Charles Abani
Charles Abani | |
---|---|
Mogokaganyi wa Baagi wa Ditšhaba Tse di Kopaneng | |
Assumed office Motsheganong 2020 | |
Ka Ga Ena | |
O tsetswe | 17 Motsheganong 1960 (dingwaga 64) |
Moagi Wa | Mo-Nigeria Baborithane |
Alma mater | Sekolo sa Kgwebo sa Saïd Mmadikolo wa Ahmadu Bello Mmadikolo wa Nigeria |
Charles Abani (o tshotswe ka Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le bosupa ka 1960) ke diplomat wa Nigeria le Borithane, Moporofešenale wa Tlhabololo ya Boditšhabatšhaba le Mogokaganyi wa Baagi wa Ditšhabakopano kwa Ghana.[1] Pele ga foo, e ne e le Mokaedi wa Bophirima, Aforika Bogare le Haiti kwa Chemonics International[2] mme o kile a nna Tautona wa Lekoko la lenaneo la Setšhaba sa Baagi ya USAID kwa Nigeria.[3]
Botshelo jwa pele le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Charles Abani o tsholetswe kwa Afikpo, kwa Nigeria ke Rre wa Mo-Igbo le mmè wa Moesemane. Abani o na le degree ya ntlha ya Hisitori le Thutamarope go tswa kwa Mmadikolo wa Nigeria, kwa Nsukka le degree ya masters ya maranyane ya sepolotiki go tswa kwa Mmadikolo ya Ahmadu Bello, kwa Zaria. Gape o ne a tsena Sekolo sa Kgwebo sa Saïd sa Mmadikolo wa Oxford kwa a neng a ithuta Tsamaiso le Botsamaisi jwa Kgwebo gone.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Magareng ga 1995 le 1999, Charles Abani o ne a direla jaaka Mokaedi wa le fatshe la Nigeria wa VSO ya Tirelo ya Boithaopo kwa Moseja, a laola leano la tlhabololo le tshwaelo ka kakaretso go tswa mo baithaoping ba le 90 go ralala lefatshe. Ka 1999, o ne a tlhomiwa go nna Mokaedi wa lefatshe la Nigeria wa Thuso ya Tiro mme morago ga moo a dira jaaka Motsamaisi wa Ditiro tsa Kgaolo ya Aforika go fitlha ka 2007 fa a ne a fudugela kwa Oxfam jaaka Mokaedi wa Kgaolo ya Aforika Borwa. Charles Abani gape o dirile jaaka mokaedi yo o okametseng wa ARK International,[4] Moeteledipele wa Lekoko la lenaneo la Setšhaba sa Baagi sa Nigeria sa Setheo sa Tlhabololo ya Boditšhabatšhaba sa United States le Mokaedi wa Bophirima, Aforika Bogare le Haiti kwa Chemonics. O nnile le maitemogelo a mantsi mo dinetewekeng tsa tlhabololo le botsamaisi mo Aforika mmogo le tiro ya tlhabololo mo maemong a boditšhabatšhaba. Gape o na le maitemogelo a go dira mo makaleng a a ikemetseng le mo pusong kwa UK.
Mogokaganyi wa Baagi wa Ditšhabakopano
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Motsheganong 2020, Mokwaledikakaretso wa Ditšhabakopano António Guterres o ne a tlhoma Charles Abani go nna Mogokaganyi wa Baagi ba Ditšhabakopano kwa Ghana.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "UNSDG | Secretary-General appoints Charles Abani of Nigeria UN Resident Coordinator in Ghana". unsdg.un.org.
- ↑ "Civil Society, Civic Engagement, and Independent Media". Chemonics International.
- ↑ "Participatory Systems Approaches to Advocacy in Nigeria: A Three-Volume Series - Root Change". January 8, 2020.
- ↑ "Matching Fund partner ARK works to defeat rotavirus". www.gavi.org.
- ↑ "Secretary-General Appoints Charles Abani of Nigeria United Nations Resident Coordinator in Ghana; Meetings Coverage and Press Releases". www.un.org.