Jump to content

Charlotte Street Hotel

Go tswa ko Wikipedia

Charlotte Street Hotel ke hotele ya dinaledi di le tlhano ya manobonobo kwa Lontone, kwa Engelane. E kwa 15 Charlotte Street kwa Fitzrovia.

Charlotte Street Hotel
General information
Location15 Charlotte Street, Fitzrovia, London, England, United Kingdom
Coordinates51°31′5.99″N 0°8′6.04″W / 51.5183306°N 0.1350111°W / 51.5183306; -0.1350111
Opening5 June 2000

[1]Hotele e ne ya bulwa ka 5 Seetebosigo 2000 mme e na le dikamore di le 52.[2]

Charlotte Street Hotel ke hotele ya segompieno e e nang le didirisiwa tsa lekgolo la bo20 la dingwaga le tsa segompieno le setshwantsho sa Botero. E na le tiro ya bataki ba kwa Boritane jaaka Roger Fry, Duncan Grant, Alexander Hollweg le Vanessa Bell.[3]

Hotele e ne e dirilwe ke Kit Kemp, yo ka boomo a neng a batla gore go dirwe hotele e e tshwanang le ya Lontone ya segompieno. Hotele e na le Oscar Restaurant and Bar e e fang dijo tsa kwa Boritane kwa boalong jo bo kwa tlase go bapa le lobby ya hotele. Sebaka seno se bulela kwa mmileng wa selegae mo dikgweding tsa selemo kwa bontsi jwa badiragatsi ba metswedi ya dikgang ba ikhutsang teng.[4]

Mo boalong jo bo kwa tlase go na le diphaposi tse pedi tse di bulegileng le diphaposi tse di atlhameng tsa boamogedi le phaposi ya go bontsha difilimi e e nang le ditulo tsa letlalo tsa Ferrari di le 67, tse di bontshang difilimi maitseboa. [5]Hotele e na gape le diphaposi tse pedi tsa dikopano, laeborari le phaposi ya boitekanelo mo boalong jo bo kwa tlase. [6]

  1. McGrath, Ginny (22 August 2006). "Charlotte Street Hotel, London W1". The Times. Archived from the original on 4 June 2011. Retrieved 24 February 2010.
  2. "Charlotte Street Hotel". Visit London. Archived from the original on 27 May 2009. Retrieved 25 February 2010
  3. "Charlotte Street Hotel". Miles Faster. Retrieved 25 February 2010.
  4. "Charlotte Street Hotel". Miles Faster. Retrieved 25 February 2010.
  5. "Charlotte Street Hotel". Miles Faster. Retrieved 25 February 2010.
  6. "Charlotte Street Hotel". Miles Faster. Retrieved 25 February 2010.