Burkina Faso
Burkina Faso ke landlocked country mo West Africa,[1]le na le melelwane go bapa le Mali go ya kwa bokone-bophirima,Niger go ya kwa bokone-botlhaba,Benin go ya kwa borwa-botlhaba,Togo le Ghana go ya kwa borwa,le Ivory Coast go ya kwa borwa-bophirima.E akaretsa lefelo le le kanang ka 274,223 km^2(10,878 sq mi).Ka ngwaga wa 2024 lefatshe le ne nale batho ba ka tshwara 23,286,000.[2]Le ne pele le bidiwa Republic of Upper Volta(1958-1984),la bidiwa Burkina Faso ke tautona wa pele president Thomas Sankara.Baagi ba lone ba ne ba itsiwe ka Burkinabe,capital le toropo kgolo ya bone Ouagadougou.
Setlhopa se segolo sa merafe mo Burkina Faso ke Mossi people,ba ba nnileng mo lefelong ka makgolokgolo a dingwaga a 11th le 13th.Ba ne ba dira kingdoms tse di maatla di akaretsa Ouagadougou,Tenkodogo,le Yatenga.Ka ngwaga wa 1896 e ne ya lwantshana le French e le nngwe ya tsa French West Africa;ka 1958,Upper Volta e ene ya nna self-governing colony mo gare ga French Community.Ka ngwaga wa 1960,le ne la tsaa boipuso le Maurice Yameogo e le tautona.Fa e sale jaaaka le tsaa boipuso,lefatshe le en le ikaegile ka go sa tlhomamang,droughts,le tshenyetso sechaba.Go ne gape go santse go na le coups tse di farologaneng ka 1966,1980,1982,1983,1987 le gabedi ka 2022 mo kgweding tsa (January le September).Go ne gape go na le go sokologela mo go neng go sa kgonagala go diragala ka 1989,2015 le 2023.
Thomas Sankara o ne a tla mo pusong morago ga go menola puso ka katlego ka ngwaga wa 1983.Jaaka e le tautona,Sankara o simolotse ka dikeletso le diphetogo tse di masisi tsa socioeconomic tse di neng di akaretsa campaign ya lefatshe lotlhe ya literacy,land redistribution go ya ko ba peasants,mekento ya bana ba feta 2 million,dikago tsa ditsela tsa diterena le ditsela,tekatekanyo ya thuto,le go tseela kwa thoko ga female genital mutilation,forced marriages, le polygamy.O ne a nna tautona wa lefatshe go fitlhelela ka ngwaga wa 1987 fa a nyelediwa a bo a bolawa ka go menola puso mo go neng go eteletswe pele ke Blaise Compaore, o o neng a nna tautona a bo a etelela pele lefatshe go fitlha his removal on 31 october 2014.
Ga e sale ka bogare jwa dingwaga tsa bo 2010,Burkina Faso o ne a amilwe thata ke tlhatlhogo ya botsoulodi mo Sahel.Masole a le mmalwa,ba ba tswang bontlhabongwe le Islamic State kana al-Qaeda,operate in Burkina Faso le go kgabaganya mololwane mo Mali le Niger.Go feta milione o le mongwe wa baagi ba naga ba lefatshe ba le dimilione di le masome a mabedi le bongwe ke internally displaced pesons.Burkina Faso's military e ene ya tsaa maatla mo coup d'etat on 23 and 24 January 2022,go bo go menolwa Tautona Roch Marc Kabore.Ka kgwedi a Firikgong e tlhola malatsi a le masome a mararo le bongwe,sesole sa junta se ne sa buseletsa molao-motheo le go baa Paul-Henri Sandaogo Damiba e le tautona wa nakwana,mme o ne gape e ntse e le ene a menolwa mo second coup on 30 September go bo go tsena moeteledipele wa sesole Ibrahim Traore.[3]
References
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Central_Intelligence_Agency
- ↑ "World Population Prospects 2024" (PDF). Department of Economic and Social Affairs, United Nations. 2024.
- ↑ "Burkina Faso restores constitution, names coup leader president". www.aljazeera.com. Retrieved 31 January 2022.