Jump to content

Chantal Stanfield

Go tswa ko Wikipedia
Chantal Stanfield
Tsalo
Chantal Stanfield

(1983-07-08) 8 July 1983 (age 42)
Cape Town, South Africa
ThutoMuizenberg High School
Alma materUniversity of Cape Town
TiroActress, Singer, Voice-artist, Dancer, Puppeteer
Dingwaga tsa a le mo tirong2005–present
Bolele1.69 m (5 ft 7 in)
MosadiRJ Benjamin
Bana1

Chantal Stanfield (o tshotswe Phukwi a ferabobedi1983), ke modiragatsi wa Aforika Borwa, seopedi, motaki wa lentswe, sebini le motshameki wa bompopi.[1][2] O itsege thata ka dikarolo tse a di tshamekang mo difiliming tsa thelebišene jaaka; Geraldina die Tweede, 7de Laan le Montana.[3]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Stanfield o tshotswe ka Phukwi a ferabobedi 1983 kwa Motsekapa, Aforika Borwa.[4] O weditse dithuto tsa gagwe kwa sekolong se segolwane sa Muizenberg. Ka 2005, o ne a aloga ka BA mo Bobogelong le Bodiragatsi ( e e Lekanang le Honours) kwa Yunibesithing ya Motsekapa (UCT).[5]

O nyetse RJ Benjamin, motlhagisi wa mmino.[6][7] Banyalani ba ba na le morwa a le mongwe.[8]

Ka 2006, o ne a dira tiro ya gagwe ya ntlha ya bodiragatsi ka drama ya serala ya Mixed Metaphors e e neng e kaelwa ke Jaco Bouwer. Gape ke seopedi se se tumileng, koo a neng a tlhama dipontsho tsa mmino wa go tlotla tse di jaaka Rhythm’s Gonna Get You kwa Bobogelong jwa On Broadway le 80’s All-Stars, kwa e neng ya etela Menorca, kwa Spain gone.[1] Ka 2007, o ne a dira thelebišene la ntlha ka drama ya kykNET ya Geraldina die Tweede ka seabe sa "Florys". Mme ka 2009, o ne a dira karolo ya "Moamogedi" mo motseletseleng wa ditiragalo tsa NBC wa The Philanthropist.[5]

Ka 2009, o ne a kopanela le batshameki ba motseletsele wa drama ya SABC1 ya Montana mme a tshameka karolo ya "Dalene Phillips". Seabe se ne sa ratwa thata, moo a neng a tswelela go tshameka seabe se le mo pakeng ya bobedi. Ka 2012, o ne a tsenelela motshameko wa metlae wa Mzansi Magic S.I.E.S., mme a tshameka karolo ya "Prudence Plaitjies". Ka 2015, o ne a dira karolo ya tshegetso ya "Maxine" mo drameng ya SABC3 ya Roer Jou Voete.[1] Ka 2017, o ne a tlhagelela mo pakeng ya bobedi ya motseletsele wa kykNET Getroud met rugby ka seabe sa "Lindy". Go sa le jalo, o ne a tlhagelela gape jaaka "Cecile" mo motshamekong wa SABC2 wa 7de Laan ka 2017.[9] Ka 2018, o ne a boeletsa karolo eo mo motseletseleng o. Mme ka 2020, o ne a tsenelela paka ya bolesome le borataro ya motshameko wa kykNET wa Seburu wa Binnelanders ka seabe sa "Sasha".

Kwa ntle ga thelebišene, o ne a tshameka mo difiliming tse dintsi tse di tlhamaletseng mo bidiong jaaka; Die Staat se Bul, n Hondelewe, le Die Skandaal. Ka 2018, o ne a tlhagelela mo filiming e e tlhageletseng ya Farewell Ella Bella e e neng e kaelwa ke Lwazi Mvusi. Ka one ngwaga oo, o ne a golola pina ya gagwe ya ntlha ya "Walk It Off". Mo filiming o ne a tshameka karolo ya "Sheri". Mme go tloga ka Sedimonthole a le lesome le boferabongwe go fitlha ka Firikgong a le garataro 2018, o ne a tsamaisa pontsho ya motho a le mongwe, metlae e e tshegisang From Koe'siestes to Kneidlach kwa Baxter Theatre.[10] Pontsho e ne ya amogela ditshwaelo tse di siameng go tswa mo batshwayadiphosong.[11][12] Ka 2020, o ne a tlhagelela mo bidiong ya DHL Stormers le Ditsala, mo pineng ya "The Crossing.[13] Ka 2021, o ne a tsenelela difilimi tse pedi: filimi ya masaitsiweng ya SABC2 ya Swartwater paka ya boraro le drama ya metlae ya SABC2 ya "Ak'siSpaza".[5]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Filimi Karolo Genre Ref.
2007 Geraldina die Tweede Florys TV series
2009 The Philanthropist Receptionist TV series
2009 Montana Dalene Phillips TV series
2012 S.I.E.S. Prudence Plaaitjies TV series
2014 Die Staat se Bul Rebecca TV movie
2015 n Hondelewe Lientjie April TV movie
2015 Roer Jou Voete Maxine TV series
2017 Getroud met rugby Lindy TV series
2017 7de Laan Cecile Whittaker TV series
2018 Farewell Ella Bella Sheri Film
2019 Die Skandaal Frezia van der Walt TV movie
2020 Binnelanders Sasha TV series
2021 Swartwater Wenitha TV series
2021 Ak'siSpaza Jade TV series
TBD Grow Fiona TV series
  1. 1 2 3 "APM: Chantal Stanfield". Artistes Personal Management. Archived from the original on 30 July 2017. Retrieved 29 Phalane 2025.
  2. "Chantal Stanfield shares his 80s and 90s inspired playlist". 702. Archived from the original on 17 August 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  3. "Chantal Stanfield Tells and Does it Her Way In Koe'siestes to Kneidlach". De Beer Necessities. 15 June 2018. Archived from the original on 27 February 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  4. "A Conversation with Chantal Stanfield". Sarafina Magazine. 20 December 2017. Archived from the original on 2 March 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  5. 1 2 3 "Chantal Stanfield: TVSA". www.tvsa.co.za. Archived from the original on 20 November 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  6. "RJ Benjamin and Chantal Stanfield in love". www.tvsa.co.za. Archived from the original on 19 April 2015. Retrieved 29 Phalane 2025.
  7. "Actress Chantal Stanfield And Music Producer Husband RJ Benjamin Are Pregnant!". OkMzansi. 21 February 2019. Retrieved 29 Phalane 2025.
  8. "Actress Chantal Stanfield Welcomes Her First Child!". OkMzansi. 18 July 2019. Archived from the original on 14 February 2020. Retrieved 29 Phalane 2025.
  9. Venge, Tinashe (28 April 2017). "Gallery: Newest '7de Laan' residents". All4Women. Archived from the original on 20 November 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  10. "#MusicExchange: Chantal Stanfield". www.bizcommunity.com. Archived from the original on 20 January 2018. Retrieved 29 Phalane 2025.
  11. "From Koe'sisters to Kneidlach review". The Citizen. 21 June 2018. Retrieved 29 Phalane 2025.
  12. Rutter, Karen (23 December 2017). "Review: 'Koe'siestes to Kneidlach'". WeekendSpecial. Archived from the original on 27 February 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  13. "Chantal Stanfield: My ultimate SA music playlist". www.iol.co.za. Archived from the original on 25 February 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.