Botsalano jwa lefatshe la Botswana le Russia

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Infobox Bilateral relations

Botsalano jwa lefatshe la Botswana le Russia (Tempolete:Lang-ru) bo simolotse ka kgwedi ya Mopitlwe a tlhola borataro ngwaga wa 1970 fa lefatshe la Botswana gape le fa bokopano jwa Soviet bo simolodisa botsalanano.

Botsalano jwa gompieno magareng ga mafatshe a mabedi bo tlhalosia e le jo bo tsamaalanang gape e le jwa sennela ruri.

Go ya ka tona wa tsa merero ya mafatshe a sele a re , Russia ke nngwe ya mafatshe a ntlh go simolodisa botsalano jo bo tsepameng le lefatshe la Botswana. [1]

Botsalano jwa lefatshe la Botswana - Soviet[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana le bokopano jwa Soviet bo simolotse botsalano jwa bone ka kgwedi ya Mopitlwe a tlhola borataro ngwaga wa 1970, gape le ditiro tsa Soviet di ne di direlwa kwa diofising tsa boemidi jwa Soviet kwa Lusaka, Zambia.[2][3] Le fa mediro ya bone e amana thata le ngwao ya sekgowa lefatshe la, Botswana le ne la tsaya karolomo metshamekong ya 1980 Summer Olympics, se se le diri go nna lefatshe la ntlha go tsaya karolo mo metshamekong ya mafatshefatshe kwa Moscow. Gape ka Ferikgong a tlhola lesome le bone ngwaga wa, 1977, mo pitsong ya go tlhaselwa ya Botswana ke Southern Rhodesia,Soviet Union e ne ya kopana le lekgotla la tshireleltso molao la United Nations Security Council go kgala ditlhaselo tseo.

Botsalano jwa mafatshe ka bobedi[fetola | Fetola Motswedi]

Thekiso le itsholelo magareng ga mafatshe a mabedi ebong Russia le Botswana di kanetsew mo tumalanong ya molao motheo wa Trade Agreement wa ngwaga wa 1987 gape le ya Agreement on Economic and Technical Cooperation of ngawaga wa 1988. Puso ya Russian Federation gape le puso ya lefatshe la Botswana di dirile tshupo ya monwana ya tumalana mo ngwaong , boranyane jo bo kwa godimo le dithuto ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 1999. Lefatshe la Russia le Botswana a sa tswa go nna le ditlamorago tse di nametsang tsa botsalano mo mafelong a le mantsi,bogolo jang mo go tlhabololeng matshelo a batho. Gape lefatshe la Russia le ntse le fa baithuti ba Botswana tshono ya go ithuta kwa lefatsheng la bone bogolo jang mo dithutong tsa botsogo tse mo bogompieng di thobaetsang lefatshe fela thata. Botswana gape ke ngwe ya mafatshe a banni ba lefatshe la Russian ba sa tlhokeng go dira diteseletso tsa Visa. [4] Russia e nale diofisi tsa kemidi mo Gaborone, fa Botswana a nale tsa gagwe di ofisi mo Russia kwa Stockholm (Sweden) gape le borongwa gare ga mafatse a mabedi kwa Moscow.

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "We Must Exploit Russia's Potential". Archived from the original on 2017-02-02. Retrieved 2012-01-17.
  2. "Характеристика политической ситуации в Ботсване". School of International Business, Omsk State University. Archived from the original on 2008-02-06. Retrieved 2009-05-19.
  3. "Africa insight". Africa insight. Africa Institute of South Africa. 21 (1): 96. 1991. Retrieved 2009-05-19.
  4. "Botsalano jwa Botswana le Russia". Archived from the original on 2009-03-29. Retrieved 2012-01-17.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Foreign relations of Botswana Tempolete:Foreign relations of Russia