Brigid Kosgei
Brigid Jepchirchir Kosgei (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi (20) ka ngwaga wa 1994) [1]ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng ka marathone. O fentse Chicago Marathons ka ngwaga wa 2018 le ngwaga wa 2019, London Marathons ka ngwaga wa 2019 le ngwaga wa 2020 le Tokyo Marathon ka ngwaga wa 2021. Kosgei e ne e le motho yo o tshotseng rekoto ya lefatshe ya marathone mo basading ba ba neng ba taboga mo kgaisanong e e tswakaneng ya bong, ka nako ya 2:14:04 e e fitlheletsweng ka kgwedi ya Phalane e le lesome boraro (13) ka ngwaga wa 2019 kwa Chicago Marathon. [2]O ne a gapa sekgele sa selefera mo kgaisanong ya marathone kwa Diolimpiking tsa Tokyo tsa ngwaga wa 2020.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Brigid Jepchirchir Kosgei o goletse kwa Elgeyo-Marakwet County, Kenya, mme o na le bana ba le barataro.[3] Kgaitsadie e bong Pamela ke motabogi wa kgaisano ya go taboga ka tsela e e tseneletseng.[4]Fa a ne a le dingwaga di le lesome le bosupa (17), Kosgei o ne a simolola go taboga, a thapisiwa ke lekau la gagwe le jaanong e leng monna wa gagwe e bong Matthew Kosgei.[3]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Kosgei o ne a fetsa mo maemong a bobedi mo metshamekong e le robongwe ya ntlha ya marathone e a neng a e taboga.[5]O ne a tla la bobedi kwa Lisbon Marathon ya ngwaga wa 2016 morago ga mo-Kenya Sarah Chepchirchir, ka nako e e gaisang ya 2:24:45. Nako ya gagwe e ne e le e e bonako go feta rekoto ya gagwe ya pele.[6][7] Ka ngwaga wa 2017, Kosgei o ne a fenya Bogotá Half Marathon, mme a nna wa boraro kwa Copenhagen Half Marathon.[8] O ne a nna wa bobedi kwa Chicago Marathon ka ngwaga wa 2017 ka nako e e gaisang ya 2:20:22.[5][9]Nako ya gagwe e ne e le ya borataro e e bofefo go gaisa mo Chicago Marathon.[8] Dibeke morago ga moo, o ne a fenya Honolulu Marathon, a fenya rekoto ya lebelo ka metsotso e le metlhano.[5]Ka ngwaga wa 2018, Kosgei o ne a nna wa bobedi kwa London Marathon morago ga Vivian Cheruiyot. Morago ga go ikgobatsa ka nako ya Bogotá Marathon, Kosgei o ne a swetsa go taboga Great North Run, gore a tle a ikatise pele ga Chicago Marathon ya ngwaga wa 2018. O ne a fetsa tiragalo eo a le wa bobedi, a le kwa morago ga Cheruiyot. [5][9]Kosgei o ne a fenya Chicago Marathon, morago ga go kgaogana le setlhopha sa ba bangwe ba le babedi ba ba tswang kwa Kenya le ba le bararo ba ba tswang kwa Ethiopia morago ga 30 - 35 kilometres (19 -22 mi) ya lobelo. O ne a tlhoma nako e e gaisang ya gagwe ya 2:18:35.[5][9][10]Ka ngwaga wa 2018, Kosgei o ne gape a fenya kgaisano ya go kgabaganya naga kwa Eldoret, Kenya,[11] le Kalya Half Marathon kwa Kapenguria, Kenya.[12][13]
Kosgei o ne a fenya London Marathon ya ngwaga wa 2019 mme a nna mosadi yo monnye go gaisa yo o fentseng mo kgaisanong eo. [14]Nako ya gagwe ya 2:18:20 e ne e le nako ya boraro e e gaisang kwa Lontone morago ga Paula Radcliffe ka ngwaga wa 2005 ka 2:17:42 le Mary Keitany ka 2017 ka rekoto ya lefatshe ya 2:17:01. Kwa kgaisanong ya ngwaga wa 2019 Great North Run, Kosgei o ne a fenya ka nako ya 1:04.28, e e neng e le metsotswana e le masome a mabedi le boraro (23) go feta rekoto ya lefatshe ya half marathon e e neng e tlhomilwe ke Joyciline Jepkosgei.[15]
O ne a fenya Chicago Marathon wa ngwaga wa 2019 ka kgwedi ya Diphalane e le esome le boraro (13) ka ngwaga wa 2019 ka nako ya rekoto ya lefatshe ya 2:14:04, go tokafatsa rekoto ya gagwe ka metsotso e e fetang 4.[16]O ne a fenya rekoto ya lefatshe ya pele ka metsotswana e le 81,[17]mme o ne a le kwa pele ga Ababel Yeshaneh ka metsotso e le merataro.[2] Kosgei o ne a rwala ditlhako tsa Nike tse di neng di dirilwe ka tsela e e kgethegileng, tse go neng go bolelwa gore di ne tsa mo naya sebaka sa metsotso e le 60 go ya go e le 90.[18]Moragonyana mo ngwageng oo, o ne a fenya 15 km Saint Silvester Road Race ka nako ya 48:54.[19]
Ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2020, Kosgei o ne a feletsa a le mo maemong a bobedi morago ga Yeshaneh kwa Ras Al Khaimah Half Marathon. Nako ya ga Kosgei ya 1:04:49 e ne e le metsotswana e le mebedi botoka go feta rekoto ya lefatshe ya pele.Nako ya ga Kosgei le Yeshaneh ya 30:18 morago ga dikilometara tse 10 tsa lobelo e ne e le bonya ka motsotswana o le mongwe fela go feta nako e e kwa godimo e e beilweng mo kgaisanong ya 10,000m ka ngwaga wa 2019. Moragonyana mo ngwageng oo, Kosgei o ne a fenya kgaisano ya ngwaga wa 2020 London Marathon ka metsotso e e fetang e le meraro. [20]Kosgei o ne a kgaogana le setlhopha seo mo lobelong lwa dikilometara di le masome a mabedi le boferabongwe (29) mme a nna kwa pele mo lobelong lotlhe. O weditse ka nako ya 2:18.58.[21]
Pele ga go busediwa morago ga metshameko, Kosgei o ne a tlhophilwe go etelela pele setlhopha sa basadi sa marathone sa Kenya sa Metshameko ya Di-Olimpiki ya Selemo ya ngwaga wa 2020 kwa Tokyo, Japane. Baatlelete ba bangwe ba ba tlhophilweng mo setlhopheng e ne e le Cheruiyot le Ruth Chepng'etich.[22] Ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2021, Kosgei o ne a tlhomamisiwa mo setlhopheng sa marathone sa Kenya sa Diolimpiki tsa Selemo tsa ngwaga wa 2020 tse di neng di rulagantswe gape, mmogo le Cheruiyot, Chepng'etich le Peres Jepchirchir. E ne e le lekgetlo la ntlha Kosgei a tlhagelela kwa Diolimpiking. O ne a fetsa a le mo maemong a bobedi morago ga Jepchirchir. Moragonyana mo ngwageng oo, o ne a tla mo maemong a bone kwa London Marathon ya ngwaga wa 2021. [23]Ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2022, Kosgei o ne a fenya Tokyo Marathon wa ngwaga wa 2021 ka nako ya 2:16:20, e leng nako ya boraro e e bofefo go gaisa tsotlhe.[24]
Kwa ADNOC Abu Dhabi Marathon 2024, Kosgei o ne a roba rekoto ya tsela ka nako ya 2:19:15.[25]
Diphelelo
[fetola | Fetola Motswedi]Tshedimosetso yotlhe e tswa mo World Athletics profile fa e se fela fa go tlhalositswe ka tsela e nngwe.[1]
| Year | Date | Competition | Location | Rank | Time |
|---|---|---|---|---|---|
| 2015 | 8 November | Porto Marathon | Porto | 1st | 2:47:59 |
| 2016 | 3 April | Milano City Marathon | Milan | 1st | 2:27:45 |
| 2 October | Lisbon Marathon | Lisbon | 2nd | 2:24:45 | |
| 11 December | Honolulu Marathon | Honolulu | 1st | 2:31:11 | |
| 2017 | 17 April | Boston Marathon | Boston | 8th | 2:31:48 |
| 8 October | Chicago Marathon | Chicago | 2nd | 2:20:22 | |
| 10 December | Honolulu Marathon | Honolulu | 1st | 2:22:15 | |
| 2018 | 22 April | London Marathon | London | 2nd | 2:20:13 |
| 7 October | Chicago Marathon | Chicago | 1st | 2:18:35 | |
| 2019 | 28 April | London Marathon | London | 1st | 2:18:20 |
| 13 October | Chicago Marathon | Chicago | 1st | 2:14:04 | |
| 2020 | 4 October | London Marathon | London | 1st | 2:18:58 |
| 2021 | 7 August | Olympic Games | Sapporo | 2nd | 2:27:36 |
| 3 October | London Marathon | London | 4th | 2:18:40 | |
| 2022 | 6 March | Tokyo Marathon | Tokyo | 1st | 2:16:20 |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Brigid Kosgei – Athlete Profile". World Athletics. Retrieved 27 September 2022
- 1 2 Futterman, Matthew (13 October 2019). "Kenya's Brigid Kosgei Breaks Marathon World Record". The New York Times. p. D6. ISSN 0362-4331.
- 1 2 Karoney, Celestone (20 October 2019). "Kenya's Brigid Kosgei: School dropout, mother of twins and world record-holder". BBC News. Archived from the original on 26 January 2020. Retrieved 26 January 2020.
- ↑ Henderson, Jason (18 February 2023). "Senayet Getachew sprints to under-20 women's world cross title". Athletics Weekly. Retrieved 13 October 2023.
- 1 2 3 4 5 "Kenya's Brigid Kosgei wins Chicago Marathon". Daily Nation. 7 October 2018. Archived from the original on 27 March 2019. Retrieved 14 October 2019
- ↑ "Chepchirchir breaks marathon course record in Lisbon". IAAF. 2 October 2016. Archived from the original on 3 April 2019. Retrieved 14 October 2019.
- ↑ Musso, Marisso (2 October 2017). "2017 Chicago Marathon Elite Runner: Brigid Kosgei". WMAQ-TV. Archived from the original on 28 March 2019. Retrieved 14 October 2019
- 1 2 "Brigid Kosgei Wins 2018 Bank of America Chicago Marathon Women's Race". WMAQ-TV. 7 October 2018. Archived from the original on 13 October 2019. Retrieved 14 October 2019.
- 1 2 3 "Mo Farah claims first marathon win in Chicago". BBC Sport. 7 October 2018. Archived from the original on 9 April 2019. Retrieved 14 October 2019.
- ↑ Strout, Erin (7 October 2018). "Big Move Pays Off for 2018 Chicago Marathon Champion Brigid Kosgei". Runner's World. Archived from the original on 18 July 2019. Retrieved 14 October 2019
- ↑ Rotich, Bernard (28 January 2018). "Fast-rising Kosgei, Kipchirchir claim Discover cross-country titles". Daily Nation. Archived from the original on 14 October 2019. Retrieved 14 October 2019.
- ↑ "Brigid Kosgei wins Kalya Half Marathon". Daily Nation. 8 December 2018. Archived from the original on 14 October 2019. Retrieved 14 October 2019
- ↑ Fetha, Buckley (10 December 2018). "Brigid Kosgei crowned Kalya Half Marathon Champion". Kenya Broadcasting Corporation. Archived from the original on 14 October 2019. Retrieved 14 October 2019
- ↑ "London Marathon: Eliud Kipchoge and Brigid Kosgei win men and women's elite races". The Guardian. 28 April 2019. Archived from the original on 2 October 2019. Retrieved 14 October 2019
- ↑ "Great North Run: Mo Farah wins record sixth straight title". bbc.co.uk. 8 September 2019. Archived from the original on 14 October 2019. Retrieved 14 October 2019
- ↑ "Leichtathletik – Chicago-Marathon: Brigid Kosgei stellt Weltrekord auf". www.ran.de (in German). 13 October 2019. Archived from the original on 13 October 2019. Retrieved 14 October 2019
- ↑ "London Marathon 2020: Women's world record holder Brigid Kosgei to defend title". BBC Sport. 13 January 2020. Archived from the original on 26 January 2020. Retrieved 26 January 2020
- ↑ Ingle, Sean (13 October 2019). "I can go quicker, says Brigid Kosgei after smashing Paula Radcliffe's world record". The Guardian. Archived from the original on 1 March 2020. Retrieved 26 January 2020
- ↑ "Early celebration proves costly in San Silvestre de Sao Paulo race". NBC Sports. 31 December 2019. Retrieved 3 November 2021.
- ↑ Dutch, Taylor (21 February 2020). "Ababel Yeshaneh Breaks Half Marathon World Record in Ras Al Khaimah". Runners World. Archived from the original on 24 February 2020. Retrieved 24 February 2020.
- ↑ "London Marathon 2020: Eliud Kipchoge beaten as Shura Kitata takes title". BBC Sport. 4 October 2020. Retrieved 4 October 2020
- ↑ Ayodi, Ayumbu (31 January 2020). "Kipchoge, Kosgei to lead Kenya's Olympic marathon team". Daily Nation. Archived from the original on 24 February 2020. Retrieved 24 February 2020.
- ↑ "Athletics – Final Results". Olympics.com. 7 August 2021. Archived from the original on 8 August 2021. Retrieved 7 August 2021
- ↑ "Eliud Kipchoge and Brigid Kosgei Win Tokyo Marathon". Runner's World. 6 March 2022. Retrieved 6 March 2022
- ↑ "Brigid Kosgei Breaks Course Record In Abu Dhabi With Eyes On Second Olympics". 16 December 2023. Retrieved 31 January 2024.