Jump to content

Cathy Gordon Brown

Go tswa ko Wikipedia

Cathy Gordon Brown(o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le lesome le boferabobedi (18),ka ngwaga wa 1965) e ne e le moikgethisi wa kwa United States ka ngwaga 2000 mo ditlhophong tsa mopresidente wa United States, ka go kgona go bouta fela kwa nageng ya gaabo ya Tennessee koo a neng a amogela diboutu di le 1,606, e leng go feta moikgethisi wa lekoko la boraro Howard Phillips (Constitution Party) le John Hagelin (Natural Law Party), kgotsa moikgethisi wa Tennessee Randall Venson. Motlatsi wa ga Brown e ne e le Sabrina R. Allen.[1][2] Mo 20/20 Downtown, o ne a bolela gore "ka gale o ne a batla go nna mosadi wa ntlha go nna Tautona. [3]

Brown o ne a ise a ko a dire kopo ya go nna moemedi wa gagwe.[4] Khomišene ya Ditlhopho ya Federal (FEC) e ne ya kwadisa Brown jaaka moagi wa Old Hickory, Tennessee. Go ya ka Tennessee Blue Book, thekethe ya ga Brown-Allen e ne e na le Motlhophi a le mongwe fela, le fa go na le batlhophi ba le lesome le bongwe ba ba letleletsweng mo Tennessee.

Yunibesiti ya Oregon Oregon Daily Emerald e ne ya lemoga gore batho ba ba tshwenngwang ke tshenyo e e diragetseng mo ditlhophong, segolo thata fa go lejwa ditlhopho tsa ngwaga wa 2000 tsa botautona, ba ne ba supa Ralph Nader molato, mme ba sa "tlhaole Cathy Gordon Brown" kgotsa mokgatlho wa boraro le baemedi ba ba ikemetseng.[5]Kgatiso ya kgwedi ya Moranang e le lesome (10) ka ngwaga wa 2004 ya "journal of opinion" ya Conservative Oregon Commentator e ne ya mo araba ka go mo tshwaya diphoso, ka go mo sotla.[6]

  1. Federal Elections 2000: 2000 Presidential Popular Vote Summary Table at the website of the FEC.
  2. Official Results at the website of the Tennessee Secretary of State.
  3. McFadden, Cynthia (anchor). Bill Ritter (Byline) (November 6, 2000). "The Also-Rans: Twelve Presidential Candidates Not Mentioned in Most News Broadcasts." In 20/20 Downtown. ABC News. American Broadcasting Corporation.
  4. Freeman, Jo (2008). We Will Be Heard: Women's Struggles for Political Power in the United States. Lanham, MD: Rowman & Littlefield. p. 100. ISBN 978-0-7425-5607-2.
  5. [permanent dead link]
  6. "Another Perspective: On the Marketplace of Bad Ideas" (PDF). Oregon Commentator. 21 (9/10): 29. April 10, 2004.