Botswana Democratic Party
Phathi ya Botswana Democratic Party (abbr. BDP, e e itsegeng ka leina la Domkrag) ke phathi ya sepolotiki ya kwa Botswana. Go simolola ka ditlhopho tsa ntlha tsa lefatshe tsa ngwaga wa 1965 go fitlha ka ditlhopho tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2024, phathi ye e ne ya busa dingwaga di le masome a matlhano le bofera bobedi (58) ntle le kgoreletso epe. Ka nako ya go fenngwa ga yone, BDP e ne e le phathi e e busitseng lobaka lo lo leele go fetisa, mo pusong ya kgololesego ya batho ka batho.[1]
Phathi ye, e simolotswe ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 1962, e itsega ka leina la Bechuanaland Democratic Party ka nako e lefatshe la Botswana le neng le le ka fa tlase ga puso ya ga Mmamosadinyana. E ne ya fetolela leina mo go la gompieno morago ga gore Botswana e bone boipuso ka ngwaga wa 1966. Kwa tshimologong, e ne e eteletswe pele ke Seretse Khama, tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana, le motlhatlhami wa gagwe Quett Masire. Bo tautona ba ba neng ba latela, Festus Mogae, Ian Khama le Mokgweetsi Masisi, le bone ba ne ba etelela pele phathi e. Phathi ya Domkrag e ne ya fenya ka bontsi mo ditlhophong tsa ntlha tsa 1965, mme Khama a nna tautona wa ntlha wa puso e ncha, maemo a a neng a a tshwara go fitlha a tlhokafala ka ngwaga wa 1980. Botswana Democratic Party e ne ya busa ka maatla mo dingwageng tse di masome a le mararo tse di neng tsa latela, ntateng ya itsholelo e e neng e nonofile, ga mmogo le ketapele e e neng e agisanya merafhe ya lefatshe. Mo dingwageng tsa bo 1980, kgolo ya ditoropo le go segelwa thoko ga magosi go ne ga koafatsa kemonokeng ya BDP mme ga nonotsha diphathi tsa kganetso. Mo godimo ga moo, kwelotlase ya itsholelo ka dingwaga tsa 1990 ya ama ketapele ya BDP mo go tsa sepolotiki, mme ya leka go le gontsi go fetola seemo se. Mo ditlhophong tse di latelang, e ne ya fenya ka dipalo tse di ko tlase go na le pele, phenyo e e dirilwe ke makgamu gareng ga diphathi tsa kganetso.[2][3][4]
Le fa metswedi ya batlhophi ba phathi e ne ya farologana mo dingwageng, a bo ya sokola ntlheng ya dikgaogano tse di bakileng kgolo ya diphathi tsa kganetso, jaaka phathi ya Botswana Movement for Democracy (BMD) le Botswana Patriotic Front (BPF), BDP ga e a ka ya bona matshosetsi a kalo mo pusong ya yone mme e ne ya fenya ditlhopho tsotlhe fa e sale ka ngwaga wa 1965 go fitlha ka 2024. Mo pusong ya yone e telele, lefatshe la Botswana le ne la itsega ka ditlhopho tse di ikanyegang, tse di nang le boammaaruri go sena tsietso epe.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ The People's Action Party, Singapore's ruling party, has governed the country since independence in 1965, maintaining continuous rule for a longer period than the BDP as of the time of the 2024 Botswana general election. However, Singapore's democratic credentials are highly dubious, as noted by numerous academic sources. The V-Dem Democracy Indices classify Singapore as an electoral autocracy, stating that the country has never met the minimum conditions required to be considered even an electoral democracy throughout its post-independence history. Freedom House categorizes Singapore as "partly free," assigning it a political rights score of 19/40, compared to Botswana's 28/40, the latter being classified as "free" at the time of the 2024 Botswana general election.
- ↑ Rule, Stephen P. (1995). "Electoral Trends in Botswana: A Geographical Perspective". Africa Insight. 25 (1): 21–30
- ↑ Poteete, Amy R. (2012). "Electoral competition, factionalism, and persistent party dominance in Botswana". The Journal of Modern African Studies. 50 (1): 75–102. doi:10.1017/S0022278X11000619. ISSN 0022-278X. JSTOR 41474960
- ↑ Polhemus, James H. (1983). "Botswana Votes: Parties and Elections in an African Democracy". The Journal of Modern African Studies. 21 (3): 397–430. doi:10.1017/S0022278X00023491. ISSN 0022-278X. JSTOR 160817