Botswana National Airways
Botswana National Airways e ne e le kompone ya difofane e e neng e le kwa Gaborone, Botswana .
Kompone e, e ne ya amoga Sefofane sa setšhaba sa Bechuanaland ditirelo ,e e emisitseng go bereka ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le borataro e ya fifing . [1] Kompone e, e ne e tlhamilwe ke Johnny Gibson ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga D. Morgan. [1] [2]
Morago ga boipuso jwa lefatshe la Botswana, kompone ya difofane ya Bechuanaland e ne ya fetoga leina go bidiwa Botswana National Airways. E simolotse ditirelo mo ditseleng tsa selegae le tsa dikgaolo ka go dirisa difofane tsa Douglas DC-3 le DC-4 le tsa Vickers Viscount le Fokker F-27 moragonyana, mo go neng ga dira gore difofane di tswe kwa Gaborone go ya kwa Livingstone le kwa Lusaka kwa Zambia, le kwa Johannesburg kwa Aforikaborwa . Ditirelo go ya kwa Bulawayo kwa Rhodesia di simolotswe ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa sekete, amkgolo a robabongwe masome a marataro le borataro ka tirisanommogo le Difofane tsa Aforikaborwa . Difofane tsa selegae di ne di fofisiwa ka sefofane sa Setlhaketlhake sa Britain le sa Beech Baron, mme ka dinako tse dingwe sefofane sa F-27 se ne se dirisiwa mo tseleng ya Gaborone go ya Francistown . [1]
Ka ngwaga wa sekeet, makgolo a robabongwe masome a marataro le bosupa, kompone e ne ya simolola go tsaya lookwane lwa disele lwa meepo ya kopore ya Roan Selection Trust kwa Zambia mme go ne ga dirisiwa sefofane sa kwa Phillipine Airlines sa Douglas DC-4, se ne se dirisiwa go tsamaisa ditone di le masome a mararo le bobedi tsa lookwane letsatsi le letsatsi fa gare ga Francistown le Livingstone, go tswa kwa lo neng lo tsewa teng ka seporo go ya kgaolong ya Copperbelt. [1]
Morago ga tharabololo ya khansele ya tshireletso ya United Nations ya ngwaga wa sekete makgolo a roababongwe masome a marataro le borobabobedi e e neng e iletsa dipalamo tsa phefo go ya le go tswa kwa Rhodesia, Sefofane sa Bosetšhaba sa Botswana se ne sa patelesega go emisa ditirelo tsa sone go ya kwa Bulawayo . [3]
Sefofane se ne sa emisa ditirelo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le borobabongwe e ya fifing, mme sa bewa mo go amogeleng. Kgotlatshekelo ya go tlhoka madi mo go tseneletseng e ne ya tsaya gore go ne go ka se kgonege gore difofane di tswe mo go amogeleng madi le go busetsa dikoloto tsa sone, tse [1] mo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a marataro le borobabongwe di neng di le diranta di ka nna dikete di le makgolo a mane, masome a matlhano le boraro, makgolo a marataro . [4]
Kompone e ne ya rekiwa ke Puso ya Botswana le kompone yaBurton Construction ka Phukwi ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a marataro le borobabongwe, mme Koporasi ya Difofane ya Botswana e ne ya tlhamiwa ka Ngwanaitseele a le rogwa ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a marataro le borobabongwe. [4] Kompone e ntšha e ne ya simolola ditirelo dingwe gape, pele ga e emisa ditiro tsotlhe ka ngwaga wa sekeet makgolo a robabongwe masome a supa le motso. [4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 Guttery, Ben R. (1998). Encyclopedia of African airlines. Ben Guttery. p. 26. ISBN 0-7864-0495-7. Retrieved 2009-10-14. Cite error: Invalid
<ref>tag; name "guttery" defined multiple times with different content. - ↑ "Squadron Leader Johnny Gibson". The Daily Telegraph. 19 July 2000. https://www.telegraph.co.uk/news/obituaries/1349214/Squadron-Leader-Johnny-Gibson.html. Retrieved 2009-11-06.
- ↑ Geldenhuys, Deon (1990). "Some secondary case studies". Isolated states: a comparative analysis. Cambridge University Press. pp. 69. ISBN 0-521-40268-9. Retrieved 2009-11-06.
- 1 2 3 Smit, Philippus (1970). "Botswana; resources and development". Africa Institute. p. 168. Retrieved 2009-11-06. Cite error: Invalid
<ref>tag; name "botswana" defined multiple times with different content.