Jump to content

Botswana kwa Metshamekong ya Diolimpiki

Go tswa ko Wikipedia

Botswana e kile ya nna le seabe mo Metshamekong ya Diolimpiki ya Selemo e le lesome le bobedi fa e sale e simolola ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi . Lefatshe leno ga le ise e ko e nne le seabe mo Metshamekong ya Diolimpiki ya Mariga.

Botswana e ne ya gapa metlele ya ntlha kw[1]a Diolimpiking tsa Selemo tsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi ka Nijel Amos a bona selefera mo lebelong la dimetara tse makgolo a robabobedi. [2]Setlhopha sa banna sa 4 × 400 se ne sa gapa sekgele sa boronse kwa Metshamekong ya Di-Olympic ya Selemo ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi.[3]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone, motshameki Letsile Tebogo o ne a gapa seetsele sa gauta sa ntlha sa Botswana kwa metshamekong ya Olympic morago ga go fenya mo kgaisanong ya banna ya dimetara di le makgolo a mabedi, gape a nna Moaforika wa ntlha go gapa sekgele seo.[4]

Tshedimosetso ka metshameko ya Olimpiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Mmogo le dinaga tse dingwe tsa Afrika, Botswana ga e ise e tsenele metshameko ya Diolimpiki tsa Mariga. [1]

Diolimpiki tsa Selemo tsa 1980

[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana e ne ya simolola go tshameka kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedikwa Moscow.[4] Ba ne ba romela banna ba le supa mme go se na basadi go tsaya karolo mo metshamekong ya Diolimpiki tsa Selemo tsa ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi.[5]Ba ne ba se ka ba gapa metlele o le mongwe kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya Selemo ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi. [6] Baatlelete botlhe ba ne ba tsenela metshameko ya diatleletiki.[7]

  1. 1 2 "Botswana at the Olympic Games". www.topendsports.com. Retrieved 30 May 2024.
  2. "Banned runner to sell Botswana's first Olympic medal". ESPN.com. 11 May 2023. Retrieved 30 May 2024.
  3. "4X400M RELAY TEAM (TOKYO 2020 BRONZE MEDALISTS) GETS REWARDED WITH HOUSING UNITS | Botswana National Sport Commission". www.bnsc.co.bw. Retrieved 30 May 2024.
  4. 1 2 "Athletics-Botswana's Tebogo becomes Africa's first 200m champion". Reuters. 8 August 2024.
  5. "Olympedia – Botswana (BOT)". www.olympedia.org. Retrieved 1 June 2024.
  6. "Summer Olympics Medal Count - ESPN". ESPN.com. Retrieved 30 May 2024.
  7. "Olympedia – Botswana at the 1980 Summer Olympics". www.olympedia.org. Retrieved 1 June 2024.