Jump to content

Carsten Keller

Go tswa ko Wikipedia

Carsten Keller (o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le boferabobedi ka ngwaga wa 1939) ke motshameki wa pele wa hoki ya lebala go tswa kwa Jeremane Bophirima, yo o neng a gapa mmentlele wa gauta wa naga ya gaabo kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 1972 kwa Munich.[1]O ne a tshamekela Jeremane metshameko ya boditšhabatšhaba e le 133, mme a rola tiro morago ga Metshameko ya Munich. Morago ga moo Keller o ne a nna mokatisi wa hoki.

Bana ba gagwe ba bararo le bone ba ne ba tshameka hockey ka maemo a a kwa godimo, mme botlhe e ne e le batlhasedi. Andreas o ne a nna mmampodi wa Diolimpiki ka 1992 (Barcelona), morago ga go bona selefera kwa Diolimpiking tse pedi tse di fetileng kwa Los Angeles (1984) le kwa Seoul (1988). Natascha o ne a gaisana mo Diolimpiking di le nne, mme gape o ne a gapa mmentlele wa gauta kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2004 kwa Athens. Florian o ne a gapa mmentlele wa gauta kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2008 kwa Beijing.

Rraagwe Carsten Keller e bong Erwin o ne a gapa mmentlele wa selefera mo go one motshameko oo kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 1936 kwa Berlin.

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Olympic Results