Caroline Kilel
Caroline Cheptanui Kilel(o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le bongwe (21)ka ngwaga wa 1981) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng ka dikgaisano tsa go taboga mo tseleng. E ne e le mofenyi kwa Marathone wa Boston wa ngwaga wa 2011 le kwa Marathone wa Frankfurt ka ngwaga wa 2010 le ngwaga wa 2013. Kilel o ne a tsaya mmentlele wa selefera mo marathoneng kwa Metshamekong ya Kgweranoditšhaba ya ngwaga wa 2014.
Gape o fentse dimarathone kwa Ljubljana, Taipei, Nairobi le Palermo. Nako ya gagwe e e gaisang mo sekgaleng seno ke 2:22:34 e e neng ya dirwa kwa Frankfurt ka ngwaga wa 2013, mme nako e e gaisang ya gagwe mo halofong ya mmarathone ke 1:08:16 .
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa go Kgabaganya Naga tsa ngwaga wa 2003 o ne a nna mo maemong a borobedi mo lobelong lo loleele, fa setlhopha sa Kenya, se Kilel e neng e le karolo ya sone, se ne sa gapa mmentlele wa selefera mo kgaisanong ya ditlhopha. Fa a sena go nna wa bobedi kwa Marathone wa Venice wa ngwaga wa 2003 le kwa Marathone wa Prague wa ngwaga wa 2004, o ne a fenya lobelo lwa gagwe lwa ntlha mo sekgaleng se se tlwaelegileng kwa Marathone wa Toropo ya Palermo, a kgaola metsotso e e fetang metlhano mo rekotong ya pele ya lobelo ka nako ya gagwe ya 2:31:15.[1][2]O ne a fetsa mo maemong a le lesomethataro kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Halofo ya Marathone tsa IAAF tsa ngwaga wa 2005 mme a fenya Marathone wa Nairobi mo ngwageng oo. Mo dikgaisanong tse dingwe, o ne a fenya Mmarathone wa Semi-Marvejols-Mende mme a nna mo maemong a bosupa kwa Mmarathoneng wa Hamburg.[1]
O ne a simolola go tlhoma mogopolo fela mo ditiragalong tsa mo tseleng go tloga ka ngwaga wa 2006 go ya pele. O ne a nna le maemo a mararo a a kwa godimo kwa Marathone wa Dublin le kwa Marathone wa Prague mo ngwageng oo mme a tlhoma nako e e kwa godimo ya halofo ya marathone ya 1:10:45 go fenya Tabogo e Kgolo ya Scotland.[3]Setlha sa gagwe sa ngwaga wa 2007 e ne e le se se kwa tlase, ka a ne a le kwa ntle ga ba le batlhano ba ba kwa godimo kwa RAK Half Marathon le kwa Seoul International Marathon kwa tshimologong ya ngwaga mme a se ka a gaisana morago ga kgwedi ya Mopitlwe.[4]O ne a boela mo tirong ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2008 mme o ne a le mo seemong se se siameng; o ne a dira maiteko a gagwe a a kwa godimo a go fenya Halofo ya Marathone wa Pune mme morago ga moo a taboga nako ya gagwe ya bobedi ka lobelo lo lo kwa godimo go gaisa tsotlhe mo marathoneng (2:30:44) go tsaya sekgele kwa Marathone wa Boditšhabatšhaba wa Taipei.[1][5]
Ka ngwaga wa 2009, o ne a nna wa boraro kwa lebelong la BIG 25 la Berlin mme o ne a tsenela Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa Halofo ya Marathone tsa IAAF tsa nngwaga wa 2009 kwa Birmingham, kwa Engelane. O ne a foswa fela ke go tsena mo sethaleng, a fetsa mo maemong a bone, le fa a ne a kgonne go tlhoma nako e e kwa godimo ya 1:08:16 mmogo le go thusa Kenya go bona gauta ya setlhopha. Morago ga moo o ne a tswelela go tlhoma rekoto e ntšha ya botho ka phenyo kwa Ljubljana Marathone dibeke di le mmalwa moragonyana, a tokafatsa maduo a gagwe a pele ka mo e ka nnang metsotso e le metlhano mme a tlhoma rekoto e ntšha ya khoso mo thulaganyong eo.[6] Gape o ne a fenya Lebelo le legolo la Scotland kwa Glasgow lekgetlo la bobedi mme a nna kwa godimo ga sethala kwa lebelong la Montferland Run la 15K.[7]
Ngwaga o o latelang, Kilel o ne a tsaya karolo mo Mmarathoneng wa Boditšhabatšhaba wa Seoul mme a tsaya nako ya 2:26:58 go bona maemo a boraro. [8]Ka kgwedi eo ya Phalane o ne a nna le phenyo ya gagwe e kgolo go gaisa mo potologong, a tsaya sekgele sa basadi kwa Frankfurt Marathon ka rekoto e ntšhwa ya khoso le nako e e gaisang ya gagwe ya diura di le 2:23:25, a fenya Dire Tune ka metsotswana e le lesome le boferabongwe (19).[9]O ne a gaisana mo dikgaisanong tse dingwe tse dintsi ka ngwaga oo, go akaretsa le go fenya mo dikilometara di le masome a mabedi (20) tsa Maroilles, Halofo ya Mmarathone wa Zwolle le Tabo e Kgolo ya Scotland.[4]
Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2011, Kilel o ne a fenya Mmarathone wa Boston ka nako ya 2:22:36 a fenya Desiree Davila wa Moamerika, yo o neng a taboga Mmarathone wa Boston ka lobelo lo lo kwa godimo thata mo basading ba Moamerika, ka metsotswana e le mebedi. O ne a nna kwa Boston go ya go gaisana kwa kgaisanong ya ntlha ya B.A.A. 10K, e le ene a e fentseng ka nako ya metsotso e le 31:58.[10] Ka kgwedi ya Lwetse o ne a tsaya maemo a boraro mo kgaisanong ya Kenya ya Halofo ya Mmarathone wa Portugal, a le kwa morago ga ga Mary Keitany le Helena Kirop.[11]
Mo lebelong la gagwe la ntlha ka ngwaga wa 2012, o ne a nna wa bobedi morago ga Belaynesh Oljira mo lebelong la go taboga kwa Halofo ya Mmarathone wa Houston.[12]O ne a boga mo maemong a a mogote kwa Boston Marathon wa ngwaga wa 2012 mme ga a ka a palelwa fela ke go sireletsa sekgele sa gagwe, mme ga a ka a fetsa lobelo.[13]O ne a fenya Marathone wa Taipei lekgetlo la bobedi ka Sedimonthole oo, a taboga sekgala seno ka diura di le 2:30:19.[14]Fa a boela kwa Mmarathoneng wa Halofo ya Houston, o ne a nna wa bobedi gape mo go Moethiopia, mo lekgetlong leno kwa go Mamitu Daska.[15]
Kilel o ne a nyelela thata kwa Marathone wa Tokyo wa ngwaga wa 2013, a tla mo maemong a bo masome a mabedi le bongwe (21) ka diura di le 2:47:08. O ne a tlhoma mogopolo mo dimitara di le 10 000 morago ga moo, mme ga a ka a tlhophiwa go tsenela Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa ngwaga wa 2013 tsa Diatleletiki.[4]O ne a boela kwa godimo ga sethala kwa Marathone wa Frankfurt ka nako e ntšha ya diura di le 2:22:34 (tokafalo ya metsotswana e le mebedi).[16]
Dilo tse di gaisang
[fetola | Fetola Motswedi]- 10,000 metres – 32:27.8h min (Nairobi 2005)
- Half marathon – 1:08:16 hrs (Birmingham 2009)
- Marathon – 2:22:34 hrs (Frankfurt 2013)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Cheptanui Caroline Kilel. Marathon Info. Retrieved 1 October 2011
- ↑ Civai, Franco; Loonstra, Klaas (22 November 2010). "Palermo City Marathon". Association of Road Racing Statisticians. Retrieved 1 October 2011.
- ↑ Caroline Cheptanui. Power of 10. Retrieved 1 October 2011
- 1 2 3 Caroline Kilel. Tilastopaja. Retrieved 1 October 2011. Archived December 27, 2013, at the Wayback Machine
- ↑ "Half Marathon 2008". IAAF. Archived from the original on 31 July 2011. Retrieved 1 October 2011
- ↑ Ramsak, Bob (25 October 2009). "Two weeks after Birmingham, Kilel cruises 2:25:24 in Ljubljana". IAAF. Retrieved 9 May 2016
- ↑ Caroline Kilel 2009. Tilastopaja. Retrieved 1 October 2011
- ↑ Jalava, Mirko (21 March 2010). "Surprise in Seoul – Teimet clocks 2:06:49 – Seoul International Marathon". IAAF. Archived from the original on 24 March 2010. Retrieved 22 March 2010.
- ↑ Elsäßer, Nico (31 October 2010). "Rekordfestival krönt Frankfurt-Marathon". Deutscher Leichtathletik-Verband. Archived from the original on 19 July 2011. Retrieved 31 October 2010
- ↑ Connelly, John (27 June 2011). "Feeling at home". Boston Herald. Archived from the original on 9 October 2012. Retrieved 2 July 2011
- ↑ Fernandes, Antonio Manuel (25 September 2011). "Keitany smashes race record in Lisbon". IAAF. Retrieved 9 May 2016.
- ↑ "Jufar sizzles 2:06:51 as records tumble at Houston Marathon". IAAF. 16 January 2012. Retrieved 9 May 2016.
- ↑ Morse, Parker (16 April 2012). "Korir and Cherop the best as warm weather slows Boston". IAAF. Retrieved 9 May 2016
- ↑ Makori, Elias (17 December 2012). "Kenyans keep winning ways on the road". Daily Nation. Retrieved 18 February 2013.
- ↑ "Youth trumps weather in Houston as Ethiopians take clean sweep of titles". IAAF. 13 January 2013. Retrieved 18 February 2013.
- ↑ Wenig, Jörg (27 October 2013). "Kipruto and Kilel make it a Kenyan double at Frankfurt Marathon". IAAF. Retrieved 2 November 2013