Candace Parker
Candace Nicole Parker (yo o tshotsweng ka Moranang a le lesome le boferabongwe ka 1986), wa leina la matshamekwane la "Ace",[1] ke motshameki wa pele wa baseketebolo ya porofeshenale wa kwa Amerika. E ne e le mongwe wa batshameki ba ba tumileng go gaisa ba WNBA ka nako tsotlhe,[2][3] o ne a tlhophiwa lekgetlho la ntlha ka kakaretso ka 2008 WNBA draft ke ba Los Angeles Sparks.[4] O ntse ditlha di le lesome le boraro kwa Sparks, ditlha tse pedi le Chicago Sky, le setlha se le sengwe le Las Vegas Aces, a fenya bommapodi le ditlhopha tsotlhe tseo.
Motshameki yo o pharologanyo, Parker o ne a tshameka kwa pele le fa gare. Kwa sekolong se segolwane, Parker o ne gapa sekgele sa 2003 le 2004 Gatorade National Girls Basketball Player of the Year Awards, a fetoga go nna motshameki wa legato la boraro wa bobedi le mosadi a le nosi yo o kileng a amogela Gatorade Basketball Player of the Year Award gabedi. Fa e le motshameki wa yunibesiti ya kwa Tennessee, o ne a etelela pele setlhopha go fenya bommampodi mo dingwageng tse pedi ka tatelano (2007, 2008), o ne a bidiwa motshameki yo o gaisang ke Final Four mo makgetlhong ao otlhe ka bobedi. Fa ele redshirt freshman, o ne a nna mosadi wa ntlha go dunk mo motshameko wa dikgaisano tsa NCAA le go nna dunk gabedi mo motshamekong wa sekolo sa ithutelo tiro.[5] Morago ga go tlhophiwa mo WNBA Draft, Parkerr o ne a saena tumalano e telele le Adidas le Gatorade.[6][7]
Ka 2016, Parker o ne a isa Sparks kwa go fenyeng WNBA Finals ya bone ya ntlha esale ka 2002 mme a fenya WNBA Finals MVP Award. Ka 2021, o ne a thusa Sky go fenya bommampodi jwa bone jwa ntlha. Parker o ne a fenya ditlotla tse pedi tsa WNBA Most Valuable Player Awards (2008, 2013), WNBA All-Star Game MVP Award (2013), digauta tse pedi tsa diOlimpiki (2008, 2012), le WNBA Rookie of the Year Award (2008). O ne a tlhophiwa mo ditlhopheng di le thataro tsa All-WNBA le ditlhopha tse tlhano tsa All-Star, mme ya nna motshameki wa ntlha go fenya Rookie of the Year le ditlotla tsa MVP mo setlheng se le sengwe.[8] Parker o ne a nna motshameki wa bobedi go dunk mo motshamekong wa WNBA ka Seetebosigo a le masome mabedi le bobedi ka 2008.[9][10]
Fa e sa le ka 2018, Parker o ntse e le mogasi le motoloki wa TNTSports, a tlamela ka kgaso ya metshameko ya NBA mo TNT le NBA TV le metshameko kgaisano ya NCAA men's basketball tournament.[11]
Morago ga go tlogela tiro ka Dikgakologo tsa 2024 Parker o ne a tlhophiwa go nna tautona wa baseketebolo ya bomme ya Adidas.[12][13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Creative, Paradowski. "Adidas". Paradowski Creative. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Ranking the 25 greatest players in WNBA history". ESPN.com. September 21, 2021. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Singh, Abhishek (January 31, 2022). "Top 10 Greatest WNBA Players of all Time". Chase Your Sport. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "2008 WNBA Draft". WNBA.com - Official Site of the WNBA. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Offseason 2008-09: Overseas Roster". Wnba.com. January 8, 2009. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Rovell, Darren (April 22, 2008). "Parker Signs With Adidas and Gatorade". CNBC. Archived from the original on July 18, 2008. Retreived 23 February 2025.
- ↑ "Candace Parker Signs Endorsements With Gatorade, Adidas". www.sportsbusinessdaily.com. Archived from the original on January 5, 2018. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Sparks' Parker wins MVP, rookie of year honors". ESPN.com. October 3, 2008. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Parker has opportunity to declare for '07 WNBA draft". Sports Illustrated. March 22, 2007. Archived from the original on October 26, 2012. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Gutierrez, Melody (April 2, 2007). "College stars boost WNBA draft suspense". The Sacramento Bee. Archived from the original on February 7, 2008. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Candace Parker, Turner Sports reach multiyear extension". NBA.com. September 9, 2019. Archived from the original on May 10, 2021. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Hess, AJ (May 8, 2024). "Retiring WNBA legend Candace Parker is the new president of Adidas women's basketball (exclusive)". Fast Company. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Richard, Brandon (May 8, 2024). "WNBA legend Candace Parker earned her stripes in long partnership with Adidas". Andscape. ESPN Enterprises, Inc. Retrieved 23 February 2025.