Jump to content

Catherine Kamau

Go tswa ko Wikipedia

Catherine Kamau (o tshotswe ka February 3, 1987)[1] Ke motshameki wa difilimi kwa Kenya, o itshega e le K"Celina"[2] (or "Selina"[3]) le "Kate Actress".[4][5][6]

O tumile ka karolo ye a neng a etsere mo puisanong ya thelebišene ya Citizen TV show, Mother In-Law ko a neng a tshameka a bidiwa Celina. O ne a le teng mo difiliming tsa bo Sue na Jonie, Nafsi, Plan B, and Disconnect.

Catherine O ne a tsena kwa sekolong se segolwane sa Chogoria,ko a neng a tsenelela lekalana la botshamiki, a itsege ka talente ya gagwe, pele ga a ya kwa Loreto Convent Msongari ko a fentseng seetsele sa 'Miss Loreto' Award.[7]

O na le setankana sa dipuisano, a tseneneletse thata mo go tsa tirasano semmuso kwa Kenya College of Communication and Technology ye neng ya atlolodiwa kwa go MultiMedia University of Kenya.

Catherine Kamau ke moemedi wa borande jwa harpic kenya [8] le Lovely Petroleum Jelly.[9][10]

O ne a nyetswe ke Phiipl Karanja mme ba kgaogana go le ka jaana ka di 19 Lwetse 2023.

Catherine o ne a tshameka karolo ya Selina (kana Celina) mosadi wa ga Charlie (Patrick Oketch) mo motseletseleng wa diterama tsa Citizen TV wa Mother-in-Law[3][4][11] o o simolotseng ka 2006. O ne a tlogela lenaneo leo mme a ya go tshameka mo motseletseleng wa thelebišene wa puo ya Seswahili wa Sue Na Jonnie, mo a neng a tshameka karolo ya Sue. 12][13]

O ne a gapa sekgele sa Best Lead Actress mo kgaolong ya TV Drama Series mo Kalasha Awards 2017[14] mme gape o ne a tlhophiwa go nna Best Actress mo TV Drama ka 2018,[15] ka ntlha ya seabe sa gagwe mo "Sue Na Jonnie". O ne a tlhophiwa mo kgaolong ya Best Supporting Actress in a Film category ya Kenya Film Commission Kalasha Awards 2018 ka ntlha ya seabe sa gagwe mo filiming ya "Disconnect". Sarah Hassan[18]

O ne a tshameka karolo ya Joyce mo filiming ya 2019 ya metlae ya lorato, "Plan B", e e dirilweng ke Sarah Hassan mme e tsamaisiwa ke motlhami wa filimi wa Nigeria, Dolapo Adeleke (Lowladee). [19] [20] Ka karolo ya gagwe jaaka Joyce, o ne a tlhophiwa gape mo kgaolong ya Best Supporting Actress in Film mo kgatisong ya bo 9 ya Kenya Film Commission Kalasha Awards 2019.[ 21][22]

Catherine Kamau o sa tswa go tlhagelela mo difiliming tse pedi tsa The Grand Little Lie (GLL), tse di dirilweng ke '"Phil-It Productions" jaaka karolo ya batshameki ba bagolo. Filimi e ne ya simolola go bontshiwa ka kgwedi ya Diphalane 2021 mme e ne ya simolola go bontshiwa mo seraleng sa boditšhabatšhaba sa Netflix [23]

Gape ke mmopi wa diteng le youtuber. Mo kanaleng ya gagwe ya YouTube, o bua ka feshene, setaele, go tshameka, mokgwa wa botshelo le go nna mmè. O rata thata kgang ya go ima ga basha. E re ka e ne e le mmè wa dingwaga tsa bolesome, o na le polelo e e bidiwang 'Queens must wait', e mo go yone a rotloetsang basetsana go leta pele ba ka tsaya tshwetso ya go nna bomme. [24]

Ka Motsheganong 2024, o ne a etela USA jaaka karolo ya mophato wa ga Tautona Ruto mo loetong lwa puso. Taletso ya gagwe, jaaka moemedi wa madirelo a Kenya a Creative, e ne e tswa kwa moemeding wa pele wa US kwa Kenya, Meg Whitman.[ 25]

Ka nako ya moletlo wa Jamhuri Day kwa Kenya ka Sedimonthole 2024, o ne a fiwa Order of The Grand Warrior (O.G.W) Presidential Award go mo tlotlomatsa ka seabe sa gagwe mo indasetering ya difilimi.[ 26]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Kamau o ne a nyetswe ke Philip Karanja (aka Director Phil), motsamaisi wa difilimi le motshameki wa bogologolo wa kwa Tahidi High go tloga ka Ngwanatsele 17, 2017, go fitlha ka Lwetse 2023 fa ba ne ba itsise semmuso ka go kgaogana le go tlhalana ga bone. Kgwedi ya bone ya lenyalo e ne ya ketekwa kwa Seychelles.[ 2]

Fa a ne a le kwa Yunibesithing ya Boditšhabatšhaba ya Kampala kwa Uganda, a le dingwaga di le 19, o ne a tshola morwa wa gagwe wa ntlha, Leon Karanja, ka 2006[1] yo Philip a neng a mo tsaya. Ka Sedimonthole wa 2019, ba ne ba nna le ngwana wa bone wa ntlha mmogo, Karla Njeri. [29]

Catherine le Philip Karanja ba ne ba itsise tlhalo ya bone ka Lwetse 19 ka polelo e e kopanetsweng e e neng ya romelwa mo diakhaontong tsa bone tsa Instagram. [27]

[1] "Celina: No apologies for getting a child at a tender age". Nairobi News. February 3, 2017. Retrieved October 15, 2020.

[2] "Catherine Kamau (Celina) and Hubby Share Photos From Their Honeymoon". Naibuzz. November 21, 2017. Retrieved October 15, 2020.

[3] Mutsoli, Vivian. "Mother-in-Law: Synopsis, characters, and their real names". Tuko. Retrieved October 15, 2020.

[4] "Award winning actress CATHERINE KAMAU advises single mothers to accept and move on using her own experience". Daily Post. July 10, 2020. Retrieved October 15, 2020.

[5] "PHOTOS: Catherine Kamau, hubby Philip Karanja expecting first child together". The Standard. Retrieved October 15, 2020.

[6] "Catherine Kamau (Kate Actress) teaches how to balance work and family". Kenyan Digest. November 6, 2019. Archived from the original on October 24, 2020. Retrieved October 15, 2020.

[7]Okumu, Lynet (2023-09-19). "Kate Actress' Biography: Education, acting career, net worth & her close-knit family". Pulselive Kenya. Retrieved 2024-11-19.

[8]"Size 8, DJ Mo and other Kenyan celebrities with ambassadorial jobs (Photos)". Pulselive Kenya. 2019-05-21. Retrieved 2021-11-10.

[9]Caldwell, Georgina (2022-04-25). "L'Oréal names Kate Actress as face of Nice and Lovely". Global Cosmetics News. Retrieved 2025-09-13.

[10] "Kate Actress lands new ambassadorial role". Citizen Digital. 2022-04-13. Retrieved 2025-09-13.

[11] ""He has never been a drunk" Celina heaps praise on her television sweetheart as he turns a year older". Ghafla!. June 13, 2018. Retrieved October 15, 2020.

[12] "Celina reveals why she left Tv show Mother-in-law". Ghafla!. February 26, 2018. Retrieved October 15, 2020.

[13] "Sue Na Jonnie". IMDb. Retrieved October 15, 2020.

[14] "Kati Kati, Sue and Jonnie top 2017 Kalasha Awards". Daily Nation. 2020-07-05. Retrieved 2025-09-13.

[15] "Kalasha International Film and Television Awards 2018: full list". Daily Nation. 2020-07-02. Retrieved 2025-09-13.

[16]Njoroge, Mike (October 18, 2018). "Kalasha Awards 2018: Kenyan film submitted for Oscars bags 12 nominations". Business Today. Retrieved October 15, 2020.

[17] "Selina, Plan B and more Kalasha Awards 2019 winners to stream on Showmax". Showmax. December 5, 2019. Retrieved October 15, 2020.

[18] Nyota, Maxwell (2018-10-20). "Here's The Full List Of Kalasha Awards Nominations". KenyanVibe. Retrieved 2025-09-13.

[19] "Plan B". Paukwa. January 30, 2020. Retrieved October 15, 2020.

[20] "Plan B". Nollywood Reinvented. February 15, 2019. Retrieved October 15, 2020.

[21] Ambani, Sylvania (November 2, 2019). "Kalasha Awards deal with Star Times irks actress Catherine Kamau". Nairobi News. Retrieved October 15, 2020.

[22] "Kalasha Film Awards 2019 Nominees Unveiled!". KenyaBuzz. Retrieved 2025-09-13.

[23] A Grand Little Lie (2021) ⭐ 8.0 | Drama. Retrieved 2024-08-24 – via m.imdb.com.

[24]"Kate Actress - Celina - YouTube". www.youtube.com. Retrieved 2020-11-02.

[25] Nzyoka, Nzula (2024-05-21). "Kate actress encourages young actors, shares photos from US visit - KBC". Retrieved 2024-11-18.

[26] "Kate Actress feted the Order of the Grand Warrior award". Nairobi News. 2023-12-12. Retrieved 2024-12-12.

[27] Salasya, Bill Cyril (2024-02-13). "Phil and Kate Actress relationship timeline and divorce". Tuko.co.ke - Kenya news. Retrieved 2024-11-15.