Jump to content

Celine Dion

Go tswa ko Wikipedia
Motaki wa mmino Celine Dion

Céline Marie Claudette Dion (o bonwe ka di 30 Mopitlwe 1968) ke seopedi sa kwa Canada. E bidiwa " Queen of Power Ballads ", maatla a gagwe, a a nang le bokgoni jwa setegeniki le ditiro tsa gagwe tse di atlegileng mo kgwebong di nnile le tlhotlheletso e kgolo mo mminong o o tlwaelegileng . Ka direkoto di feta dimilione di le 200 tse di rekisitsweng lefatshe ka bophara, Dion ke motaki wa dikgatiso yo o rekisiwang thata wa kwa Canada, motaki yo o rekisiwang thata wa puo ya Sefora, le mongwe wa bataki ba mmino ba ba rekisiwang thata ka nako tsotlhe .

O bonetswe kwa lapeng le legolo kwa Charlemagne, Quebec, Dion one a tlhagisiwa ke motsamaisi wa gagwe le monna wa gagwe,Rene` Angelil, le go tlhaga jaaka naledi ya basha kwa nageng ya gagwe ya selegae le dialobamo tsa puo ya seesemane di le robedi ka ngwaga tsa bo 1980. O ne a amogelwa kwa dinageng tse dingwe ka go fenya Kgaisano ya Dipina tsa Eurovision ka 1988, koo a emela Switzerland ka pina ya " Ne partez pas sans moi " . Dion o ne a tswelela go golola dialebamo di le lesomepedi tsa puo ya Seesemane . Dion o ne a tselela go golola di alobamo dile 12 . The Colour of My Love (1993), Falling into you (1996), Let's talk about love (1997), All the way... A Decade of song(1999), tsotlhe di mo gare ga dialebamo tse di rekisiwang thata ka nako tsotlhe . Lenaane la gagwe la dipina tse di tumileng thata le akaretsa " Beauty and the Beast ", " The Power of love ", " Think twice ", " To Love You More ", " Because You Loved Me ", " It's All Coming Back To Me Now ", " All By Myself ", " I'm Your Angel ", " That's The Way It Is ", " I'm Alive " le " My Heart Will Go On" —setlhogo sa filimi ya 1997 ya Titanic, e e leng pina ya bobedi e e rekisiwang thata e e dirilweng ke mosadi.[1]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.celinedion.com/about/biography/