Christine Ntegamahe Mwebesa
| Motlotlegi Christine Ntegamahe Mwebesa | |
|---|---|
| Mothusa modulasetilo wa komiti ya botsogo ya kwa Uganda | |
| Assumed office 2016 | |
| Ntlhopheng wa kgaolo ya Kabale | |
| In office 1994–1995 | |
| Mopalamente wa mme wa kgaolo ya Kabale | |
| In office 1996–2001 | |
| Morago Ga Gagwe | Hope Mwesigye |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Christine Ntegamahe Mwebesa |
| Tiro | Ngaka ya tsa botsogo Motlhoma melao |
Christine Ntegamahe Mwebesa ke ngaka ya tsa botsogo wa kwa Uganda gape e le mopalamente wa pele o a neng a emetse kgaolo ya Kabale mo palamenteng ya Uganda ya borataro ya ngwaga wa 1994 (1996 go tsena 2001). O ne a emelelwa ke Hope Mwesigye mo ditlhophong tsa lefatshe tsa 2002. pele ga a nna mopalamente, o ne a emetse kgaolo eo ya botlhophi e le ntlhopheng mo khuduthamageng ya kgaolo ka 1994.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ditlhopho tsa Uganda tsa 1994, Mwebesa o ne a tlhophiwa go emela kgaolo ya Kabale.[1] Morago, o ne a bereka e le moemedi wa mme wa kgaolo eo kwa palamenteng ya borataro ya Uganda go tswa ka ngwaga wa 1996 go tsena 2001.[1]
Ka ngwaga wa 2016, e ne e le mongwe wa ba ba amogetseng seetsele sa boipuso jwa masome a matlhano, go lemogiwa go bereka ka manontlhotlho ga bone le go nna boitshoko mo kgaolong go tswa ka Phalane a robabongwe ngwaga wa 1962 go tsena Phalane a robabongwe ngwaga wa 2012.[2]
E ntse e le ka ngwaga wa 2016, o ne a tlhophiwa ebile a tlhomamisiwa go nna mothusa modulasetilo wa komiti ya tsa botsogo ya Uganda, maemo a a tshegeditseng go tsena gompieno.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "CMIS Repository | Parliament of Uganda". retrieved 12 May 2026
- ↑ "Muntu, Muhoozi awarded independence medals". New Vision.
- ↑ "Health Service Commission". hsc.go.ug. Archived from the original on 26 June 2022. Retrieved 12 May 2026