Jump to content

Cecile Kayirebwa

Go tswa ko Wikipedia

Cécile Kayirebwa (o tshotswe ka 22 Diphalane 1946) ke moopedi wa kwa Rwanda. O godisitse lelapa la gagwe kwa Belgium, mme o kile a etela mafelo a a farologaneng le go gatisa dialebamo. O itsege ka go opela ka Rwanda. O ne a sekisa diteišene tsa radio tsa Rwanda ka 2013 ka go palelwa ke go mo duela madi a gagwe.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Kayirebwa o belegetswe kwa Kigali ka 1946. Batsadi ba gagwe ka bobedi e ne e le baopedi ba ba tlhagafetseng mme o ne a tle a opele dipina tsa pop tse a neng a di utlwile di opelwa ke Johnny Hallyday, Stevie Wonder le France Gall. O ne a tsenela setlhopha se se neng se gasiwa ke Radio Rwanda fa a ne a sa ntse a le ngwana. O ne a nna le bongwana jo bo itumedisang mme o ne a thapisediwa go nna modiredi wa tsa loago. Ka nako eo, go opela ga gagwe go ne ga fetoga go nna go opela mo a neng a aga mo thutong ya gagwe ya mmino wa setso wa kwa Rwanda. O ne a kwala dipina tse di neng di galaletsa Kgosigadi ya kwa Rwanda e bong Rosalie yo e neng e le mmusi yo o pelonomi.[ 1]

Kayirebwa o ne a lalediwa go opelela Kgosigadi ya gagwe, mme ka 1973 ntwa e ne ya runya mo nageng ya gaabo mme a tsamaya le mmaagwe go ya go nna kwa Belgium. Gape ba ne ba nna kwa Lozère, koo mmaagwe a neng a nna le lesole la Mofora mme a simolola go bua le go opela ka Sefora ka thelelo. E ne e le leloko la setlhopha se se bidiwang Iyange ka dingwaga di le tlhano. Kwa Yuropa o ne a tswelela go dira jaaka moopedi go maloko a mangwe a morafe wa kwa Rwanda. Ene le monna wa gagwe ba ne ba na le bana ba le bane mme a ithuta ngwao-boswa ya gagwe kwa Royal Museum for Central Africa kwa Tervuren. O ne a tlhagelela kwa Yuropa le Amerika mo setlhopheng sa Bula Sangoma mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1980 mme ba ne ba dira alebamo ka 1985.[ 1]

Ka 1988 o ne a boela gae go setse go le thari gore a kopane gape le mmaagwe, yo o neng a tlhokafala kwa Rwanda pele fela ga a goroga. O ne a opela pina ya gagwe e e buang ka boitumelo e e neng e bidiwa "Umunezero" mme pina e ne ya bolelwa fa e tumile thata mo Rwanda Patriotic Front.[ 1] Kayirebwa o ne a opela ka ditlhopha le a le nosi. Alebamo ya gagwe ya ntlha e ne e bidiwa "Music from Rwanda" mme e ne e na le dipina tsa Jean-Christophe Matata [fr]. O ne a golola alebamo ka 2002 le 2005 mme a nna le seabe mo meletlong go akaretsa Holocaust Memorial Event kwa London ka 2001.[ 3]

Ene le Christine Coppel ba ne ba tlhoma mokgatlho wa thuso o o bidiwang "Hope, the Children of a Thousand Hills" o o amegang ka nagagae ya gaabo.[ 2]

Ka 2013 Kayirebwa o ne a sekisa diteishene tsa radio tsa kwa Rwanda go akaretsa le radio ya puso, Radio Rwanda, ka a ne a utlwiwa gantsi mme a sa amogela madi a go gatisa. [4]

[1] Cecile Kayirebwa Biography, Colin Larkin, The Encyclopedia of Popular Music

[2] Biography, Craig Harris, AllMusic.com, Retrieved 4 March 2016

[3] Cécile Kayirebwa Archived 2017-11-19 at the Wayback Machine, africanmusiciansprofiles.com, Retrieved 4 March 2016

[4] Court orders Orinfor, Isango star pay Rwf 8.6M to Kayirebwa Archived 2016-03-08 at the Wayback Machine, February 2013, GretLakesVoice, Retrieved 4 March 2016