Karolo:Kgaolo ya Legare (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia

Kgaolo ya legare akaretsa metse e tshwana le wa Palapye, Mahalapye, Serowe le e mengwe fela jalo. Bontsi jwa batho ba ba nnang mo kgaolong e ke ba letso la Sengwato kgotsa Bakhurutshi[1] .

Khansele ya Kgaolo ya Legare (CDC) le kgaolo ya Jiangxi kwa China di saenne tumalano ya go dirisanya mo go tsa ditlhabololo tsa itsholelo le tsa matshelo a batho, kamogano ya dikitso le tsa ngwao.Modulasetilo wa Khansele ya Kgaolo ya Legare rre Lesego Raditanka, o saenne mo boemong ja khansele ya CDC fa Mothusa Ratoropo wa toropo ya Jiujiang e e leng motsemogolo wa kgaolo ya Jiangxi rre Wei Zhao, a saenne mo boemong ja khansele ya gagabo.Moletlo wa tshaeno o ne o tshwaretswe kwa Serowe ka Matlhatso.Rre Raditanka o boletse kwa moletlong wa tshaeno gore lekoko la China le ne le busa leeto la bagolwane ba CDC kwa Jiujiang City ngogolaMahalapye.A re tumalano eo ke ya tirirsano ya lobaka lo lo leele ya dikhansele tsoo pedi.O solofeditse barongwa ba Jiujiang City gore khansele ya legare e tlaa ba ema nokeng, go nna boineelo le go nna tlhaga go bona gore moono wa tirisano o a atlega.A re lenaneo la tirisano le tlaa nna le dipoelo ka jaana go tshwaragana le batho babangwe kwa mafatsheng a sele go tlaa dira gore tirisanyo e amogelesege thata le go ruta botlhe ba ba amegang[2].

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ditsebe tse di mo karolong “Kgaolo ya Legare (Botswana)"

21 ke ditsebe tsa karolo, go 21 ya ditsebe.