Jump to content

Botswana People's Party

Go tswa ko Wikipedia
Folaga ya Lekoko la batho ba Botswana

Lekoko la Botswana People's Party (BPP) le lantlha le neng le bidiwa Bechuanaland People's Party, tswana: Lekoko la batho ba Botswana ke lekoko la sepolotiki mo Botswana le le tlhamilweng ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 1960 ka nako ya bokoloniale. Ka ntlha ya go swabisiwa ke ba Lekgotla la Peomolao, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgalemang T. Motsete,motlhami wa mmino yo o nang le bokgoni le moitseanape wa thuto, BPP e ne ya nna lekoko la ntlha la bontsi go tlhotlheletsa boipuso jo bo tletseng.

Motsamai Mpho, yo o neng a sekisitswe ka molato wa botsouludi jwa puso ka fa tlase ga molao wa borukhutlhi wa Kopano ya Aforika Borwa, e ne e le mokwaledi mogolo. Kganetsano ya ka fa gare ka nako ya ditlhopho tsa ntlha tsa bosechaba ka ngwaga wa 1965 e ne ya felela ka kgaogano mme ga tsalwa Bechuanaland Independence Party (e e bidiwang Botswana independence Party mo bogompienong) ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mpho.Motsete o ne a leka go boloka setlhotshwana sa balebedi ba bogologolo ba BPP mme a latlhegelwa ke maatla a tsewa ke Philip Matante. Ditlhophokakaretso tsa ntlha di ne tsa tshwarwa ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga ele wa 1965, mme lekoko la Bechuanaland Democratic Party (le jaanong e leng Botswana Democratic Party) le ne la gapa phenyo e kgolo, la tsaya manno a le masome a mabedi le boferabobedi mo go a le masome a mararo le bongwe a a neng a gaisannwa. BPP e fentse ditilo di le tharo.

Tsa Bogologolo

[fetola | Fetola Motswedi]

Lekoko le tlhamilwe ka ngwaga wa 1960 e le Lekoko la Bechuanaland People's Party ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Motsete, Matante le Mpho.[1]Go tlhamiwa ga lekoko go ne ga tlhotlhelediwa ka tsela e e sa tlhamalalang ke kelelo ya batshwarwa ba Aforika Borwa morago ga polao ya Sharpeville ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa 1960. Sebopego sa lekoko se ne se ikaegile ka African National Congress (ANC), fela dintwa tsa ka fa gare di ne tsa thuba lekoko ka bonako. Lekoko le ne la nna lekoko la kganetso ya lekoko la setso la Botswana Democratic Party le le ka nako eo le neng le eteletswe pele ke Seretse Khama.[2]

Motsete o ne ne ana le seabe le kitso mo go tsa sepolotiki le tlhotlheletso go tswa mo mekgatlhong ya Pan-Africanism le ya kgololesego ya sepolotiki ya Aforika Borwa, e bong ANC le Pan African Congress (PAC). Kwame Nkruma le boipuso jwa Ghana di ne tsa tlhotlheletsa BPP go ya pele. Maikaelelo magolo a lekoko le e ne e le go golola batho ba Bechuanaland Protectorate mo bokoloniale; maikaelelo ano a ne a kgonwa ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 1966 fa lefatshe leno le ne le tsaya boipuso.

Matante e ne e le Tautona wa ntlha wa leloko la BPP. O ne a nna leloko la ntlha la palamente la Francistown le moeteledipele wa lekoko la kganetso ka nako ya boipuso ka ngwaga wa 1966. Loso lwa ga Matante lo ne lwa dira gore go seka ga nna le ope yo o nang le maatla mo go neng ga dira gore bontsi jwa dipoelo tse lekoko le neng le di dirile di busediwe morago. Mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2014 BPP e ne ya neelwa dikgaolotlhopho di le thataro tsa bokone ka fa tlase ga lekoko la Umbrella for Democratic Change (UDC), ka gonne bokone go tswa bogologolong e ne e le kago ya phemelo ya BPP, mme ya latlhegelwa ke nngwe le nngwe ya tsone. Maikaelelo a lekoko e ne ya nna go fetola leina la ditlhopho tsa 2019 ka go tlhoma ditheo tsa basha le go boa ba kgatlhegela lekoko ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Tautona Mbaakanyi Smart.[3]

BPP e ne e buelela kutlwano ya kganetso ka metlha. Ka ngwaga wa 1989, ba ne ba nna le botsalano jwa tiro le phathi ya Botswana Progressive Party e jaanong e sa tlholeng e le teng. Ba ne ba le karolo ya Botswana Alliance Movement le PACT mme ba ikgolaganya le UDC. Le fa go ntse jalo, BPP e tswelela go buelela gore makoko a kganetso a kopanngwe bogolosegolo ka gonne di supile fa dina le bokoa e bile di na le tshekamelo ya go tswa mo lekokong. Hash tag ya bone ya metswedi ya dikgang tsa maranyane wa sechaba wa #RonaKoBPP e ile ya amogelwa go menagane mo metsweding ya dikgang tsa maranyane ka kakaretso.

Lekoko le ne la tshwara khonkerese ya lone ya bo 50 ya ditlhopho ka fa tlase ga setlhogo se se reng " Motlotlo ka tse di fetilenf, Tshepho ya Isago", kwa go neng ga tlhophiwa Komiti-khuduthamaga e ntshwa ya Bosechaba. E ne e le lantlha e akaretsa batho go tswa dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe ka maiteko a go dira gore phathi e nne ya setshaba, go koafatsa kakanyo ya gore BPP e direla Botswana fela kwa bokone.

Melaometheo

[fetola | Fetola Motswedi]

Melawana ya di-BPP ke:

[fetola | Fetola Motswedi]
  • thotloetso ya kutlwano mo motheong wa tekatekano ya ditlhopha tsotlhe tsa merafe le/kgotsa tsa puo mo pusong ya temokerasi e e senang kgethololo ya loago, itsholelo, letso, morafe kgotsa bodumedi;
  • boitekanelo le boleng jwa botshelo;
  • tiriso e e siameng ya lefatshe le ditswa mmung tse di supilweng jaaka thoto e e tshwanang ya botlhe mo lefatsheng la rona;
  • tlamelo ya tiro le maemo a tiro a a netefatsang maemo a a kwa godimo a pereko le boitumelo jwa botlhe;
  • tshwanelo ya botshelo, kgololesego, tshireletsego le tekatekano fa pele ga molao;
  • kgololesego ya go tlhagisa maikutlo, go kopana le go kopana ka kagiso mo botshelong jwa loago, itsholelo, sepolotiki le setso;
  • kgololesego ya kobamelo

Moono wa BPP ke "Lefatshe la Rona", "Shango Yedu", le "Ilizwe nge lethu"

  1. "EISA Botswana: Political party formation and independence (1958-1966)". www.eisa.org.za. Retrieved 17 November 2017
  2. The New States of Southern Africa by J.T. Spence in The Journal of Modern African Studies, December 1967
  3. correspondent, Kushatha Tabengwa - NE. "BPP Youth vow to rebrand their party - Botswana Guardian". Retrieved 9 November 2017