Botshelo le Ditiro tsa ga Nelson Mandela

Botshelo le Ditiro tsa ga Nelson Mandela
[fetola | Fetola Motswedi]Phukwi ka e le kgwedi eo go rorisiwang Rre Mandela ka diketso le seabe sa gagwe go naga yotlhe, Nelson Mandela e ne e le moeteledipele wa Aforika Borwa, molwela kgololosego, le letshwao la lefatshe go akaretsa Aforika ka bophara, go nne le kagiso le tshiamo.[1] O belegwe ka ngwaga wa 1918 kwa Kapa Botlhaba, o nnile le seabe mo kgaratlhong kgatlhanong le kgatelelo ya bantsho ke basweu, tsamaiso ya go kgaoganya le go tlhaola batho ka lotso mo Aforika Borwa. Jaaka leloko la African National Congress (ANC), Mandela o ne a etelela pele ditshupetso tsa kagiso mme morago a tshegetsa go ganetsa ka dibetsa fa mekgwa ya kagiso e ne e retelelwa.[2]
Seabe sa Rre Mandela mo Aforika Borwa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 1962, Mandela o ne a tshwarwa mme a atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong ka ntlha ya go lwantsha tlhaolele.[3] O ne a fetsa dingwaga di le 27 kwa kgolegong, koo a neng a nna le letshwao la lefatshe lotlhe la go nna kgatlhanong le puso. Fa a sena go gololwa ka 1990, Mandela o ne a etelela pele dipuisano go fedisa tlhaolele le go bopa Aforika Borwa ya temokerasi.[4] Ka 1994, o ne a nna moporesidente wa ntlha wa motho montsho mo ditlhophong tsa ntlha tse di neng di gololesegile e bile di siame. Mandela o ne a tsepamisitse mogopolo mo go letlaneng, go aga setšhaba le ditshwanelo tsa botho. O ne a tlhopha go itshwarela go na le go ipusolosetsa, a thusa go kopanya setšhaba se se neng se kgaogane thata.
Diphetogo tse di bonweng ke Bantsho
[fetola | Fetola Motswedi]Tota le morago ga go rola tiro, Mandela o ne a tswelela go dira ka kagiso, thuto le go dira gore batho ba itse ka ga lebolla mading.[5] O ne a amogela dikgele di le dintsi, go akaretsa le Sekgele sa Nobel sa Kagiso. Botshelo jwa ga Nelson Mandela ke sekao se se maatla sa bopelokgale, go intsha setlhabelo le boeteledipele. Boswa jwa gagwe bo sa ntse bo tlhotlheletsa batho mo lefatsheng lotlhe go lwela gore go nne le tshiamiso le go lekalekana.[6]
- ↑ https://www.dailymaverick.co.za/article/2025-07-14-nelson-mandela-day-critical-climate-discussions-and-more-events-this-week-in-civil-society/
- ↑ https://www.timeout.com/johannesburg/news/go-beyond-67-minutes-mandela-day-with-purpose-071425
- ↑ https://www.primediaplus.com/2025/07/14/5-charities-sharing-the-madiba-magic-this-mandela-day-here-s-how-you-help-the-helpers
- ↑ https://www.travelandtourworld.com/news/article/explore-iconic-nelson-mandela-sites-across-south-africa-and-honor-his-legacy-on-mandela-day/
- ↑ https://www.nelsonmandela.org/news/entry/mandela-day-2025-uniting-to-combat-poverty-and-inequity
- ↑ https://www.mediaupdate.co.za/publicity/159471/nelson-mandela-foundation-announces-launch-of-mandela-day-2025