Jump to content

Botswana Workers Front

Go tswa ko Wikipedia

Botswana Workers Front e ne e le phathi ya polotiki mo Botswana . Phathj e, e tlhamilwe ke Shawn Nthaile ka Lwetse ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro kwa bokopanong jo bo faphegileng kwa Mahalapye, morago ga go tlogela phathi ya Botswana National Front . [1] Nthaile o ne a bolela fa a ne a sa tsene mo maemong a a kwa godimo mo BNF ka ntlha ya morafe wa gagwe. Ka BWF Nthaile o ne a batla go rotloetsa dikgatlhego tsa babereki le tsa morafe wa gagwe wa Bakgalagadi. Letshwao la BWF e ne e le hamole le sekele . Phathi e e ne e remeletse kwa Jwaneng . Ka nako ya ditlhopho tsa palamente tsa 1994 BWF e ne ya ikopanya le United Democratic Front, e leng kopano ya diphathi tse di neng di le kgatlhanong le diphathi tse pedi tsa Botswana Democratic Party (BDP) le BNF. Ga go na ntlhopheng ope wa BWF kgotsa wa UDF yo o kgonneng go tlhophiwa. [2]

BWF e ne ya letla maloko go nna le boloko jwa diphathi tse pedi tsa BWF le BNF.

Mothusi Akanyang e ne e le tautona yo o simolotseng BWF. O tlhokafetse ka ngwaga wa dikete pedi le botlhano. [3] Ka nako eo, Nthaile o ne a bereka e le mothusa tautona wa phathi eo.

  1. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "pu".
  2. Sebudubudu, David and Bertha Z. Osie-Hwedie. https://web.archive.org/web/20220401023909/https://www.giga-hamburg.de/openaccess/afrikaspectrum/2006_1/giga_as_2006_1_sebudubudu.pdf Tempolete:Webarchive
  3. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "dn".