Cheryl Harris
Cheryl Harris | |
|---|---|
| Thuto | Wellesley College (BA) Northwestern University (JD) |
| Tiro | Morutunsthi wa molao |
| Mosadi | Keorapetse Kgositsile |
| Bana | Earl Sweatshirt |
Cheryl I. Harries ke moithuti wa tsa molao wa kwa America. Ke motlhatlhelela dithuto tsa molao kwa sekolong sa molao sa UCLA, kwa a leng modulasetilo wa lekgotla la Rosalinde and Arthur Gilbert.[1]
Harries o tumile ka mokwalo wa Whiteness as Property, e e gatisitsweng ka Seetebosigo 1993 mo pampiring ya Harvard Law Review.[2][3] Mo pampiring eo, Harris o tlhalosa ka sesupo sa batho basweu le maemo a bone mo setshabeng sa makgoba.[4]
Harris o ne a nyetswe ke molweladitshwanelo Keorapetse Kgositsile, bobedi joo ba nna le ngwana e bong seopedi Earl Sweatshirt. Ka Morule a le malatsi a supa ngwaga wa 2024, ene le Early ba ne ba kopana kwa mabolokelong a ditso tsa botaki kwa Los Angeles a bua ka thuto le mmino.[5]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Harris o ne a aloga ka degree ya gagwe ya ntlha kwa Wellesley College ka 1973 le J.D go tswa kwa Northwestern University Pritker School of Law ka 1978.[2]
Dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]Harris o amogetse dietsele di le dintsi, e le go lemoga seabe sa gagwe mo thutong ya molao. Ka 2005, o ne a nna moamogedi wa seetsele sa ACLU Foundation sa thuto ya molao wa ditshwanelo tsa selegae. Ka 2018, o ne a amogela seetsele sa UCLA sa Rutter sa go gaisa mo thutong, dingwaga di le nne morago, o ne a atswiwa ka seetsele sa go nna morutuntshi o o gaisitseng sa UCLA. Fa godimo ga dietsele tsa gagwe e le morutuntshi, khuduthamaga ya UCLA ya 2024 e ne ya mo atswa ka seetsele sa lephata la go itlama mo thutong.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Harris, Cheryl | UCLA Law". law.ucla.edu. Retrieved 17 November 2025.
- 1 2 Warren, James (5 September 1993). "WHITENESS AS PROPERTY". The Chicago Tribune. Retrieved 17 November 2025
- ↑ Harris, Cheryl I. (1993). "Whiteness as Property". Harvard Law Review. 106 (8): 1707–1791. doi:10.2307/1341787. ISSN 0017-811X. JSTOR 1341787.
- ↑ Bouie, Jamelle (8 May 2020). "The Anti-Lockdown Protesters Have a Twisted Conception of Liberty". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 17 November 2025
- ↑ "Earl Sweatshirt x MOCA in conversation with Cheryl Harris". www.flaunt.com. Retrieved 17 November 2025
- ↑ "Cheryl Harris earns top UCLA honor for her career commitment to diversity | UCLA Law". law.ucla.edu. Retrieved 17 November 2025.