Jump to content

Charlotte Dipanda

Go tswa ko Wikipedia

Charlotte Dipanda (o belegwe ka 18 Phukwi 1985) ke moopedi wa kwa Cameroon yo gantsi a tshamekang mmino wa acoustic. Mafoko a gagwe a kwadilwe ka Sefora, puo ya gaabo ya Bakaka, le ka Se-Douala.

Botshelo le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Dipanda o dirile rekoto ya gagwe ya ntlha le moletsi wa katara Jeannot Hens. E ne ya gololwa ka 2002. O ne a bonwa ke moopedi wa kwa Congo Lokua Kanza, mo thulaganyong e e bulegileng ya mmino kwa tlelapeng ya Yaoundé. Morago o ne a fudugela kwa Fora, kwa a neng a dira le moopedi wa kwa Congo e bong Papa Wemba. Dipanda o ne a neela Manu Dibango, Rokia Traoré, le Axelle Red dipina tsa kwa morago. Dipanda o dira bontsi jwa dikonsarata tsa gagwe kwa Yuropa mme gape o kile a tshameka kwa Palais des sports kwa motseng wa gaabo wa Yaoundé. Alebamo ya gagwe ya ntlha ya solo e bidiwa Mispa mme e ne ya gololwa ka 2008. Ka 2014, o ne a golola alebamo ya gagwe ya boraro e e bidiwang 'Massa'. Alebamo ya gagwe ya bobedi 'Dube L'am' e ne ya gololwa ka 2011. Charlotte Dipanda e ne e le mongwe wa baatlhodi ba lenaneo la The Voice Afrique Francophone le le neng le gasiwa mo kanaleng ya Vox Africa ka 2016.

Mo kgatisong ya 2018 ya Balafon Music Awards, o ne a amogela dikgele tse pedi, e leng Female Voice of the Year le clip ya ngwaga le Sista. O ne a gapa sekgele sa 2015 AFRIMA sa Album of the Year le Best Artiste in African Contemporary ka go latelana.[ 3]

Ditlankana tsa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Charlotte Dipanda o na le ditumalano tsa tshegetso, morago ga go nna moemedi wa Unicef, ka 2019.[ 4]

[1] "Top Musicians From Cameroon". Culture Trip. 20 August 2018. Retrieved 26 May 2024.

[2] "10 influential African musicians of the 2010s". Music In Africa. 26 December 2019. Retrieved 26 May 2024.

[3] "Diamond Platnumz and Charlotte Dipanda win big at 2015 AFRIMA". Music In Africa (in French). 16 November 2015. Retrieved 26 May 2024.

[4] "Cameroon: Singer Charlotte Dipanda becomes Unicef Ambassador". Business in Cameroon. Retrieved 26 May 2024.

[5] "Charlotte Dipanda use new album celebrate 10 years for music". BBC News Pidgin. 30 March 2018. Retrieved 26 May 2024.

[6] AfricaNews (14 May 2021). "Cameroonian singer Charlotte Dipanda releases album on her life's journey to empower women, girls". Africanews.