Jump to content

Charlotte Edwards

Go tswa ko Wikipedia

Charlotte Marie Edwards CBE (o tshotswe ka Sedimonthole 1979) ke motshameki wa pele wa kerikete wa kwa Enyelane le mokatisi wa ga jaana wa kirikete le mogasi. O ne a tshameka thata e le motshameki yo o dirisang letsogo la moja go betsa kgwele. O ne a tshameka mo metshamekong e le 23 ya Test, 191 ya One Day International le 95 ya Twenty20 Internationals a tshamekela Enyelane magareng ga 1996 le 2016. O ne a tshamekela East Anglia, Kent, Hampshire le Southern Vipers, le go tshamekela Northern Districts, Western Australia, Perth Scorchers, South Australia le Adelaide Strikers.[1]

Edwards o tsewa e le mongwe wa batho ba ba botlhokwa thata mo kiriketeng ya basadi.[2] Ka nako ya fa a ne a simolola go tshameka mo lefatsheng ka bophara ka 1996, mo motshamekong wa teko kgatlhanong le New Zealand, e ne e le mosadi yo monnye go tshamekela Enyelane.[2] Ka 1997, letsatsi pele ga letsatsi la gagwe la matsalo la bolesome le boferabobedi, o ne a bona metabogo e e kwa godimo go gaisa mo motshamekong wa Women's One Day International (WODI), a nosa 173* kgatlhanong le Ireland.[2][3] O na le diponagatso tsa bobedi go gaisa mo metshamekong ya Women's Test matches, le go iponagatsa go gaisa botlhe kwa Enyelane mo WODIs.[4][5] Gape ke ene motshameki wa bobedi wa kwa Enyelane yo o dirileng metabogo e le mentsi mo metshamekong ya Women's Test, le motshameki yo o dirileng metabogo e le mentsi mo metshamekong ya WODIs le Women's Twenty20 Internationals (WT20Is).[6][7][8] O ne a tlhophiwa go nna ICC Women's Cricketer of the Year ka 2008, le PCA Women's Player of the Year le Wisden Cricketer of the Year ka 2014.[9][10][11] O ne a abelwa MBE ka 2009 le CBE ka 2014.[12] Ka ngwaga wa 2022, o ne a tsenngwa mo ICC Cricket Hall of Fame.[13]

  1. "Player Profile: Charlotte Edwards". CricketArchive. Retrieved 13 February 2025.
  2. 1 2 3 "Player Profile: Charlotte Edwards". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025.
  3. "Records/Women's One Day Internationals/Batting Records/Most runs in an innings". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025
  4. "Records/Women's Test Matches/Individual Records (Captains, Players, Umpires)/Most Matches in a Career". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025.
  5. "Records/England Women/Women's One Day Internationals/Most matches". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025.
  6. "Records/England Women/Women's Test Matches/Most runs". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025.
  7. "Records/England Women/Women's One Day Internationals/Most runs". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025.
  8. "Records/England Women/Women's Twenty20 Internationals/Most runs". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025.
  9. "Chanderpaul scoops top ICC award". BBC Sport. 10 September 2008. Retrieved 13 February 2025.
  10. "Edwards proud of PCA award". Professional Cricketers' Association. 28 September 2019. Retrieved 13 February 2025.
  11. "Wisden's Five Cricketers of the Year". ESPNcricinfo. 16 May 2005. Retrieved 13 February 2025
  12. "England cricketer Charlotte Edwards made a CBE in Queen's Birthday Honours". Berkshire Live. 13 June 2014. Retrieved 13 February 2025.
  13. "Charlotte Edwards: Record run-scorer, inspirational captain and cricketing trailblazer". International Cricket Council. Retrieved 13 February 2025.