Chantal Yayi

Chantal de Souza Yayi (O belegweka 28 Ferikgong 1949) Ke mopolotikiwa kwa Benin le mosadi wa ga Tautona ya Benin wa pele Benin Go tswa kwa go 2006 go ema ka 2016.Ke mosadi wa ga Tautona Thomas Boni Yayi, wa pele.
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Chantal de Souza Yayi, yo o tlholegileng kwa Ouidah, ke leloko la lelapa le le itsegeng la De Souza, ba ba tlholegileng kwa Portugal le Brazil, ba ba nnang go dikologa toropo e e mo lotshitshing. [1] [2] O na le bana ba motho ba le lesome, go akaretsa mogolowe yo o tlhokafetseng, Marcel Alain de Souza (1953- 2019), yo e neng e le ramatlotlo le Moporesidente wa maloba wa ECOWAS Commission. [ 1][3] Yayi ke setlogolo sa ga Francisco Félix de Sousa, yo e neng e le mogwebi wa makgoba wa kwa Brazil e bile e le motlatsa kgosi wa Ouidah. Ke setlogolo sa ga Isidore de Souza, yo o neng a direla jaaka Moarekabishopo wa Roman Catholic Archdiocese ya Cotonou go tloga ka 1990 go fitlha ka 1999.[ 1]
Morwarragwe yo mogolo, Marcel de Souza, o ne a mo itsise monna wa gagwe wa isago, Thomas Boni Yayi. Ene le Boni Yayi ba na le bana ba le batlhano. Ka ngwaga wa 2008, Chantal Yayi le Thomas Boni Yayi, yo e leng setlogolo sa dikgosana tsa Yoruba tsa Sabe ka boena, ba ne ba fiwa maemo a boeteledipele ke kgosi ya Nigeria ya Ile-Ife, Olubuse II.[ 4]
Jaaka mosadi wa ntlha, Yayi o ne a tlhoma mogopolo mo thutong le tlhokomelo ya boitekanelo.[ 5]
Fa a ne a ipaakanyetsa ditlhopho tsa boTautona tsa kwa Benin tsa 2016, Yayi o ne a thusa morwarraagwe go tlhoma lekoko le lennye la sepolotiki, Republican Front for a Patriotic Alternative, kgotsa Front républicain pour une alternative patriotique, (Frap), e Marcel Alain de Souza a neng a e eteletse pele mme a e dirisa go tlhoma kemedi ya gagwe ya boporesitente. [1] Le fa go ntse jalo, Marcel de Souza o ne a amogela fela 0.13% ya diboutu.[ 6]
Ka 2021, go begwa gore Yayi o ne a nna le seterouku morago ga go nna le mathata a boitekanelo ka dikgwedi di le dintsi.[ 7] O ne a alafiwa kwa yuniting ya tlhokomelo e e tseneletseng ya Centre National Hospitalier Universitaire-Hubert Maga (CNHU) kwa Cotonou pele a fofisetswa kwa bookelong kwa Yuropa go ya go alafiwa kwa tshimologong ya Motsheganong 2021. [ 7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1]Duhem, Vince (2016-04-20). "Bénin : Marcel de Souza, à la fois proche de Thomas Boni Yayi et de Patrice Talon". Jeune Afrique. Archived from the original on 2016-08-28. Retrieved 2021-08-02.
[2]Hessoun, Charly (2011-01-01). "La première dame Chantal Yayi dans le viseur des Ouidaniens". La Nouvelle Tribune. Archived from the original on 2021-01-16. Retrieved 2021-07-27.
[3]"Marcel de Souza, ancien Président de la Commission de la Cédéao, est décédé". Radio France International. 2019-07-18. Archived from the original on 2020-04-06. Retrieved 2021-08-02.
[4]"His Imperial Majesty, Alayeluwa Oba Okunade Sijuwade, Olubuse ll- The Ooni of Ife". theooni.org. Archived from the original on 3 March 2013. Retrieved 17 October 2015.
[5]Da Silva, Christopher (2016-04-28). "Rôle et place des Premières dames au Bénin: Quelle sera la marque de Claudine Talon?". La vraie info. Archived from the original on 2020-11-27. Retrieved 2021-07-27.
[6]Matthieu Millecamps (2019-07-17). "Bénin : décès de Marcel de Souza, ancien président de la Commission de la Cedeao" (in French). Jeune Afrique. Archived from the original on 2020-08-03.
[7]Houngbadji, Cochimau S. (2016-05-11). "Bénin: évacuée en Europe, l'ex-première dame, Chantal Yayi, toujours souffrante". Benin Web TV. Archived from the original on 2021-08-04. Retrieved 2021-08-04