Chilel Jawara
| Chilel, Lady Jawara | |
|---|---|
| Mohumagadi wa the Gambia | |
| In office Moranang a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1970 – Phukwi a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1994 | |
| President | Dawda Jawara |
| Pele Ga Gagwe | Fanta Singhateh |
| Morago Ga Gagwe | Tuti Faal |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Chilel N'Jie 1952 |
| Mo/Bakapelo | Dawda Jawara |
Chilel, Lady Jawara (o a neng a fana ka N'Jie pele; o o tshotsweng ka 1952[1]) ke mohumagadi wa pele wa The Gambia le motlholagadi wa ga tautona wa pele Sir Dawda Jawara.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Chilel Jawara ke morwadia mogwebi o o humileng Momodou Musa N'Jie (o o tshotsweng ka 1914 a tlhokafala ka 1990) leloko la batho ba Toucouleur. Rraagwe e ne e le leloko la phathi ya ga Pierre Sarr N'Jie ya United Party. Morago ga gore morwadie a nyalwe ke Jawara, o ne a ema nokeng People's Progressive Party (PPP).
Fa a santse a tsena sekolo sa Gambia High school (se gompieno se itsegeng ka Gambia Senior Secondary School) o ne a nyalwa ke tonakgolo wa gambia o a neng a tloga a nna tautona Dawda Jawara (o o tshotsweng ka 1924 a tlhokafala ka 2019) ka mopitlo 1969 a le dingwaga di le lesome le borataro. Monna wa gagwe o ne a kile a nyala Augusta Jawara pele (o o tshostweng ka 1924 a tlhokafala ka 1981) go tswa ka 1955 go fitlhelela ba kgaogana ka 1967. E ne e le mohumagadi wa Gambia go tswa ka 1970 go tsena 1994. O ne a na le bana ba robabobedi le ene. Mopolotiki wa Gambia Fatuumatta Njai ke setlogolo sa gagwe.
Ka 1978, sekepe sa Lady Chilel Jawara se ne sa reelelwa ka ene.
Ka 1981, ka maiteko a go thankgola puso a a neng a eteletswe pele ke Kukoi Samba Sanyang, Chilel Jawara o ne a falodisiwa ke sesole sa difofane sa Britain kgotsa go ya ka metswedi e mengwe ke sesole sa Senegal, mo barulaganying ba thankgolo ba ba neng ba mo gapile sebaka sa beke.[2][3][4]
Chilel Jawara o ne a pata monna wa gagwe mo maetong a kwa mafatsheng, a akaretsa China ka 1975 le 1991,[5][6] le South Korea ka 1984.[7]
Ka 1993, o ne a amogela tlotla ya ga prince Henry go tswa kwa go tautona wa Portugal.
Ka 2018, o ne a ipelela dingwaga di le masome matlhano a le mo lonyalong le monna wa gagwe.[8] Tautona wa pele Dawda Jawara o tlhokafetse ka Phatwe a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2019.[9]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ David Perfect (27 May 2016), Historical Dictionary of The Gambia (in German), Rowman & Littlefield, pp. 238, 320, ISBN 978-1-4422-6526-4
- ↑ Adekeye Adebajo, Ismail O. D. Rashid, Ismail Rashid (2004), West Africa's Security Challenges: Building Peace in a Troubled Region (in German), Lynne Rienner Publishers, ISBN 978-1-58826-284-4, retrieved 2025-10-24
- ↑ African Concord (in German), Concord Press of Nigeria, 1986, retrieved 2025-10-24
- ↑ The Economist (in German), Economist Newspaper Limited, 1981, retrieved 2025-10-24
- ↑ Issues & Studies (in German), Institute of International Relations, Republic of China, 1975, retrieved 2025-10-24
- ↑ United States Foreign Broadcast Information Service (1991), Daily Report: People's Republic of China (in German), National Technical Information Service, retrieved 2025-10-24
- ↑ Korea Observer (in German), Academy of Korean Studies., 1984, retrieved 2025-10-24
- ↑ "Celebrating 50 years of marriage: Lady Chilel praised as role model for women". WhatsOn-Gambia.com. 2018-04-04. Archived from the original on 2019-12-27. Retrieved 2025-10-24
- ↑ Turkewitz, Julie (2019-09-04). "Dawda Jawara, Founding Father of Gambia, Dies at 95". New York Times. Archived from the original on 2019-09-04. Retrieved 2025-10-24