Jump to content

Christine Botlogetswe

Go tswa ko Wikipedia

Christine Ayanda Botlogetswe (o tshotswe ka kgwedi ya Diphalane thola bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le botlhano (1995) ke motshameki wa Botswana yo o tabogang ka lobelo lwa 400 metres.[1] O ne a gaisana kwa Diolimpiking tsa ngwaga dikete tse pedi le lesome le borataro (2016), o ne a taboga nako ya 52.37 mo motshamekong wa ntlha.[2]O tabogela Orapa Athletics Club mme o katisiwa ke Justice Dipeba,[3] yo gape a katisang Isaac Makwala, monna wa bosupa yo o lebelo go gaisa mo ditsong

O ne a kgona go hetela mo legatong le lengwe la go emela Botswana kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya Selemo sa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020).[4]

  1. https://worldathletics.org/athletes/-/14472776
  2. "Rio 2016". Archived from the original on 21 August 2016.
  3. Olympics | Philly". Archived from the original on 9 October 2016. Retrieved 6 October 2016
  4. Sib, Anastacia; a (16 June 2021). "Botswana: Women Prove Point". allAfrica.com. Retrieved 19 June 2021