Caitlin Clark
Caitlin Elizabeth Clark (yo o tshotsweng ka Firikgong a le masome mabedi le bobedi ka 2002) ke motshameki wa baseketebolo wa mo Amerika yo o tshamekelang Indiana Fever ya Women's National Basketball Association (WNBA). O tshamekile baseketebolo ya sekolo sa ithutelo ditiro sa Iowa Hawkeyes mme o tsewa e le mongwe wa batshameki ba bagolo ba baseketebolo ya sekolo sa ithutelo ditiro. Ke moeteledipele wa go nosa dino wa NCAA Division I gape o ne a nna motshameki wa bosetshaba wa ngwaga gabedi fa a sa le kwa Hawkeyes. Esale ka tiro ya gagwe ya sekolo sa ithutelo ditiro, o thusitse baseketebolo ya basadi, mo tiragalong e e itsegeng ka go bidiwa "Caitlin Clark effect".
Clark o tsene sekolong se segolo sa Dowling Catholic High School kwa motseng wa gaabo wa West Des Moines, Iowa, kwa a neng a bidiwa McDonald's All-American[1] mme a nna motshameki wa bone yo o gaisang mo setlhopheng sa gagwe ke ESPN.[2] Mo setlheng sa gagwe le Iowa, o ne a etelela pele NCAA Division I mo go noseng a bo a fiwa tlotla ya All-American. Fa a le mo ngwageng wa bobedi, Clark o ne a tlhophiwa mo setlhopheng sa ntlha sa All-american go sa oshaoshiwe[3] gape a fetoga motshameki wa ntlha wa basadi go etelela pele mo dintlheng le dithuso mo setlheng se le sengwe. Mo setlheng sa gagwe sa boraro, o ne a nna motshameki wa bosetshaba wa ngwaga. O ne a etelela Iowa pele go kwa motshamekong wa bone wa ntlha wa bosetshaba. Clark gape o ne a eteletse pele tiro ya Division I ya basadi le ya go nna moetapele mo setlheng sele sengwe ka dintlha le ka dino tse tharo gangwe mme gape a roba rekote ya dingwaga tsotlhe ya kgaolo ya go thusa dino, mme gape a etelela pele setshaba ka dintlha le dithuso.
Kwa maemong a boditshabatshaba a bonana, Clark o ne a fenya dietsele di le tharo tsa gauta le United States, go akaretsa tse pedi kwa FIBA Under-19 Women's World Cup, kwa a neng a bidiwa Most Valuable Player ka 2021.
Ka 2024, O ne a tlhophiwa e le wa ntlha ka kakaretso ke Indian Fever ka ngwaga wa 2024. Ka setlha sa gagwe sa ntlha, o ne a fenya tlotla ya WNBA Rookie of the Year mme gape a tsena mo setlhopheng sa ntlha sa All-WNBA le WNBA All-Star Game. O ne a tlhoma rekote ya metshameko ya setlha se le sengwe le ya motshameko o le mongwe mo dithusong, a thuba rekote ya motshameki yo mosha ya dintlha tse di nositsweng, mme gape a nna motshameki yo mosha go dira triple-double.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Rain, Matthew (January 23, 2020). "Dowling Catholic's Caitlin Clark, an Iowa recruit, named McDonald's All-American". Des Moines Register. Retrieved 9 March 2025.
Clark is the first Iowa girl selected to the McDonald's All-American Game since 2011, when Linn-Mar's UConn-bound Kiah Stokes received the honor.
- ↑ "Caitlin Clark (high school)". ESPN. ABC. Retrieved 9 March 2025.
- ↑ Linder, Jeff (March 16, 2022). "Associated Press unanimously tabs Iowa's Caitlin Clark as a first-team All-American". The Gazette. Cedar Rapids, Iowa. Retrieved 9 March 2025.