Botswana Athletics Association
Botswana Athletics Association (BAA) ke leloko le le lemogiwang ke IAAF le le emetseng lefatshe la Botswana semmuso e le lekgotla le le okametseng metshameko ya mabelo.[1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Dingwaga di sa fete borataro morago ga boipuso jwa Botswana, Botswana Athletics Association e ne ya tlhamiwa kwa bokopanong kwa sekolong se segolwane sa Gaborone Secondary ka Seetebosigo a le lesome le borobabobedi ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bobedi. Lekgotla le ne la kwadisiwa ka Seetebosigo ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le borobabongwe, le neela Lt. general Mompati Merafhe marapo a botautona jwa lone. Morago ga go ithola marapo mo sesoleng, Merafhe o ne a nna tona wa merero ya mafatshe a sele wa Botswana le mothusa tautona wa lefatshe la Botswana go tswa ka ngwaga wa dikete pedi le borobabobedo go tsena ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi. Maikaelelo a lekgotla a akaretsa ditiragalo ka botlalo tsa mabelo jaaka lekgotla la bookamedi la IAAF, ka maikaelelo a go bona batabogi ba phadisanya mo seraleng sa mafatshefatshe.[2]
Tautona wa lone wa gompieno ke Phaphane Botlhale.[3] Batabogi ba Botswana ba nnile le katlego mo mabelong a maleele le a a fa gare; Nijel Amos o ne a fenya seetsele sa ntlha sa diolimphiki e le motabogi o mmotlana, a fetsa ka seetsele sa selefera mo lobelong lwa dimithara di le makgolo a robabobedi kwa diolimphiking tsa ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi a setse David Rudisha morago mo nakong ya gagwe ya mafatshefatshe. O ne a seegelwa kwa thoko dingwaga di le tharo mo mabelong ka ntlha ya go dirisa diritibatsi.[4] Amos o tswelela e le ene a tshegeditseng maemo a o ka lobelo loo. Amantle Montsho ke mogaka wa dikgaisano tsa mafatshefatshe tsa mabelo ka lobelo lwa dimithara di le makgolo a mane. Isaac Makwala ke motabogi wa bosupa ka lobelo wa lobelo lwa dimithara di le makgolo a mane mo ditsong, o etelela pele setlhopha sa mabelo a neelano (relay) sa batho ba le bane ba lobelo lwa dimithara di le makgolo a mane se se solofetsang, se se neng se gaisanela dietsele kwa diolimphiking tsa ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro go fitlhelela kwa bofelong jwa lobelo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Botswana Athletics Association | Botswana National Sport Commission". www.bnsc.co.bw. Retrieved 31 July 2026
- ↑ "Botswana Athletics Association".Botswana.National Sport Commission. Retrieved 31 July 2026
- ↑ "BAA PRESIDENT CALLS FOR REVIEW OF CONSTITUTION | Botswana National Sport Commission". www.bnsc.co.bw. Retrieved 31 July 2026
- ↑ "Silver medalist Amos given 3-year doping ban". ESPN.com. 3 May 2023. Retrieved 31 July 2025