Carmelita Jeter
Carmelita Jeter (ˈdʒɛtər / JET-tər, yo o tshotsweng ka Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ka 1979) ke motabogi wa mabelo a makhutswane wa pele wa kwa Amerika, yo o neng e gaisana mo mabelong a sekgele sa 60 m, 100 m le 200 m. Mo dingwageng di feta lesome, magareng ga 2009 le 2021, Jeter o ne a bidiwa "mosadi yo o lobelo go gaisa botlhyo o tshelang" fa a sena go taboga 100 m ya gagwe e e gaisang ka metsotswana e le 10.64 ka 2009 Shanghai Golden Grand Prix. Mo 100 m, e ne e le mmampodi wa lefatshe wa 2011 le mofenyi wa setsele sa selefera kwa diolimpiki tsa 2012.
O ne a fenya boronse ya 100 m mo dikgaisanyong tsa 2007 World Championships in Athletics le gauta kwa makgaolakgannyeng a World Athletics Final. Ka 2009, o ne a fenya boronse ya bobedi ya World Championship. Nako ya gagwe e e gaisang ya metsotswana e le 10.64 e dira gore a nne mosadi wa bone yo o gaisang mo lebelong la sekgele sa 100 m, fa morago ga rekote ya lefatshe e e ntseng lebaka ya ga Florence Griffith Joyner, le nako ya ga Elaine Thompson-Herah ya 10.54 le ya ga Shelly-Ann Fraser-Pryce ya 10.60.[1]
Ka Motsheganong wa 2023, o ne a begiwa e le mokatisimogolo wa mabelo le mabelo a go ralala lefatshe kwa University of Nevada, Las Vegas (UNLV).[2]
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Jeter o tshotswe ka Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ka 1979.[3]
Jeter o ne a tsena sekolo se segolwane sa Bishop Montgomery High School kwa Torrance, California.[4] Kwa tshimologong, baseketebolo e ne e le one motshameko o o ratwang thata mo lelwapeng la bone, mme morwarraagwe yo mmotlana, Eugene, moragonyana o ne a ya kwaSacramento Kings. Mokatisi wa gagwe wa baseketebolo a mo kopa gore a leke mabelo, mme nako ya gagwe 11.7 ya rurifatsa talente ya gagwe ya tlhago ya mabelo a makhutshwane.[5] Jeter o alogile kwa California State University, Dominguez Hills, e e kwa Carson, California, ka digrata tsa bachelor mo thutong ya ikatiso mmele. Jeter o ne a tlhoma rekote o ya dietsele tse dintsi tsa NCAA tse di fentsweng ke motabogi wa CSUDH mme a nna moithuti wa ntlha wa yunivesithi go iponna phatlha kwa ditekong tsa Diolimpiki tsa Amerika. Kgobalo ya mosifa e e neng e ipoeletsa mo go ene e ne ya montsha mo go gaisaneng ka 2003 - 05, mme go ne ga tsaya lebaka go fitlha ka 2007 fa a bonatsa botswerere jwa gagwe mo mabelong a ba golwane, morago ga go alafiwa ka tshidilo ya ka kwa teng.[6]
Katlego ya boditshabatshaba
[fetola | Fetola Motswedi]
Ka 2007, Jeter o ne a fenya seetsele sa selefera mo lebelong la 60 m kwa USA Indoor Track and Field Championships ka nako e e gaisang ya gagwe ka metsotswana e le 7.17,[7] mme o ne a nna mo fomong e e siameng, a tokafatsa 100 m go fitlha go metsotso e le 11.04 go tsaya maemo a bone mo 100 m ka kgaisano ya Adidas Track Classic.[5] Go agela mo go seo, o ne a iponna phatlha kwa kgaisanong ya gagwe ya ntlha e kgolo ya ka go fetsa mo maemong a boraro kwa dikgaisanyong tsa bosetshaba fa morago ga Torri Edwards le Lauryn Williams.[8] O ne a tswelela go gapa seetsele sa boronse kwa dikgaisanyong tsa World Championships ka nako e e gaisang ya gagwe ya metsotswana e le 11.02, mmogo le go tsaya gauta ya 100 m kwa makgaolakgannyeng a 2007 World Athletics Final.
Mo ngwageng o o latelang, o ne a gaisana kwa ditekong tsa 100 le 200 m tsa diolimpiki tsa Amerika. Le fa a ne a tlhoma nako ya metsotso e le 10,97 mo makgaolakgannyeng a kotara,[9] ga a ka a tswelela go feta sekamakgaolakgang, a fetsa makgolo a le mabedi fela kwantle ga mo maemo a go fetela kwa pele.[10] Go fetsa mo maemong a borataro mo 200 m gone ga raya fa a sa kgone go nna karolo ya setlhopha sa 2008 Summer Olympics, le fa e le mongwe wa ba ba neng ba solofetswe go tlhophiwa.[11] O ne a iponna phatlha ya 100 le 200 m kwa kgaisanong ya 2008 World Athletics Final, mme o ne a kgona fela maemo a bone le a botlhano, ka go latelana. O ne a fetola mokatisi ka Ngwanatsele, a tsaya tshwetso ya go bereka le John Smith, yo o neng a kile a katisa batabogi ba ba tshwanang le Maurice Greene. Smith o ne a simolola ka go bopa motlhale o Jeter a neng a taboga ka one.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "IAAF: 100 Metres - men - senior - outdoor - 2018 - iaaf.org". iaaf.org. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "UNLV Selects Carmelita Jeter To Lead Its Track & Field And Cross Country Programs". University of Nevada Las Vegas Athletics. May 25, 2023. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Crystal Palace AVIVA London Grand Prix | Results | World Athletics". worldathletics.org. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Former BMHS, CSDH standout Jeter edges Lee for U.S. women's 100 title". Daily Breeze. MNG. June 27, 2009. Archived from the original on August 17, 2009. Retrieved 23 February 2025.
- 1 2 3 Arcoleo, Laura (September 13, 2009). Jeter's rise continues, all the way to 10.67! – IAAF / VTB Bank World Athletics Final. IAAF. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Carmelita Jeter Biography. USATF. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ 2007 US Indoor Championships Women 60 Meter Dash. USATF. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ 2007 US Championships Women 100 Meter Dash. USATF. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Women 100 Meter Dash quarterfinals results. USATF. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Women 100 Meter Dash semifinals results. USATF. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Women 200 Meter Dash final results. USATF. Retrieved 23 February 2025.