Botsuolodi jwa Ndungutse
Ka ngwaga wa 1912, kopano ya ditlhopha tse di farologaneng tse di neng di le kgatlhanong le puso ya bogosi jwa Rwanda, e ne ya tsuologa kgatlhanong le bogosi jwa Rwanda le sesole sa kolone ya Jeremane. Ditsuolodi di ne di eteletswe pele ke Ndungutse, motho o a neng a itshupa e le ene kgosi ya boammaruri ya lefatshe la Rwanda, mo go bone go na le boesengmang, batho ba ba batlang kgaogano, batho ba ba neng ba setse morago bogosi jo bo kgatlhanong, ditsuolodi tse di kgatlhanong le bokolone, le dinokwane. Pele kopano ya ga Ndungutse e ne ya bona kemo nokeng mo bogosing ka bophara, ya tsaya taolo ya kgaolo go tswa ka Firikgong ngwaga wa 1912, fa ma Jeremane a ne a sa tlhomamise gore ba ka tsiboga jang, ka botsuolodi maikaelelo a jone e ne e le go thankgola Kgosi o ba neng ba berekisana le ene ebong Yuhi V Musinga wa Rwanda mo boemong jwa go tlhasela batho ba Yuropa ka sebele. Ka jalo, moeteledipele wa sesole sa Germany Eberhard Gudowius pele o ne a iletsa go ipusolosetsa ga ba ba setseng Yuhi morago, mme mo boemong a dira kemiso ya ntwa.
Ka kgwedi ya Mopitlo ngwag wa 1912, ditlhaselo di ne tsa tswelela fa batho ba Germany ba ne ba ithaopa go thusa Yuhi V go tlosa ditsuolodi. Letsholo le le neng le eteletswe pele ke Germany le ne la fedisa kganetso ka Motsheganong morago ga ntwa e kgolo, e e neng ya fela ka tshenyo, go utswa, dintsho le tlala mo kgaolong. Baeteledipele ba ditsuolodi ba ne ba tshwarwa ba bo ba bolawa kgotsa ba nyelela. Letsholo la ngwaga wa 1912 le ne la nna le seabe mo go kopanngweng ga Rwanda, le nonotsha bogosi jwa mo gae.
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Go pagama setilo ga ga Yuhi wa botlhano wa Rwanda
Bogosi jwa Rwanda e ne e le lefatshe le legologolo kwa kgaolong ya dinoka tse dikgolo tsa Aforika. E le lefatshe le le eteletsweng pele ke lolwapa lwa bogosi lwa morafe wa Tutsi, bogosi bo bo neng bo tsuolola batho ba morafe wa Hutu le Twa ba maemo a a kwa tlase go direla dintwa tsa lone madi.[1] Ka lekgolo la dingwgaa di le lesome le bosupa le lesome le borobabobedi, dikgosi tsa Rwanda di ne tsa leka go fenya dikgaolo tse di kwa molelwaneng kwa bokone, mme bo ne jwa lebaganwa ke kganetso e kgolo. Lefatshe la Rwanda ka jalo le ne la itlhophela go atolosa kgaolo ka go berekisana le mafelo a mabotlana a a gaufi.[2] Lefatshe la Rwanda le ne la gola ka maatla le kgaolo ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe, ka Kgosi Kigeli wa bone Rwabugiri a fenya metseletsele ya magosi a mabotlana[3]. O ne a nonotsha le boleng teng jwa Rwanda kwa bokone, ka go fudusa dikgosi mo go ileng ga fudusa bangwe ba baeteledipele ga bo ga dirisa batho ba Hutu kwa bokone, golo mo go neng ga baka kgalefo e tona.[4] Maiteko a go ganetsa a kwa bokone kgatlhanong le Kigeli IV Rwabugiri gantsi a ne a ikaega ka sedumedi se se neng se supa fa se itse go buisa mowa, o letsholo la gagwe le neng la golela pele mo kgaolong ka bophara.[5] Bokopano jwa kwa Berlin bo ne jwa neela lefatshe la Rwanda puso ya Germany kwa ntle ga kitso le tumalano ya lefatshe la Rwanda. le fa go ntse jalo, lefatshe la Germany le dirile go le go botlana fela go atolosa boleng teng kwa Rwanda ntle le maeto a se kae. Le ntswa ba ne ba sa dumalane le go tsenelela ga Germany, batho ba maemo ba Rwanda ba ne ba lemoga ka bofefo gore ba ka dirisa kgorogo ya ma Europa go ba tswela mosola go thatafatsa taolo ya bone mo bogosing jwa Hutu.[6]
Ka ngwaga wa 1895, Kigeli wa bone o ne a tlhokafala, a fetisetsa setilo sa bogosi jkwa morweng wa gagwe Mibambwe wa bone Rutarindwa. Ba bona sebaka sa go oketsa nonofo ya bone, batho bangwe ba bogosi ba ne ba logela moeteledipele o mošha segwenegwene. Ka ngwaga wa 1896, lekgamu la bogosi le ne la thankgola la bo la bolaya Kgosi Mibambwe wa bone mo thankgolong ya Rucunshu. Morago, mma Kgosi Kanjogera o ne a netefatsa gore go bewe morwa wa gagwe mo setilong ebong Yuhi V Musinga.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Strizek, Helmut (2006). Geschenkte Kolonien: Ruanda und Burundi unter deutscher Herrschaft; mit einem Essay über die Entwicklung bis zur Gegenwart [Gifted colonies: Rwanda and Burundi under German rule; with an essay on the development up to the present] (in German). Berlin: Ch. Links. ISBN 978-3-86153-390-0.
- ↑ Des Forges, Alison (1986). "'The drum is greater than the shout': the 1912 rebellion in northern Rwanda". In Crummey, Donald (ed.). Banditry, Rebellion and Social Protest in Africa. James Currey. pp. 311–332. ISBN 978-0852550052.
- ↑ Strizek 2006, pp. 44–45, 98.
- ↑ Des Forges 1986, p. 312.
- ↑ Des Forges 1986, pp. 312–313.
- ↑ Strizek 2006, pp. 17, 73–77.