Jump to content

Chris Ihidero

Go tswa ko Wikipedia
Chris Ihidero
Tsalo
Christopher Olugbenga Ihidero

19 Mopitlwe 1976 (dingwaga di le 49)
LetsoMonigeria
Ke moMonigeria
Thutommadikolo wa mmuso waa Lagos, mmadikolo wa Ibadan
TiroModiri wa Difilim | Mmegadikgang | Mogasi
Notable work
Fuji House of Commotion

Chris Ihidero (o tshotswe ka 19 Mopitlo e tlhola malatsi 1976) ke modiri wa difilimi wa kwa Nigeria. Ke mokwadi yo mogolo/morulaganyi wa dikgang mo terameng ya sesupaditshwantsho ya MNet ya Hush.[1]

ka ga ene

[fetola | Fetola Motswedi]

Ihidero o na le dikirii ya ntlha le ya bobedi ya Dikwalo-ka-Sekgowa go tswa kwa mmadikolo wa mmuso wa Lagos le kwa mmadikolo wa Ibadan.

O dirile jaaka motshameki wa bobogelo, mogasi, mokwadi wa dikgang, morulaganyi wa dimakasine le motrutuntshi wa mmadikolo. Go tloga ka 2005, o ne a ruta kwa Sekolong sa Dithuto tsa Nakwana sa mmadikolo wa mmuso wa Lagos.

Ka 2007, o ne a tsenela Amaka Igwe Studios, e e neng e le kompone e e di gogang kwa pele ya go tlhagisa ditshwantsho le dibidio kwa Nigeria, e le mokaedi yo o katisiwang. Go tswa foo, o ne a tlhatloga go nna motsamaisi mogolo ka 2010. Gape o ile a dira jaaka Mokaedi wa Dithuto kwa Senthareng ya Botswerere mo Dithutong tsa Difilimi le Bobegakgang kwa Lagos, e e neng e le lekala la patlisiso le katiso la Amaka Igwe Studios.

Ka Lwetse 2013, Ihidero o ne a nna motsamaisi mogolo ywa Neteweke ya Boitlosobodutu ya Q.

Ka Lwetse 2014, o ne a simolola PinPoint Media e leng kompone ya bobegakgang le tlhagiso ya 360. PinPoint Media ke kompone ya mme ya Sekolo sa Difilimi sa Lagos (LFA), ScreenKraft le TNS.

Ka Sedimonthole 2014, o ne a simolola Dikgang tsa Boammaaruri tsa Nollywood (TNS), jaaka lefelo la dikgang, maikutlo, ditlhatlhobo, dikakanyo le tshedimosetso ka kakaretso go dikologa madirelo a difilimi tsa Nigeria.

Ka 2015, e ne e le motlhagisi mo Motseletseleng wa Shuga ya bone.[2][3]

Ihidero gape o ntse a na le seabe mo go katiseng batho ba Nigeria bokgoni jwa go anela dikgang. Dithuto tse di jaaka ntlo ya borutelo ya Botswerere ya go Kwala Dikgang le sesupaditshwantsho.[4][5]

Bobegadikgang

[fetola | Fetola Motswedi]

Ihidero e ntse e le modulasetulo wa Boto ya Batseleganyi ya Boitlosobodutu jwa Nigeria Gompieno (NET) fa e sa le ka 2012.

E ne e le morulaganyi wa makasine wa MADE, wa mokgwa wa botshelo wa banna. go tloga ka 2007 go fitlha ka 2009.

Gape o dirile jaaka mokwadi wa dikgang tsa makwalodikgang, mo The Guardian, TheNET le TNS dingwaga di feta lesome.[6]

Tiro ya go kaela difilimi

[fetola | Fetola Motswedi]

Ihidero o laotse diura di feta lekgolo tsa terama ya sesupaditshwantsho. O dirile difilimi tse pedi tse dikhutshwane, go akaretsa le Big Daddy (2012), filimi e e buang ka petelelo, e e neng ya bontshiwa la ntlha kwa Silverbird Cinemas kwa Lagos ka Sedimonthole 2011. Ka dipono tse di fetang 500,000, e nnile filimi e khutshwane e e lebelelwang thata kwa Nigeria.[7] Filimi e ne ya gapa "Sekgele se se Kgethegileng sa Lekgotla la Baatlhodi" le "Sekgele sa go Tseleganya se se Gaisang" kwa Moletlong wa Boditšhabatšhaba wa Difilimi wa 2012 o o neng wa tshwarelwa kwa Lagos ka DPhalane 2012.[8]

Ka 2015, Ihidero o ne a thusa go kaela "go ntiragalete", filimi e khutshwane e e kwadilweng ke Amaka Igwe. E ne ya bontshiwa lekgetlo la ntlha kwa Ntlokgolong ya UNESCO kwa Paris ka Ngwanaitseele 2013, le kwa Nigeria ka Moranang 2015.[9]Filimi e ne ya laolwa jaaka karolo ya Lenaneo la Ditšhabakopano la HIV/AIDS (UNAIDS) le le ikaeletseng go dirisa maano a a maleba le setso go nonotsha go nna le seabe ga bašwa mo ditirong tsa thibelo ya HIV/AIDS kwa Nigeria.

  • Fuji House of Commotion – Mokaedi, dikarolo tse di fetang masome a matlhano le bobedi, Metlae ya sesupaditshwantsho, fa e sa le ka Lwetse 2008
  • Jaanong re Nyalane – Mokaedi, Terama ya sesupaditshwantsho , dikarolo di le lesome le borobabobedi, 2009/2012.
  • VIP – Mokaedi, Dikarolo di le lesome le botlhano, Filimi e e Tshwenyang ya sesupaditshwantsho, 2010
  • Big Daddy, Mokwadi-Mokaedi-Motlhagisi, Filimi e Khutshwane (Metsotso e le lesome le bobedi). 2011.
  • Go Ntiragaletse – Mokaedi. Filimi e Khutshwane (Metsotso e le lesome le botlhano). 2013.
  • Shuga – Motlhagisi. 2014.
  • HUSH – Motseletsele wa MNET. – Mokwadimogolo/mogatisi wa Dikgang
  • E THIBELWE – Motseletsele wa MNET. -Mokwadi yo Mogolo/ Motsamaisi wa Dipontsho

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "CPA Interview – Chris Ihidero talks movies, TV and cinema in Nigeria". CPAfrica. 7 March 2017. Archived from the original on 17 January 2018. Retrieved 2025-03-14
  2. Sylvans, Winston (11 July 2017). "'MTV Shuga' Is Returning To Nigeria Next Year". Konbini Nigeria. Archived from the original on 17 January 2018. Retrieved 2025-03-14
  3. "MTV SHUGA returns to Nigeria for sixth and seventh season". The Express Tribune. 14 July 2017. Retrieve2025-03-14
  4. "Chris Ihidero announces Nollywood storytelling workshop". Nigerian Entertainment Today. 16 September 2015. Retrieved 2025-03-14
  5. Izuzu, Chidumga. "Chris Ihidero: Filmmaker trains 40 media enthusiasts in Storystory Masterclass". Retrieved 2025-03-14
  6. "Chris Ihidero announces Nollywood storytelling workshop". Nigerian Entertainment Today. 16 September 2015. Retrieved 2025-03-14
  7. "With over 510,000 Views, Chris Ihidero's 2012 Short Film 'Big Daddy' is the Most-Watched Nigerian Short Film on YouTube!". Bella Naija. Retrieved 2025-03-14
  8. "Watch the Award Winning Film by Amaka Igwe & Chris Ihidero, 'Big Daddy' as it Premieres Online Today". Bella Naija. 17 October 2012. Retrieved 2025-03-14
  9. Izuzu, Chidumga. ""It Happened to Me": Amaka Igwe"s last film gets released [Video]". Retrieved 2025-03-14.