Jump to content

Christina Jasson

Go tswa ko Wikipedia

Christina 'Chrissie' Jasson e ne e le mokwaledi wa Aforika Borwa le leloko la mokgatlho wa badiri go tswa kwa Port Elizabeth, yo o neng a latofadiwa ka boepa puso kwa Tshekong ya Rivonia.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Christina Jasson o tshotswe ka 1928. O ne a bereka e le clerk kwa Port Elizabeth.

Go nna le seabe mo dipolotiking

[fetola | Fetola Motswedi]

Botlhaga jwa gagwe jwa sepolotiki bo ne bo akaretsa go etelela pele diteraeke di le mmalwa mme o ne a le matlhagatlhaga mo mekgatlhong wa badiri moo a neng a rulaganya dijo, badiri ba go dira ditlatlana le badiri ba matsela. O ne a dira mmogo le Leslie Massina, Raymond Mhlaba, Wilton Mkwayi, Vuyisile Mini le Frances Baard.[1]

O ne a dira jaaka mokwaledi yo o tshwareletseng wa Komiti ya Tiro ya cape Botlhaba fa gare ga 1954 le 1955. Jasson o ne a tlhophiwa go nna leloko la komiti ya bosetšhaba ya khuduthamaga ya Mokgatlho wa Basadi ba Aforikaborwa kwa bokopanong jwa go simolola e e neng e tshwerwe kwa ntlolehalahala jwa Kgwebisano kwa Johannesburg, ka Moranang 17, 1954 bokopano jwa Khonkerese ya Borwa e ne ya tsaya karolo. Mekgatlho ya Badiri (SACTU) e e emelang Mokgatlho wa Badiri ba madirelo a Matsela. E ne e le leloko la komiti kgolo ya bokopano jwa Bosetšhaba ya SACTU ka 1956.[2]O ne a itsholofetse fa a ne a latofadiwa ka go tsuololola puso mme a emala tsheko kwa Tshekong ya Rivonia. O ne a le ga gare ga motseletsele wa bobedi wa batho ba ba neng ba loga leano mmogo le ene. Balatofadiwa ba le 156 ba ne ba tshwarwa mme ba isiwa kwa kgolegelong ya Johannesburg, e e neng e itsege jaaka ‘the Fort’, kwa banna le basadi ba neng ba kgaoganngwa teng. Ga go itsiwe go le kalo ka maemo a basadi bano ba neng ba lebane le one ka nako ya fa ba ne ba le kwa kgolegelong.[3] Morwadie o ne a tsholwa ka nako ya tsheko. Ditatofatso tsa go tsuologela puso di ne tsa sutlhiwa. O tlhokafetse ka 1999.[4]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Bernstein, Hilda, 1975. Ka Diphenyo tsa Bone le ka Dikeledi tsa Bone - Basadi mo Tlhaolele Aforika Borwa, Letlole la Boditšhabatšhaba la Tshireletso le Thuso, London, United Kingdom.

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. ANC Today. Volume 7, No. 18. 11—17 May 2007. http://www.anc.org.za/docs/anctoday/2007/at18.htm Archived 2017-09-04 at the Wayback Machine Accessed 29 August 2017
  2. "Christina Jasson | South African History Online". www.sahistory.org.za. Retrieved 22-11-25
  3. Jabulani Buthelezi. Rolihlahla Dalibhunga Nelson Mandela. Trafford Publishing. 6 Jul 2006
  4. "60 Iconic Women — the people behind the 1956 Women's March to Pretoria". mg.co.za. 25 August 2016. Retrieved 22-11-25