Jump to content

Chantelle Boye-Hlorkah

Go tswa ko Wikipedia

Chantelle "Chaney" Boye-Hlorkah (/ˈʃæni ˌbɔɪəˈlɔːrkə/ SHAN-ee BOY-ə-LOR-kə;[1]yo o tshotsweng ka Lwetse a ferabobedi 1995) ke motshameki wa kgwele ya dinao yo o tshamekang ka fa letlhakoreng la setlhopha sa Bommampodi ba Basadi sa Nottingham Forest. O tsholetswe kwa Enyelane, mme o tshamekela setlhopha sa bosetšhaba sa Ghana.

Morago ga go tshamekela Everton dingwaga di ferabongwe, Boye-Hlorkah o ne a tsenelela Aston Villa mme moragonyana a tsenelela London City Lionesses, kwa a neng a le karolo ya setlhopha se se neng sa tlhatlhosiwa go ya kwa WSL. O ne a le karolo ya setlhopha sa Ghana kwa Sejaneng sa Ditšhabatšhaba sa Basadi sa Aforika sa 2024.

Tiro ya setlhopha

[fetola | Fetola Motswedi]

Boye-Hlorkah o simolotse go ikatisa kgwele ya dinao kwa Setheong sa Botswerere sa Basadi sa Everton.[2]

O ne a tshameka lekgetlho la ntlha mo setlhopheng se ka 2013. Ka Motsheganong wa setlha sa 2013 o ne a nosa nno ya gagwe ya ntlha mo setlhopheng sa Blues kgatlhanong le Doncaster Rovers Belles.[2] Morago ga gore Everton e fenye 2017 Spring Series, o ne a newa konteraka ya gagwe ya ntlha ya nako e e tletseng le setlhopha sa ntlha.[3] Ka Seetebosigo a le lesome le bobedi 2020, o ne a saena konteraka e ntšha ya ngwaga o le mongwe le setlhopha seo.[4]

Aston Villa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2021, Boye-Hlorkah o ne a saena konteraka ya dingwaga di le pedi le Aston Villa. O ne a tshameka metshameko e le masome mabedi le bobedi mo liking ka nako ya fa a ne a le mo setlhopheng seo.

London City Lionesses

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe a le masome a mabedi le boraro 2023, go ne ga itsisiwe gore Boye-Hlorkah o ikopantse le London City Lionesses go tswa kwa Aston Villa ka konteraka ya ngwaga o le mongwe. Ka Phukwi a le lesome le boraro 2024, setlhopha se ne sa itsise gore se atolositse konteraka ya gagwe ngwaga o mongwe. Ka Motsheganong a le lesome le botlhano 2025, setlhopha se ne sa itsise gore o tla tsamaya fa konteraka ya gagwe e fela.

Nottingham Forest

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe a le lesome le bobedi 2025, Boye-Hlorkah o ne a itsisiwe kwa Nottingham Forest ka konteraka ya dingwaga di le pedi.

Tiro ya boditšhabatšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Boye-Hlorkah o emetse Enyelane mo maemong a U-19 le U-23.[2] Ka Moranang 2025, o ne a amogela pitso ya gagwe ya ntlha go ya kwa setlhopheng sa bosetšhaba sa Ghana kwa metshamekong e mebedi kgatlhanong le Senegal. Ka Moranang a le malatsi matlhano ka 2025, o ne a tshameka lekgetlho la ntlha mo setlhopheng, a tla jaaka moemedi wa ga Evelyn Badu mo sebakeng sa oura e le nngwe.

Ka Seetebosigo a le masome mararo 2025, Boye-Hlorkah o ne a bidiwa go tsenelela setlhopha sa Ghana sa Sejana sa Ditšhaba sa Basadi sa Aforika sa 2024.

Dipalopalo tsa tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka 27 Motsheganong 2023.

Setlhopha Setlha Liki FA Cup League Cup Palogotlhe
Division Diponagatso Dino Diponagatso Dino Diponagatso Dino Diponagatso Dino
Everton 2013 FA WSL 10 2 0 0 1 0 11 2
2014 0 0 0 0 0 0 0 0
2015 0 0 0 0 2 0 2 0
2016–17 0 0 0 0 0 0 0 0
2017–18 10 1 0 0 4 0 14 1
2018–19 17 3 0 0 4 1 21 4
2019–20 10 0 0 0 3 1 13 1
2020–21 10 1 0 0 3 0 13 1
Total 57 7 0 0 17 2 74 9
Aston Villa 2021–22 Women's Super League 18 0 0 0 4 2 22 2
2022–23 4 0 0 0 2 0 6 0
Total 22 0 0 0 6 2 28 2
London City Lionesses 2023–24 Championship 18 5 2 1 3 2 23 8
2024-25 5 2 0 0 1 0 6 2
Palogotlhe 23 7 2 1 4 2 29 10
Palogotlhe ya tiro 92 14 2 1 27 6 121 21

Everton

  1. "Get To Know: Chaney Boye-Hlorkah". Facebook. 26 April 2020. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.
  2. 1 2 3 "Chantelle Boye-Hlorkah | Everton Football Club". www.evertonfc.com. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.
  3. Rachel Rose Gold (13 September 2017). "Everton Ladies sign forward to one-year deal". Royal Blue Mersey. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.
  4. "Chantelle Boye-Hlorkah: Everton forward extends deal with WSL club". www.bbc.co.uk.