Jump to content

Brandon Wilson (Motshamiki wa kgwele ya Dinao wa Botswana)

Go tswa ko Wikipedia

Brandon James Wilson (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e thola masome a mabedi le borobabobedi ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bosupa (1997) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa moitsanape yo o tshamekang jaaka motshameki wa mo gare wa tshireletso mo setlhopheng sa Super League Bali United.

Wilson o ne a fudugela kwa Australia a sa le mmotlana mme moragonyana a fudugela kwa England go tshamekela Burnley pele a tshamekela Stockport County. Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016), o ne a boela kwa Australia go tshamekela Perth Glory.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Wilson o tsholetswe kwa Gaborone, Botswana ke batsadi ba Maesemane mme o goletse kwa Doncaster, England go tloga a le dingwaga di le pedi. O ne a fudugela kwa Western Australia a le dingwaga di le lesome.[1]

Tiro ya go tshameka

[fetola | Fetola Motswedi]

Wilson o ne a tshamekela setlhopha sa Burnley ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le boraro (2013).[2] O ne a adimelwa kwa Stockport County ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016). [3]

Ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016), Wilson o ne a boela kwa Western Australia a baya monwana tumelano le setlhopha sa Perth Glory go tshameka mo A-League. [4]O ne a simolola go tshamekela Perth Glory ka kgwedi ya Phatwe e thola lesome ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016) fa ba ne ba fenya Brisbane Roar 2-0 mo Sejaneng sa FFA sa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016). [5]Wilson o ne a tshameka jaaka motshameki wa kwa bogareng, mme a supa fa a kgona go dira dilo tse dintsi ka go tshameka jaaka motshameki wa kwa morago wa kwa Melbourne Victory ka kgwedi ya Sedimonthole.

Ka kgwedi ya Tlhakole e thola masome a mabedi le borobabobedi ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022), Newcastle Jets e ne ya itsise gore Wilson o beile monwana tumelano le setlhopha ka tumalano ya nakwana go fitlha kwa bokhutlong jwa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021) go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) mo A-League Men.[6]

Tiro ya boditšhabatšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015), Wilson o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Australia sa ba baya ka fa tlase ga dingwaga di le masome a mabedi (20) go ya kwa Laos go tsenela dikgaisano tsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016) AFC U-19 Championship. [7]O ne a tshamekela setlhopha sa gagwe sa ntlha ka go fenya Laos.[8] 9Gape o na le tshwanelo ya go emela Botswana le Engelane kwa maemong a maemo a a kwa godimo.[9]

Ka kgwedi ya Ngwanatsele wa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le boferabongwe (2019), e ne e le mongwe wa batshameki ba le bane ba ba neng ba kgaotswe ke Australia U23 ka ntlha ya "boitshwaro jo bo sa siamang".[10]

Ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023), o ne a bitswa go tshameka mo setlhopheng sa bo setšhaba sa Botswana mme ga a ise a kgone go tshameka ka ntlha ya mathata a go bona boagi jwa Botswana le go amogela phaseporoto ya Botswana jaaka moagi wa Australia, ka Botswana ga jaana e sa letlelele boagi jwa bobedi. Le fa go ntse jalo, Wilson o tsere karolo mo dikampeng tsa katiso le setlhopha.[11][12]

Perth Glory

A-League: Ditona 2018-2019

  1. Burnley's boys from Down Under". FourFourTwo. 9 February 2014. Archived from the original on 11 September 2016. Retrieved 18 August 2016
  2. "Burnley's Brandon Wilson keeping options open". FourFourTwo. 9 February 2014. Archived from the original on 11 September 2016. Retrieved 18 August 2016.
  3. Aussie Wilson links up with Stockport". Clitheroe Advertiser and Times. 28 March 2016. Retrieved 18 August 2016.
  4. Perth Glory signs WA-bred midfielder Brandon Wilson with English side Burnley". The Sunday Times. 1 July 2016. Retrieved 18 August 2016.
  5. "Brisbane Roar FC vs Perth Glory, FFA Cup, Round of 32, 10th Aug 2016". 31 July 2017
  6. Gardiner, James (28 February 2022). "Former Olyroo to add starch to Jets midfield". The Newcastle Herald. Retrieved 28 February 2022.
  7. Young Socceroos squad named for upcoming AFC U19 Championship Qualifiers in Laos". Fox Sports. 25 September 2015. Retrieved 18 August 2016
  8. "Laos 0–2 Australia". Asian Football Confederation. 4 October 2015. Retrieved 18 August 2016.
  9. "I would love to play for the Zebras – Wilson". 25 August 2016. Retrieved 26 October 2016.
  10. Four Australia Under-23 players banned after complaint from woman". BBC Sport. 19 November 2019.
  11. Mosekiemang, Kenneth (5 December 2023). "Immigration Law Delays Wilson's Zebras Debut". Weekend Post. Archived from the original on 14 December 2023. Retrieved 17 April 2024.
  12. Dube, Mqondisi (10 February 2024). "No progress in Wilson's citizenship push". Mmegi Online. Retrieved 17 April 2024.