Jump to content

Botswana Football Association

Go tswa ko Wikipedia

Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao wa Botswana (BFA) ke lekgotla le le laolang kgwele ya dinao ya mekgatlho mo Botswana,[1] mme o laola setlhopha sa bosetšhaba sa kgwele ya dinao. Ke lekgotla le le dirisanang le FIFA, CAF le COSAFA.[2]

Diliki tsa setshaba tsa kgwele ya dinao di akaretsa liki e kgolwane ya Botswana, lephata la ntlha la Botswana Bokone le lephata la ntlha la Botswana Borwa.

Ka 1966, gone ga tlhamiwa Mokgatlho wa Botswana wa Kgwele ya Dinao wa Bosetshaba (BNFA)[2], pele ga leina le fetolwa ka 1970 mme BFA e tlhongwa semmuso. E ne ya golagana le CAF la ntlha ka 1976, mme morago ga moo ya golagana le FIFA ka 1978.[3] Ka Phalane a le masome a mabedi le bone 2023, Gaborone — Mokgatlho wa kgwele ya dinao wa Botswana (BFA) o kgaogane le mokatisi wa Zebras Mogomotsi Mpote. Go ya ka metswedi, BFA e lebile mokatisi wa Moarabia ka tsholofelo ya gore o tlaa thusa Zebras go iponna patlha kwa AFCON le Sejana sa Lefatshe sa 2026 ka bobedi.[4]

  1. "The mystery behind the rise of Botswana football". Goal.com. 21 May 2011. Retrieved 31 Phalane 2025.
  2. 1 2 Admin, BFA. "Who we are – BFA". Archived from the original on 24 March 2018. Retrieved 31 Phalane 2025.
  3. Football, CAF – Confederation of African. "CAF – Member Associations – Botswana Football Association – Home". cafonline.com. Retrieved 31 Phalane 2025.
  4. Sibanda, Anastacia (25 October 2023). "Botswana: Bfa Parts with Mpote". Botswana Daily News.