Jump to content

Chinedum Iregbu

Go tswa ko Wikipedia
Chinedum 'Maxzy' Iregbu, at the Senegambia Beach Hotel, Kololi, Banjul, Gambia (2012)

Chinedum Iregbu (o tsholetswe kwa Zaria, kwa mmusong wa Kaduna, kwa bokonebophirima jwa Nigeria) ke modiri wa difilimi le mmoki wa kwa Nigeria. Chinedum gka jaana ke Motsamaisi wa Taolo ya Boleng wa sesupaditshwantsho ya EbonyLife, Motshameko wa DSTV wa 165. O itsege thata ka leina la Moitshepi Maxzy kgotsa Maxzy.

Chinedum Iregbu ke Mokaedi yo Mosha wa Difilimi wa Nigeria, Motsamaisi le Motshwantshi wa Difilimi wa nakwana. O na le setankana sa Tlhagiso ya Difilimi go tswa kwa Setheong sa Katiso sa Imagine sa Difilimi sa ga Gaston Kabore, kwa Ouagadougou, kwa Burkina Faso, setankana sa dipoloma sa Puisano ya Bontsi go tswa kwa mmadikolo wa Jos le dikirii ya ntlha ya Botsweretshi jwa Difilimi/Tlhagiso ya Ditshwantsho tse di Tsamayang go tswa kwa Setheong sa Bosetšhaba sa Difilimi, kwa Jos, se se kwa mmusong wa Plateau , kwa Nigeria.

Difilimi tsa gagwe jaaka Mokaedi di akaretsa karolo ya sepolotiki e e fentseng sekgele, Mo Ditlhakong tsa ga Dele Giwa, Letshwao la Potso, Setso sa ga Dud, e e tlhophetsweng lefelo la Talente ya Berlinale ya 2008 le[1] Anfara,[2] e e etsisang nngwe ya dilo tse di bakang dikhuduego tsa selegae mo mafelong a le mantsi a Nigeria, Direct BedeB ‘ Tseleganya le Maduo a a Gaisang kwa Dikabong tsa Boswa tsa TVC tsa Bolaodi jwa sesupaditshwantsho sa Nigeria tsa 2011, mme gape o fentse Kabo ya Modiri wa Difilimi yo o Tlhagelelang wa 2012 kwa Moletlong wa Difilimi wa Aforika wa Silicon Valley le Anfara.

Dipego tsa gagwe di akaretsa: "Ntlha ya go sa boele morago" tshwaelo ya bosetlhogo jwa Motho kgatlhanong le diphologolo, Mokgatlho o Mogolo wa Khomišene wa Hisitori ya Aforika Bophirima, Lalle, e e leng pego e e buang katattoo ya selegae,tokomane e e buang ka Masaitsiweng a Loso le Leeto la ga Becky (2014),[3] pego ya Sine Plambech (Denmark) e e buang ka bafaladi ba ba seng ka fa molaong go tswa kwa Nigeria go ya kwa Yuropa jalojalo.

Ke mongwe wa ditalente tse dintšhwa tse di neng tsa laelwa go filima dikarolo di le masome a mabedi tsa Dipego go gopola ngwaga wa bo masome a matlhano wa boipuso jwa Nigeria mme ba dirile mo difiliming tse dintsi tsa dipego tse di laetsweng ke Dipuso tsa lefatshe kwa Nigeria go akaretsa le Mmusi Liyel Imoke le Mmusi Emmanuel Eweta Uduaghan.

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]

Fano go na le lenaneo la ditiro dingwe tse a di dirileng mo maemong a a farologaneng: Mothusa Mokaedi, Di-Lillies of the Ghetto, filimi e e tshegediwang ka matlole ke Gottemburg, D.O.P., Lemon Green, tlhagiso ya Ditshwantsho tsa Ponelopele, Mothusa Mokaedi, Matlapa a Madi, setheo sa Goethe sa go Bolaya Aforika, Tlhagiso ya go Fodisa Aforika,Mmadikolo wa John Homise, lenaneo le le tshegediwang ka matlole.

Chinedum gape o diretse mekgatlho e e jaaka sesupaditshwantsho sa Soundcity , Aljazeera, Dikgele tsa AMAA, Copa Coca-Cola, go umaka di le mmalwa fela, ga jaanong jaana ke Motsamaisi wa Taolo ya Boleng jwa sesupaditshwantsho sa EbonyLife , Motshameko wa 165.

Dikgele le ditlotlo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mofenyi: Kabo ya Modiri wa Difilimi yo o Tlhagelelang wa 2012 “ANFARA – BA SIMOLOLE” (MOKAEDI, MOTLHAGISI, MORULAGANYI) Moletlo wa Difilimi wa Aforika wa Silicon Valley, Los Angeles

DIKGELE TSE DI NTSI: Mofenyi: Botshwantshi jo bo Gaisang, Tseleganyo e e Gaisang, Maduo a a Gaisang le Mokaedi yo o Gaisang “ANFARA – BA SIMOLOLE” (MOKAEDI, MOTLHAGISI, MORULAGANYI) NTA TVC DIKGELE SA LEGACY 2011

Ditlhopho Tse Dintsi: “MO DITLHAKONG TSA DELE GIWA” (Motlhagisi/MOKAEDI) MOKETE WA BODITŠHABATŠHABA WA DIFILIMI O O KHUTSHWANE, 2011

Mofenyi: Moletlo o o moKHUTSHWANE WA DIFILIMI WA “MEFUTA YOTLHE YA MATHATA” (D.O.P) WA DIFILIMI TSE DI KHUTSHWANE, 2011

Mofenyi: Filimi e e Gaisang ya Baithuti kwa Moletlong wa Boditšhabatšhaba wa Difilimi wa Zuma Abuja, Nigeria ka Filimi ya “MO DITLHAKO TSA DELE GIWA” 2010 (Motlhagisi/MOKAEDI)

Ditlhopho tse dintsi: Diawate tsa Terracotta (2010). Lagos ka Filimi ya “BOTALA JWA LEMONE” (2009). (Mokaedi wa Ditshwantsho) SINEMATOGRAFI E E MOLEMO GO GAISA.

Tlhopho ya Semmuso: Moletlo wa Boditšhabatšhaba wa Difilimi wa bo 58th wa Berlin (2008). lefelo la Talente ya Berlinale, Berlin- Jeremane ka Filimi ya “SETSWA SA GA DUD” (2007). (Mokaedi)

Tlhopho ya Semmuso: Lonely Hearts Club – Letlha la NGO Batlhami ba Difilimi BTC Jeremane 2008 ka sekwalwa sa “PHETHO” (Mokwadi)

[4][5][6][7][8][9][10][11][12][13][14]

  1. "Saint Maxzy". Berlinale-talents.de. 2017-02-16. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14.
  2. "Anfara". YouTube. 2011-03-22. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14
  3. "Becky's Journey (2014)". IMDb.com. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14
  4. "Chinedum Irebu". IMDb.com. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14
  5. "Which is Which Nigeria". Gamji.com. Archived from the original on 2008-11-20. Retrieved 2025-03-14
  6. "SVAFF". SVAFF. Archived from the original on 2012-05-22. Retrieved 2025-03-14
  7. "Beyond The Storm By Chinedum Iregbu". OnlineNigeria.com. 2006-08-18. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-15.
  8. "CHINEDUM IREGBU - Lagos Nigeria, Ebonylife TV, SoundCity TV, National film Institute, Nigeria. Imagine Film Institute BurkinaFaso". About.me. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-15.
  9. "Chinedum Maxcy Iregbu". Dfi.dk. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14.
  10. "In Dele Giwa's Shoes". Berlinale-talents.de. 2017-02-16. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14.
  11. "Nollywood Film Festival". Events.stanford.edu. Archived from the original on 2015-10-09. Retrieved 2025-03-14.
  12. Julia Blaise (2016-07-31). "Welcome to Julia Blaise Blog : JBB Exclusive: Students uncover Sorry State of Nigeria Film Institute (Photos)". Juliablaise.com. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14.
  13. "o l i v e r . l e r o n e . s c h u l t z » Talentcampus Berlinale – NGOs Date Filmmakers [moderation]". Lerone.net. 2008-02-13. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14.
  14. "SVAFF 2012 - Souvenir Program by Silicon Valley African Film Festival". Issuu.com. 2012-10-11. Archived from the original on 2017-03-12. Retrieved 2025-03-14.