a mabedi a a ne baya monwana ditumalano di le thataro tsa go tokafatsa tirisanommogo mo maphateng a a farologaneng, go akaretsa le temothuo, boitekanelo, pusoselegae, metshameko, setso le dipalamo [10]
- Ka ngwaga wa dikete pedi le borataro, matona a tikologo a mafatshe a mabedi a, mmogo le Zimbabwe, ba ne ba baya monwana gore go nne le phaka e ntšha ya diphologolo tse di kgabaganyang melelwane e e bidiwang Lefelo la Tshomarelo la Limpopo-Shashe le le kgabaganyang melelwane ya Botswana, Aforika Borwa le Zimbabwe. [11]
- Ka ngwaga wa dikete pedi le bosupa, Diterena tsa Botswana di ne tsa baya monwana tumalano le lephata la diterena tsa Aforikaborwa la Spoornet . Tumelano e tla felela ka kgwebo e e kopanetsweng le go nyalanya ditsholofelo go ya ka kabo ya didirisiwa. [12] Seno se ne sa latela dipuisano fa gare ga badirisi ba babedi bao ka ngwaga wa dikete pedi le borataro . [13]
DitsHedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Schenoni, Luis (2017) "Subsystemic Unipolarities?"in Strategic Analysis, 41(1): 74-86
- ↑ "SARPN - Botswana". www.sarpn.org.za. Archived from the original on 2019-03-22. Retrieved 2009-07-14.
- ↑ "Boston.com Local Search - Boston Globe Archives". nl.newsbank.com. Archived from the original on 2016-03-03. Retrieved 2026-07-26.
- ↑ "Archives: Chicago Tribune - BOTSWANA FEARS IRE OF S. AFRICANS". pqasb.pqarchiver.com. Archived from the original on October 21, 2012.
- ↑ "Department of International Relations and Cooperation - South Africa". www.dfa.gov.za.
- ↑ JIKA, THABO MOKONE and THANDUXULO. "Zuma going nowhere, irate SA tells Khama". Sunday Times. Archived from the original on 2016-11-20. Retrieved 2016-11-13.
- ↑ "Obert Mpofu attends Botswana Democratic Party congress". Bulawayo24 News. 2022-08-29. Retrieved 2023-01-07.
- ↑ "Apps - Access My Library - Gale". www.accessmylibrary.com.
- ↑ "Botswana And South Africa Sign Double Taxation Agreement". www.tax-news.com. Archived from the original on 2009-09-26. Retrieved 2009-07-14.
{{cite web}}: CS1 maint: unfit URL (link) - ↑ "Apps - Access My Library - Gale". www.accessmylibrary.com.
- ↑ "IOL: News for South Africa and the World". Archived from the original on 2010-08-21. Retrieved 2009-07-14.
- ↑ "Mmegi Online :: BR, Spoornet sign business agreement". Archived from the original on 2017-09-07. Retrieved 2020-07-05.
- ↑ "Mmegi Online - Business Week". www.mmegi.bw. Archived from the original on 2012-02-23. Retrieved 2009-07-14.