Chipo Mugeri-Tiripano
Chipo Spiwe Mugeri-Tiripano (yo o tshotsweng ka Mopitlo a le malatsi a mabedi ka 1992) ke motshameki wa kirikete wa kwa Zimbabwe yo o kileng a nna mokapotene wa setlhopha sa bosetshaba sa basadi sa kwa Zimbabwe. Ke motshameki wa makgonatsotlhe, yo o itayang kgwele ka letsogo la molema gape a tika ka lobelo lo lo fagare, ka letsogo la moja.
Tiro ya pele
[fetola | Fetola Motswedi]Mugeri o tswa kwa toropong ya Mutare.[1] O ne a simolla tshameko ya gagwe ya boditshabatshaba Zimbabwe mo metshamekong ya 2008 World Cup Qualifier kwa Aforika Borwa, a le dingwaga di le lesome le botlhano.[2] E ne e le motshameki wa bobedi yo monnye mo setlhopheng, mme e le mongwe wa ba le bararo ba ba neng ba na le dingwaga di le lesome le botlhano.[3] Mugeri o ne a tlhagelela mo metshamekong e le mene ya setlhopha sa gagwe mo kgaisanong eo, a dira metabogo e le masome a marataro, mme a tsaya diwikete di le tharo.[4] Dipalo tsa gagwe tse di gaisang tsa go betsa le go tika, di ne tsa tla mo motshamekong o ne oo, fa a ne a dira metabogo e le masome mararo le borobabobedi a bo a tsaya 1/8 kgatlhanong le Bermuda.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "The first couple of local cricket", The Sunday Mail, 3 April 2016. Retrieved 14 February 2025.
- ↑ Women's limited-overs matches played by Chipo Mugeri, CricketArchive. Retrieved 14 February 2025.
- ↑ Zimbabwe Women Squad / Players, ICC Women's World Cup Qualifying Series, ESPNcricinfo. Retrieved 14 February 2025.
- ↑ Records / ICC Women's World Cup Qualifying Series, 2007/08 - Zimbabwe Women / Minor cricket (one-day/limited overs) / Batting and bowling averages, ESPNcricinfo. Retrieved 14 February 2025.
- ↑ Bermuda Women v Zimbabwe Women, ICC Women's World Cup Qualifying Series 2007/08 (5th Place Play-off Semi-Final)], CricketArchive. Retrieved 14 February 2025.