Jump to content

Chafika Meslem

Go tswa ko Wikipedia

Chafika Meslem (o tshotswe ka Phalane a thola bobedi (2) ka ngwaga wa 1934 abo a thokafala ka Phukwi ngwaga wa 2000) e ne e le mmadipolotiki le morutabana wa Algeria.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Chafika Meslem o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e thola bobbedi(2) ka ngwaga wa 1934, kwa Belouizdad, e ka nako eo e neng e itsege jaaka Belcourt, kgaolo ya Algiers. O goletse koo le bomonnawe le bokgaitsadie ba batlhano. O ne a tswa mo lelapeng le le humanegileng thata: rraagwe e ne e le modiri wa dikepe mme mmaagwe e ne e le modiri wa diaparo.[1] O ne a tsena sekolo sa poraemari le sa sekontari kwa Algiers. Dithuto tsa gagwe tsa yunibesithi tsa dibuka le tsa saense ya sepolotiki di ne tsa kgaupediwa ke go runya ga ntwa ya Algeria ya boipuso. E le karolo ya moloko wa balweladiphetogo wa ngwaga wa 1954, o ne a tsaya karolo mo mokgatlhong wa go lwela kgololosego ya Algeria. O ne a tshwarwa kwa tshimologong ya ngwaya wa 1957 mme morago ga moo a atlholelwa, o ne a tshwanelwa ke go tswa mo nageng go fitlhela naga e bona boipuso ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 1962.[2]

Chafika o ne a setse a le matlhagatlhaga thata mo bongwaneng jwa gagwe jwa pele jaaka a ne a tsaya karolo mo ditirong di le dintsi jaaka di-scouts, conservatory ya masepala le go ya kwa dikampeng tsa selemo tse di bopileng botho jwa gagwe le go nna le mogopolo o o bulegileng. Fa a ne a le dingwaga di le 8, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II fa morutabana wa gagwe a ne a le gaufi le go mo tsenya mo setlhopheng sa Bajuda ba a neng a tsena le bone mo tlelaseng, o ne a ema a nitame mme a bolela gore ke wa naga ya gaabo e bile ga se motswakwa.

Ke ene mosadi wa ntlha go nna le maemo a go nna Tona e e nang le dithata kwa Algeria.[3]

Loso le boswa

[fetola | Fetola Motswedi]

Chafika Meslem o tlhokafetse ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2000 kwa Zurich mme o fitlhilwe kwa Divonne-Les-Bains kwa Fora.[4]

  1. "Première femme diplomate de l'Algérie indépendante (1re partie)". elwatan.com
  2. Mathiason, John R. (2006). The Long March to Beijing: the United Nations and the Women's Revolution (PDF). Vol. I: The Vienna Period.
  3. "Chafika MESLEM, première femme diplomate de l'Algérie indépendante". radiodessansvoix.org. Retrieved 2019-11-13
  4. André, Marc (2016), "Sympathies", Femmes dévoilées : Des Algériennes en France à l’heure de la décolonisation, Sociétés, Espaces, Temps (in French), Lyon: ENS Éditions, ISBN 978-2-84788-842-3, retrieved 2024-10-23