Jump to content

Christine Idris Smith

Go tswa ko Wikipedia

Christine Idris Smith ( o tshotswe ka kgwedi Sedimonthole e le lesome le borarao (13) ka ngwaga wa 1946 abo a thokafala ka kgwedi ya Motsheganong e le boferabobedi (8) ka ngwaga wa 1979 [1]) e ne e le motshameki wa ski wa kwa Australia. O ne a tlhalosiwa e le "motho wa moriri o moleele wa mmala o o pududu o o nang le setshwantsho sa 'mosetsana wa Australia yo o bapileng le nna.'" [2]

Smith o ne a tsholelwa kwa Cooma mme o ne a ithuta go thuma ka ski a sa le monnye. E ne e le "motsamai wa ski yo o nang le setaele ebile a le bogale"[2]yo o neng a gaisana mo Commonwealth Winter Games ya ngwaga wa 1962[1]mme a fenya Thredbo Cup kwa Australia ka ngwaga wa 1963 ⁇ 64.[3] Kwa metshamekong ya ngwaga wa 1964 ya Diolimpiki tsa Mariga, Smith o ne a nna wa bo masome a mabedi le bosupa (27) mo go ba le 43 mo kgaisanong ya go fologa. Gape o ne a nna wa bo28 le wa bofelo mo kgaisanong ya slalom mme a se ka a tlhola a kgona go tsenela kgaisanong ya giant slalom.[4][5]Ditiragatso tsa gagwe di ne tsa amiwa ke loso lwa moganetsi wa gagwe Ross Milne. [2]

Ka ngwaga wa 1965, fa a ntse a fola morago ga kotsi ya ski kwa Yuropa, o ne a thapiwa go ruta The Beatles go thuma ka ski mo filiming ya bone ya Help!, mme o ne a tshameka mo filiming eo mo thulaganyong e khutshwane ya skiing. Smith o ne a gaisana mo World Ski Championships kwa Chile ka ngwaga wa 1966, mme a ruta skiing kwa Thredbo le kwa mafelong a mangwe pele a tlhoma kgwebo ya go kgabisa ka fa teng ka ngwaga wa 1974.

Botshelo le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1977 o ne a nyala Wayne Arthur Garland.[1]

Smith o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 1979, a na le dingwaga di le 32. Lebaka la loso e ne e le go ipolaya.[2]

  1. 1 2 3 Smith, Christine Idris (1946–1979) at the Australian Women's Register.
  2. 1 2 3 4 Smith, Christine Idris (1946–1979) at the Australian Dictionary of Biography.
  3. Evans, Hilary; Gjerde, Arild; Heijmans, Jeroen; Mallon, Bill; et al. "Christine Smith". Olympics at Sports-Reference.com. Sports Reference LLC. Archived from the original on 18 April 2020.
  4. "Christine Smith Alpine Skiing". Australian Olympic Committee. Retrieved 23 July 2009.
  5. Harry Gordon, Australia and the Olympic Games (University of Queensland, 1994), p. 417.