Cecil Fforde
Sir Cecil Robert Fforde KC (O tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 1875 – O tlhokafetse ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le masome a mabedi ka ngwaga wa 1951) e ne e le mmueledi wa Borithane, moatlhodi le modipolomate wa Britain.
Bayokerafi
[fetola | Fetola Motswedi]Fforde o tsholetswe kwa Bombay, kwa India wa Borithane, morwa wa bobedi wa ga Arthur Brownlow Fforde wa Kgaolo ya Down le Mary Carver.[1]O ne a tsena sekolo kwa Sekolong sa Bedford mme a bidiwa kwa bareng ya Ireland ka ngwaga wa 1903.[2] O ne a tlhomiwa go nna Mogakolodi wa Kgosi le mogakolodi wa mmueledimogolo wa Ireland, ka 1919, mogakolodi yo mogolo wa Kgosi, ka ngwaga wa 1920, le moatlhodi kwa Kgotlatshekelong e Kgolo ya Lahore, fa gare ga ngwaga wa 1922 le ngwaga wa 1931. O ne a tlhomiwa go nna poresidente wa moatlhodi wa Dikgotlatshekelo tse di Kgethegileng kwa Bechuanaland le kwa Swaziland, molaodi wa tsa boatlhodi kwa Basutoland, le mogakolodi wa molao wa Mokhomišenara yo Mogolo wa Aforika Borwa, ka ngwaga wa 1934, le Mokhomišenara yo Mogolo wa dikgaolo tse, magareng ga ngwaga wa 1935 le ngwaga wa1936, a emetse dikgaolo ka nako ya go rwesiwa Kgosi George VI serwalo sa bogosi ka ngwaga wa 1937.[3]
Fforde o ne a beelediwa jaaka Motlhabani ke Kgosi George V kwa Ntlong ya Bogosi ya Buckingham ka la bo 13 Seetebosigo ngwaga wa 1930.[4]
Ka ngwaga wa 1911, o ne a nyala Mary Constance Chetham-Strode, morwadia Molaodi wa Sekepe Sir Edward Chetham-Strode.[5] O tlhokafaletse kwa Hindhead ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatai a le masome a mabedi ka ngwaga wa 1951.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ India, Select Births and Baptisms, 1786–1947
- 1 2 Obituary: Sir Cecil Fforde". The Times. 23 October 1951. p. 6.
- ↑ "Who's Who"
- ↑ "No. 33617". The London Gazette. 20 June 1930. p. 3874.
- ↑ Burke, Sir Bernard, ed. (1939). Burke's Peerage, Baronetage & Knighthood (97th ed.). Burke's Peerage & Gentry. p. 2773.