Caroline Rotich
Caroline Rotich (o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e le lesome le borari(13) ka ngwaga wa 1984) ke motabogi wa sekgala se seleele wa Mo-Kenya le Mo-Amerika yo o gaisanang mo metshamekong ya half marathon le marathon. O fentse Las Vegas Marathon, New York Half Marathon le Boston Marathon. O ne a emela Kenya kwa World Championships in Athletics ka ngwaga wa 2011 mme o na le rekoto ya 2:23:22 mo marathong le 1:09:09 mo sephatlong sa marathone.
Ka kgwedi ya Phalane e thola boraro (3) ka ngwaga wa 2023, Rotich o ne a fetisetsa tshwanelo ya gagwe ya go emela United States mo dikgaisanong tsa boditšhabatšhaba. [1]
Hisitori
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe kwa Nyahururu, Rotich o ne a bona borutegi jwa metshameko kwa Japane kwa Sendai Ikuei Gakuen High School ⁇ sekolo se se itsegeng ka go taboga sekgala se seleele (se se neng se etelwa ke baatlelete ba ba jaaka Samuel Wanjiru).[2]O ne a simolola go gaisana kwa Yuropa morago ga go aloga mme a fenya Diecimiglia del Garda ka ngwaga wa 2004 kwa Italy le Semi-marathon Marvejols-Mende ka ngwaga wa 2005. [3][4]O dirile tshimologo ya gagwe mo sekgaleng sa marathone ka ngwaga wa 2006 kwa Nairobi Marathon, a fetsa mo maemong a lesome le bongwe. O ne a fudugela kwa United States go ya go thapisiwa mme a nna koo ka nako e e tletseng.
Ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa 2008, Rotich o ne a fenya Ogden Newspapers 20K mme a nna wa bone kwa Bay to Breakers 12K. Kgwedi morago ga moo o ne a taboga sephatlo sa marathone ka nako ya metsotso e le 74:40 mme a tsaya maemo a bobedi mo Grandma's Marathon mme a fenya Hospital Hill Half Marathon.[5]O simolotse go katisa le Ryan Bolton's Harambee Running Club kwa tshimologong ya ngwaga wa 2009 o ne a fetsa mo maemong a mararo a a kwa godimo mo sephatlong sa marathone kwa Yuengling, Cobán, Spiriti of Columbus le Grandma's Marathon races.[6] O ne a fenya Las Vegas Marathon, koo a neng a kgabaganya molelwane ka nako ya diura di le 2:29:47 mme a fenya kgaisano ya "Battle of the Sexes" kgatlhanong le banna.[7]
Ka ngwaga wa 2010, Rotich o ne a tlhoma rekoto e ntšha ya 10K ya metsotso e le 32:43 kwa New York Mini 10K, o ne a le mofenyi wa bobedi kwa Crim 10-Miler mme a fenya halofo ya marathone ya Grandma le Boston Half Marathon. O ne a tokafatsa marathone a gagwe ka motsotswana o le mongwe kwa New York City Marathon, a tsaya maemo a borobedi. O ne a dira ka thata go fitlha kwa godimo ga maemo a kwa Kenya ka ngwaga wa 2011. O ne a taboga nako e e kwa godimo ya gagwe ya metsotso e le 68:52 mme a fenya New York Half Marathon, [2] mme a tla mo maemong a bone kwa Boston Marathon ka ngwaga wa 2011 [8] ka nako ya 2:24:26 mo tseleng e e fologang, e e neng ya dira gore a tlhophiwe go tshameka mo setlhopheng sa bosetšhaba sa .[9] ne a fenya Bix 7-Miler ka July mme a fetsa 29th mo marathong kwa ngwaga wa 2011 World Championships in Athletics.[10] O feditse ngwaga ka nako e e siameng ya 2:27:06 kwa New York City Marathon ya 2011.[11]
Rotich o simolotse ngwaga wa 2012 kwa New York Half Marathon, mme ga a ka a sireletsa sereto sa gagwe mme a tla a le borobedi. O ne a le mo gare ga ba ba neng ba eteletse pele kwa Boston Marathon ka ngwaga wa 2012, mme o ne a tswa morago ga dikilometara di le 30.[12] O ne a fenya Crim 10-Miler ka nako ya gagwe ya metsotso e le 53:43 mme a fetsa marathone wa gagwe wa ntlha ka ngwaga wa 2012 kwa Chicago Marathon, koo nako ya gagwe ya diura di le 2:23:22 e neng e lekane gore a bone maemo a botlhano.[13]
Ka ngwaga wa 2013, Rotich o ne a simolola ka go fenya gape NYC Half Marathon fela fa pele ga Diane Nukuri.[14] O ne a fenya Prague Marathon ka kgwedi ya Motsheganong.[15]
Rotich o fentse Boston Marathon wa ngwaga wa 2015 ka kgwedi ya Moranang a le masome a mabedi (20) , ka nako ya 2:24:55. [16]Ka kgwedi ya Ngwanatsele, o ne a nna wa bo lesome (10) ka 2:33:19 TCS New York City Marathon.[17]
Ka ngwaga wa 2022 Rotich o ne a tlhoma rekoto e ntšha ya nako e e siameng mo sekgaleng sa 10K kwa New York Mini 10K. O ne a fetsa a le mo maemong a bo 8 ka nako ya 31:30[18]
Ditiragalo tse di di gaisang tsotlhe
[fetola | Fetola Motswedi]Dikilometara di le 10 - 31:30 (2022)
Half marathon -1:09:09 (2013)
Marathone - 2:23:22 (2012)
Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgotla-peomolao la New Mexico le ne la itsise ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le borobabobedi (28) ka ngwaga wa 2017 jaaka ''Caroline Rotich Day'' go lemoga diphitlhelelo tsa gagwe tsa go taboga.[19]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Caroline Rotich at World Athletics
- 1 2 Caroline Rotich Archived 2015-02-14 at the Wayback Machine. Camp Marafiki. Retrieved on 13 May 2012.
- ↑ Diecimiglia del Garda. Association of Road Racing Statisticians (9 August 2011). Retrieved on 13 May 2012.
- ↑ Marvejols-Mende 22.4 km. ARRS (25 July 2011). Retrieved on 13 May 2012.
- ↑ Hospital Hill Half Marathon. ARRS (6 June 2011). Retrieved on 13 May 2012
- ↑ Caroline Rotich. Tilastopaja. Retrieved on 13 May 2012.
- ↑ Cruz, Dan (7 December 2009). "Rotich and Toroitich collect Marathon wins in Las Vegas". IAAF. Retrieved 24 April 2016.
- ↑ "Farah triumphs in Half Marathon debut in New York". IAAF. 29 March 2011. Retrieved 24 April 2016
- ↑ Monti, David (18 April 2011). "Strong winds and ideal conditions propel Mutai to fastest Marathon ever - Boston Marathon report". IAAF. Retrieved 24 April 2016
- ↑ Kass, Glenn (2 August 2011). Quad-City Times Bix 7 mile. ARRS. Retrieved on 13 May 2012.
- ↑ 2011 Results Archived 2011-11-09 at the Wayback Machine. New York Road Runners. Retrieved on 8 November 2011.
- ↑ Huebner, Barbara (April 2012). "It was a duel to the finish, as Kenya's Sharon Cherop unleashes kick on Boylston Street to pull away from Jelagat Sumgong". Boston Athletic Association. Archived from the original on 3 April 2016. Retrieved 24 April 2016.
- ↑ 2012 Chicago Marathon results. Chicago Marathon. Retrieved on 2 February 2013.
- ↑ Battaglia, Joe (17 March 2013). "Wilson Kipsang gives high octane performance at chilly NYC Half". IAAF. Retrieved 23 March 2013
- ↑ Wenig, Jörg (12 May 2013). "Kemboi and Rotich claim good wins in Prague Marathon". IAAF. Retrieved 13 May 2013
- ↑ "Caroline Rotich Sprints to Victory in 119th Boston Marathon". Boston Athletic Association. Archived from the original on 24 April 2015. Retrieved 24 April 2015.
- ↑ "Overall Women". TCS New York City Marathon. 2013-11-19. Retrieved 2018-05-02
- ↑ "Overall Women". TCS New York City Marathon. 2013-11-19. Retrieved 2018-05-02.
- ↑ "Caroline Rotich". www.nyrr.org. Retrieved 2023-10-11.