Jump to content

Chidimma Adetshina

Go tswa ko Wikipedia

Chidimma Vanessa Onwe Adetshina (o tshotswe ka kgwedi ya Ferekgong ale boferabobedi (8) ka ngwaga wa 2001) ke mmampodi wa kgaisano ya bontle wa Nigeria-South Africa yo o neng a fenya Miss Universe Nigeria 2024.[1][2]O ne a emela Nigeria kwa kgaisanong ya Miss Universe 2024 kwa Mexico mme a fetsa e le mmampodi wa ntlha. [3] O ne gape a rolelwa serwalo sa Miss Universe Africa le Oceania jaaka moanelwamogolo wa maemo a a kwa godimo wa mo Aforika wa ngwaga wa 2024. O ne a beilwe mo maemong a a kwa godimo go gaisa mo kgaisanong ya Miss Universe.[4]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Chidimma Vanessa Onwe Adetshina o belegetswe kwa Soweto, Afrika Borwa ke rre wa Mo-Igbo wa kwa Nigeria, le mmagwe wa kwa Mozambique.[5] Rraagwe o tswa mo lotsong lwa Ba-Igbo fa mmaagwe e le Mo-Mozambique yo o latofadiwang ka go dira boferefere jwa boitshupo mo Aforika Borwa. Adetshina o goletse kwa Cape Town, mo Afrika Borwa. Ka ngwaga wa 2024, ke moithuti wa molao.[6][7][8][9]

Tsa Mabontle

[fetola | Fetola Motswedi]

Mohumagadi wa Aforika Borwa 2024

Adetshina o tsene mo kgaisanong ya Miss South Africa 2024,[7][9] fela morago ga gore Lefapha la Merero ya Selegae le dire dipatlisiso ka ga boagi jwa ga mmaagwe, o ne a ikgogela morago mo kgaisanong eo, a tlhalosa gore o tshwenyegile ka pabalesego le boitekanelo jwa gagwe. [10][11]Patlisiso e ne ya senola bosupi jwa go tsietsa le go utswa boitshupo jo bo amanang le go bona boagi jwa Aforika Borwa ga mmaagwe ka ngwaga wa 2001. Go ne ga bolelwa gore o ne a sa kgone go tsaya karolo mo kgaisanong ka ntlha ya kgetsi e e neng e santse e le teng.[12][13]

Dikganetsano

Go nna le seabe ga Adetshina mo kgaisanong ya Miss South Africa go ne ga sekasekwa ka kelotlhoko ka ntlha ya dipotso tse di malebana le boagi jwa gagwe le go tshwanelega.[14][6][15] Go ne ga nna le matshwenyego mabapi le boagi jwa gagwe jwa bobedi jwa Afrika Borwa le Nigeria, go dira gore Lefapha la Merero ya Selegae la Afrika Borwa le batlisise ka ga gagwe. Dipatlisiso di ne tsa supa gore go na le bosupi jwa gore go ka nna ga nna le mathata ka go nna moagi wa Aforika Borwa ga mmaagwe. Go ne ga twe Lefapha la Merero ya Selegae le ne le rulagantse go tsaya dikgato tse dingwe, tse di ka nnang tsa akaretsa ditatofatso tsa bosenyi tse di ka nnang teng go ikaegilwe ka diphitlhelelo tsa patlisiso. Adetshina o ne a bona tshegetso go tswa mo bathong ba ba neng ba mmona jaaka moemedi wa baagi ba ba farologaneng ba Afrika Borwa. Lekoko la sepolotiki la letsogo la molema la Aforika Borwa, Economic Freedom Fighters,[16][17][18]le ne la mo sireletsa phatlalatsa, la kopa gore go fedisiwe go tlhoiwa ga batswakwa mo Aforika Borwa le go buelela go akaretsa batho botlhe. Fa makoko a mangwe, e leng African National Congress le Patriotic Alliance [19]ba ne ba buelela gore go batlisisiwe ka bosetshaba jwa gagwe. Tona ya Merero ya Selegae, Leon Schreiber, o ne a tlhomamisa gore lefapha le ka tlhotlhomisa bosetšhaba jwa ga Adetshina fela fa lelapa la gagwe le sena go kopa jalo.[20][21][22][23]

Kgaisano ya Miss South Africa e ne ya bolela fa Adetshina a diragaditse ditlhokego tsotlhe tsa go tsaya karolo mo kgaisanong.[24]

Ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2024, Lefapha la Merero ya Selegae la Aforika Borwa le ne la phimola dipampiri tsa gagwe tsa boitshupo tsa Aforika Borwa morago ga go batlisisa gore mmaagwe o tswa kae.[25]

Ditlamorago

Ka ntlha ya go tlhaselwa ga Adetshina ke MaAforika Borwa, barulaganyi ba Puebla Festival de las Ideas ba ne ba gogela morago ditaletso tsa bone go batshameki le baeng ba Aforika Borwa ka 2024.[26]Batsamaisi ba ne ba tlhalosa mo lekwalong la bone la X gore go tlosiwa ga bone go ne go bakilwe ke go bo Aforika Borwa e nyatsa molao-motheo wa tshiamiso le tekatekano, mmogo le seriti sa botho se moletlo o neng o batla go se boloka. Naga e ne e sa tlhole e le mo lenaaneng jaaka naga e e tlhagelelang mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Mexico. [27][28]Morago ga tiragalo ya Miss Universe 2024, Chidimma o boletse fa a fudugetse kwa Nigeria.[29] Mo potsolotsong ya BBC Pidgin morago ga kgaisano, Adetshina o netefaditse gore o tla tlogela karolo ya go nna kgosigadi ya bontle ya botshelo jwa gagwe ka go tsepamisa mogopolo mo thutong.[30]

Miss Universe Nigeria 2024

Ka kgwedi ya Phatwe ele masome a mararo le bongwe (31) ka ngwaga wa 2024, Adetshina, o ne a emela Taraba State mme a fenya Miss Universe Nigeria 2024, kwa Eko Hotels and Suites, Victoria Island, Lagos. Kgaisano eno e ne e bapisiwa le dikgaisano tse dingwe di le masome a mabedi le bone (24), mme e ne ya gasiwa mo GOtv le mo YouTube. Adetshina o ne a tswelela go emela Nigeria kwa Miss Universe kwa Mexico, ka Ngwanatsele 2024.[31][32]

Mohumagadi wa Lobopo wa 2024

Setlhogo se segolo: Miss Universe 2024

Adetshina o ne a emela Nigeria kwa Miss Universe 2024, ka kgwedi ya Ngwanatsele ale lesome le borataro (16) ka ngwaga wa 2024, kwa Arena CDMX kwa Mexico City. Adetshina o ne a nna mofenyi wa bobedi, fa a ne a gaisana le batshameki ba ba tswang kwa dinageng di le 126. Victoria Kjær Theilvig wa kwa Denmark o ne a fenya kgaisano eno. [2] Adetshina's placement is Nigeria's highest at Miss Universe.[5]

Mohumagadi wa Lobopo wa Aforika le Oceania

Adetshina o ne gape a rwesiwa serwalo sa go nna Miss Universe Africa le Oceania jaaka moanelwamogolo wa maemo a a kwa godimo wa Aforika wa ka ngwaga wa 2024.[4]

  1. Akhimien, Nosakhale (17 November 2024). "Miss Universe 2024: Chidimma Adetshina is first runner-up". Premium Times Nigeria. Retrieved 17 November 2024
  2. 1 2 "Chidimma Adetshina emerges first runner-up at Miss Universe 2024 | Western Post". 17 November 2024. Retrieved 17 November 2024
  3. "Miss Universe nombra cuatro reinas continentales". El Vocero de Puerto Rico. 2 November 2024. Retrieved 17 November 2024
  4. 1 2 Mosadioluwa, Adam (17 November 2024). "Miss Universe 2024: Chidimma Adetshina makes history as first runner-up". Tribune Online. Retrieved 17 November 2024
  5. 1 2 Hunter, Qaanitah. "How a beauty queen became the face of South Africa-Nigeria tensions". Al Jazeera. Retrieved 4 October 2024
  6. 1 2 "Miss South Africa finalist faces xenophobic online abuse over Nigerian heritage". The Independent. 2 August 2024. Retrieved 4 August 2024.
  7. 1 2 Savage, Rachel (1 August 2024). "Miss South Africa contestant faces backlash over Nigerian father". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 4 August 2024.
  8. Akhimien, Nosakhale (23 July 2024). "Miss South Africa 2024: Finalist Chidimma Adetshina faces xenophobic backlash". Premium Times Nigeria. Retrieved 1 September 2024
  9. 1 2 "Miss South Africa 2024: Chidimma Adetshina's participation sparks nationality row". www.bbc.com. Retrieved 4 August 2024.
  10. Ncwane, Nokwanda (1 August 2024). "'Xenophobic minister': Gayton McKenzie slammed for comments on Miss SA finalist". The South African. Retrieved 4 August 2024.
  11. "Miss South Africa 2024: Chidimma Adetshina dey qualified to contest - Organisers respond to calls for her disqualification". BBC News Pidgin. 30 July 2024. Retrieved 4 August 2024
  12. "Chidimma Adetshina 2024: Net Worth, Profile, Husband, Nationality, Parent, Age, Wikipedia - POP GOLDEN MAGAZINE". 3 August 2024. Archived from the original on 8 August 2024. Retrieved 8 August 2024.
  13. "Miss South Africa contest in turmoil as finalist's mother accused of fraud". The Guardian. Agence France-Presse. 7 August 2024. ISSN 0261-3077. Retrieved 8 August 2024
  14. Heever, Megan van den (4 August 2024). "'I'll apologise': Gayton on IF Chidimma can 'prove' SA citizenship". The South African. Retrieved 4 August 2024.
  15. Maako, Compiled by Keitumetse. "'Not my father': Miss SA finalist Chidimma Adetshina dispels rumours following viral video". Life. Retrieved 4 August 2024.
  16. "Home Affairs Found Prima Facie Indications of Fraud Committed by Chidimma Adetshina's Mother". Briefly.co.za. 7 August 2024. Retrieved 7 August 2024.
  17. "Home Affairs Department probe finds mom of Miss SA contestant may have committed identity theft". News24. 7 August 2024. Retrieved 7 August 2024
  18. "Home Affairs makes shocking findings on Chidimma Adetshina's citizenship". Swisher Post. 7 August 2024. Retrieved 7 August 2024
  19. Heever, Megan van den (4 August 2024). "'I'll apologise': Gayton on IF Chidimma can 'prove' SA citizenship". The South African. Retrieved 4 August 2024.
  20. Molapo, Maki. "Prima facie evidence that Chidimma Adetshina's mother may have committed fraud, identity theft - Home Affairs". EWN. Retrieved 8 August 2024.
  21. "Chidimma Adetshina citizenship: Home Affairs for South Africa release preliminary findings on Miss SA contestant". BBC News Pidgin. 7 August 2024. Retrieved 8 August 2024.
  22. Thamm, Marianne (7 August 2024). "Miss SA saga is a blot on our country's constitutional DNA". Daily Maverick. Retrieved 8 August 2024
  23. Heever, Megan van den (2 August 2024). "Opinion: Tatjana's dad is also a foreigner, so why 'hate' Chidimma?". The South African. Retrieved 4 August 2024.
  24. "Discussion | Miss SA 2024 | Pageant says Adetshina meets all requirements - eNCA". www.enca.com. 4 August 2024. Retrieved 4 August 2024
  25. Kupemba, Danai Nesta (31 October 2024). "South Africa to strip beauty queen of ID documents". BBC. Retrieved 31 October 2024
  26. Zuma, Mbalenhle (9 August 2024). "'Victimisation' of Adetshina costs SA a spot at Puebla Festival". Sunday World. Retrieved 14 September 2024
  27. Zuma, Mbalenhle (9 August 2024). "'Victimisation' of Adetshina costs SA a spot at Puebla Festival". Sunday World. Retrieved 14 September 2024
  28. "Puebla Literature Festival Withdraws South African Guests Over Chidimma Adetshina Controversy". The Guardian Nigeria News - Nigeria and World News. 9 August 2024. Retrieved 14 September 2024
  29. Savage, Rachel (20 November 2024). "Miss Universe runner-up to move to Nigeria after South Africa nationality row". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 20 November 2024
  30. Mosadioluwa, Adam (20 November 2024). "Why I'm quitting pageantry — Chidimma Adetshina". Tribune Online. Retrieved 24 November 2024
  31. Princewill, Nimi (16 August 2024). "Miss South Africa finalist at center of nationality row to compete in Nigerian pageant instead". CNN. Retrieved 17 August 2024.
  32. "Chidinma Adetshina to compete in Miss Universe Nigeria after Miss South Africa row". www.bbc.com. Retrieved 17 August 2024