Jump to content

Christopher Pere Ajuwa

Go tswa ko Wikipedia
Pere Ajuwa
Tsalo
Pere Ajuwa

Ngwanatsele 23,1941
Nigeria
Leso31 Hirikgong 2017(dingwaga 75)
TiroMoenjere, Mogwebi, mopolotiki
O itsegi kaNtlhopheng wa botautana le bolweladitshwanelo jwa Ba-Ijaw
TitleKgosi, Ngaka
MosadiHelen Ajuwa
BanaEbiere Irene Ajuwa-Musa, Amaebimo Ebi Esther Ajuwa, Elias Pere Ajuwa, Tare Ajuwa, Layefa Ajuwa

Christopher 'Pere' Ajuwa ( Ngwanaitseele e tlhola malatsi a le lesome le boraro ka 1941 – Ferikgong e tlhola malatsi ale masome a mararo le bongwe ka 2017) e ne e le monna wa ntlha go tswa kwa kgaolong ya Niger Delta ya Nigeria go tsenela ditlhopho tsa go nna Tautona wa Nigeria.[1] E ne e le rakgwebo yo o botlhale ka dingwaga tsa bo 1980 le bo 1990, mme o ne a itsege thata ka ditiro tsa gagwe tsa go thusa batho.[2]

Kakaretso

[fetola | Fetola Motswedi]

Christopher 'Pere' Ajuwa o tsholetswe kwa mmusong wa Bayelsa, e e kwa Nigeria Borwa, kwa dikgaolong tsa Niger Delta. E ne e le rakgwebo yo o atlegileng, mothusi wa batho le mopolotiki.Kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo 1980, Pere e ne e le motho wa ntlha wa Niger Deltan mo hisetoring ya segompieno ya bosetšhaba ya Nigeria go tsena mo metsing a a kotsi a sepolotiki a lefatshe la Nigeria.O ne a dira letsholo le go buelela ka bopelokgale go ralala Nigeria a buelela batho ba kgaolo ya gagwe, Ba-Ijaw. O ne a akanya gore batho ba ba tswang kwa kgaolong ya Niger Delta, e e ntshang lotseno lo lo seng kana ka sepe lo lo tshegetsang boiketlo jwa naga ya Nigeria, ba tshwanetse go nna le seabe se segolo le go solegelwa molemo ka tekatekano go tswa mo metsweding e mentsi e kgaolo ya bone e e tlamelang.

Kgosi Pere Ajuwa o ne a tshegetsa maiteko otlhe a batho ba Ijaw a go amogelwa ka tshwanelo le go fiwa boipelo jwa bone mo dipolotiking, mo itsholelong le mo dikarolong tse dingwe tsa maiteko a batho ka go dirisa didiriswa tsa gagwe go lwela kgololosego ya sepolotiki le itsholelo ya batho ba bannye ba Borwa-Borwa, segolo banna le basadi ba morafe wa gagwe, ba ba neng ba bogisiwa ke dingwaga tsa go tlhokomologiwa le go tingwa ke ditiro tsa dikompone tsa oil.[3]

Kgabagare, ka 1993 Pere o ne a tsena mo ditlhophong tsa ntlha tsa botautona kgatlhanong le Alhaji Bashir Tofa ka fa tlase gathulalaganyoya lekoko la Kopano ya Bosetšhaba ya Rephaboliki (NRC). Morago ga moo, ka 2003 le 2007, o ne a tsenela ditlhopho tsa go nna tautona wa Nigeria kgatlhanong le tautona Muhammadu Buhari (2015-2019) ka fa tlase ga mokgatlho wa All People Party (ANPP).[4] Le fa Pere a ne a sa fenye epe ya ditlhopho tseno, tlhoafalo ya gagwe le moya wa gagwe wa go tlhomama di ne tsa dira gore boradipolotiki ba le bantsi ba ba botlana go tswa kwa Niger Delta ba eletse go nna tautona wa Nigeria.[5] E ne e le monna wa khumo, le mothusi wa mewa e mentsi go tswa kwa Niger Delta le kwa ntle ga yone. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, Pere o ne a ngaparela ngwao le setso sa ba losika lwa gagwe ba Izon. Ngaka Kgosi Christopher Pere Ajuwa o tlhokafetse ka 2017 kwa Port Harcourt a le dingwaga di le masome a le supa le borataro.

Lelapa le bongwana

[fetola | Fetola Motswedi]

Dingwaga tsa ntlha

[fetola | Fetola Motswedi]

Christopher Pere Ajuwa o tshotswe ka la bo Ngwanaitseele a tlhola malatsi ale masome a mabedi le boraro ka1941 mo malapeng a ga Kgosi e Kgolo Pa Ogongolo Vurudu Ajuwa wa Egbesubiri Quater, le Kgosi Ma Mme Rachael Diriayefa Ajuwa le Erubiri Quater ya bogosi jwa Gbaranraun, kwa Kgaolong ya Pusoselegae ya lefatshe la Borwa jwa Bayela. Bogosi jwa Gbaranraun ke bongwe jwa Mebuso e e tlhageletseng mo bathong ba Ijaw kwa Niger Delta, kwa Nigeria Borwa mme ke seabe se segolo mo itsholelong ya setšhaba.

Go tsholwa ga ga Pere go tsewa ke batho ba lefelo leo e le letshwao la kgakgamatso mme go ne go buiwa ka gone jaaka e kete go ne go fitlhegile. Go ne ga begwa gore mmaagwe Pere o ne a tshola ngwana fa a ne a le mo tirong ya go tshwara ditlhapi, mme ka go bo go ne go se na mmoki, o ne a mo tsholela mo mokorong wa gagwe. Go ya ka se, letsatsi leo le le botlhoko Rachael Diriayefa Ajuwa o ne a tshwara tlhapi ya gagwe e kgolo go gaisa tsotlhe tse a kileng a di tshwara mme a bitsa morwawe yo o sa tswang go tsholwa ‘Pere’ e e ranotsweng totatota go kaya “Khumo” ka Sekgowa.

Pere o ne a tsena sekolo sa Ade Oshodi, e leng sekolo se se potlana kwa Bophirima jwa Nigeria, go tloga ka 1954 go ya go 1960 mme a bona Setanka sa gagwe sa Ntlha sa go wetsa Sekolo. Go tloga ka 1961 go fitlha ka 1964, o ne a tswelela kwa college ya Stella Maris, kwa Okitipupa, kwa Kgaolong ya Pusoselegae ya Ondo kwa lefelong ya Ondo.[6] Ka maswabi, ka ntlha ya go tlhoka madi, Pere ga a ka a kgona go wetsa dithuto tsa gagwe kwa Stella Maris College . Go batla ga gagwe go ithuta ga go a ka ga ema, o ne a bona tsela ya go tsena College ya Setegeniki ya College ya Puso ya Ijebu-Ode, Setheo sa Kgwebo sa Yaba, Lagos mme o ne a bona dithuto tsa gagwe tsa Magareng tsa Toropo le Kaedi ka 1968.Morago ga moo o ne a tswa kwa Nigeria mme a ya kwa College ya Setegeniki ya Yaba kwa Mmadikolo wa Glasgow, kwa Scotland koo a neng a bona Ditankana tsa gagwe tsa setegeniki sa Maemo a a Kwa Godimo ka 1975 gone.

Morago ga moo, kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1970, Pere o ne a le kwa Mmadikolo wa Worcester, kwa United Kingdom a ithuta Boenjenere jwa Dikago le mananeo a mangwe a thuto le tse dingwe tsa boenjenere mme o ne a nna Moenjenere wa Dikago wa Setegeniki yo o nang le setankana sa kwa Boritane mo masimologong a 1980.

Mme ka 2006, Pere o ne a tsaya kgato e nngwe mme a bona degreeya masters mo go tsa Tsamaiso ya Kgwebo kwa Mmadikolo ya mmuso wa Ekiti. [2]

Athletics le metshameko

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka dingwaga tsa gagwe tsa sekolo, Pere o ne a tsewa e le motshameki wa kgwele ya dinao yo o tlhotlheletsang. Mo tshimologong ya bo1970 o ne a tshamekela Kgwele ya Dinao ya Koporasi ya mmuso wa Bophirima le mokgatlho ywa Kgwele ya Dinao ya Setheo sa Patlisiso sa Nigeria tsotlhe kwa Ibadan Bophirima jwa Nigeria. Pere o ne a bidiwa motshameki yo o tshwanetseng go lebelelwa mo lebaleng la kgwele ya dinao mme o ne a tsewa e le motshameki yo mogolo.[7]O ne a tswelela ka go fenya dikgele le mekgatho eo. Mo botshelong jotlhe jwa gagwe, o ne a tswelela go itumelela botshelo jo bo matlhagatlhaga jwa thenese, go thuma le go siana ka dikepe.

Lenyalo le bana

[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga a nyala, Pere e ne e le monna wa dikarolo tse dintsi. O ne a nna le bana ba le supa kwa ntle ga lenyalo.

Le fa go ntse jalo, ka 1972, fa Pere a ne a tsena kwa Collegeng ya Setegeniki ya Yaba, o ne a kopana le Helen Kemi Olayiwola, morwadia Akandi Olayiwola, yo o tswang kwa Ibadan. Ba ne ba nyalana ka 1974.[6] O ne a tshola bana ba le lesome le boraro le Helen Kemi Olayiwola mme a nyala le Helen ka boitumelo go fitlha a tlhokafala.

Jaaka rre, o ne a bonala a le motho yo o nonofileng wa go otlhaya mme o ne a ruta mo baneng ba gagwe go dira ka natla le go ikobela taolo e e tlhomilweng.

Fa a sa ntse a le ngwana, Pere o ne a kolobediwa mo Kerekeng ya Catholic. Moragonyana o ne a sokologela mo tumelong ya Pentekosete mme a nna leloko la Kereke ya ga Keresete ya Baaposetoloi. Mo tshimologong ya dingwaga tsa bo 1980 o ne a tsena Kereke ya Baebele ya Botshelo jo bo Tseneletseng kwa toropong ya Rumuodara, mmuso wa Rivers . Mme mo tshimologong ya dingwaga tsa bo 1990, o ne a nna leloko la motheo la Redemption Ministries mme a obamela koo go fitlha a swa.

Pere o ne a tsaya ditiro tsa go thusa batho ka se ba se tlhokang di dumalana le tumelo ya gagwe ya Bokeresete. Pere o ne a ineetse e bile a rata go neela pako le kobamelo.

Ka letlhafula la 2016 Pere o ne a lwala mme a tsena kwa bookelong. O ne a lemogiwa a na le kankere ya lela la setlha e e mo kgatong ya bofelo. O ne a boela kwa legaeng la gagwe mme a ikgogela morago mo ditirong tsa setšhabeng le ditirong tsa setšhaba. O tlhokafetse ka Mosupologo, Ferikgong e tlhola malatsi ale masome a mararo le bongwe ka2017 kwa ntlong ya gagwe kwa Port Harcourt.[8] Mafoko a gagwe a bofelo e ne e le “Jesu nkutlwele botlhoko”. O ne a feta mo borokong jwa gagwe ka ntlha ya go raraana ka ntlha ya kankere ya Prostate.

Mmusi Seriake Henry Dickson o tlhalositse loso lwa ga Pere jaaka lo lo utlwisang botlhoko, lo lo tshosang le tatlhegelo e kgolo mo Pusong le mo bathong ba mmuso ywa Bayelsa.[3] Fa a ne a bua kwa tirelong ya phitlho e e neng e tshwaretswe kwantlo lehalahala yla Moletlo ya DSP e Kgolo Alamieyeseigha kwa Yenagoa, go tlotla moswi, Dickson o ne a tshwaela ka gore dineelo tsa ga Pere mo kgolong ya loago le itsholelo le sepolotiki ya mmuso wa Bayelsa le Nigeria di tla gakologelwa ka bosakhutleng.[9] Ka ntlha ya dineelo tse dintsi le tse di tlhomologileng tsa ga Pere, mmusi o itsisitse go bidiwa gape ga tsela e e tlwaelegileng ya Azikoro ka ene e a reng e fetotse ngwao ya puso ya gagwe go tlotla morwa le morwadi mongwe le mongwe wa boammaaruri wa puso yo o dirileng maikutlo a a bonalang mo mafelong a a farologaneng.

Ka go leboga, morwadie wa ntlha wa ga Pere le mokomišenara wa puso wa Bojanala, Tlhabololo, le Mme Ebiere Irene Ajuwa-Musa ba ne ba leboga Mmusi Dickson le batho ba puso ka diabe tsa bone tse di tlhomologileng tse ba di dirileng mo go tlotleng rraagwe.

Tirelo ya phitlho e ne ya ngoka bontsi jwa mapolotiki, babusi ba setso, ebaeteleledi ba madirelo, baeteledipele ba maikutlo, basadi le bašwa go tswa kwa teng le kwa ntle ga lefatshe. Batho ba ne ba eme ka mela mo mebileng ba hutsafetse le go ntsha matshediso a bone mo lelapeng leo.

Fa e sale a tlhokafala, batho ba bitsa nako ya gagwe a tshela "malatsi a ga Pere Ajuwa".[10]

Moswi Kgosi Pere Ajuwa o ne a bolokwa ka la bo Tlhakole a tlhola malatsi ale nne ka 2017 kwa legaeng la gagwe kwa ntlong ya thapelo ya Ayibawari Villa.

Tiro ya pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1969, Pere o ne a thapiwa la ntlha jaaka Motegeniki le Koporasi ya Metsi ya mmuso wa Bophirima ya Ibadan. Morago ga moo o ne a tlogela Koporasi ya Metsi ya mmuso wa Bophirima ka tshoganetso mme a tsenela Setheo sa Patlisiso sa Cocoa sa Nigeria le sone kwa Ibadan (CRIN) e le Moenjenere yo o nang le bokgoni yo o neng a okametse Setheo sa go Phepafatsa Metsi sa setheo ka 1970; o ne a bereka dingwaga di le pedi. Moragonyana Pere o ne a tlogela kwa Setheong sa Patlisiso sa Cocoa sa Nigeria ka ntlha ya kgatelopele ya gagwe ya thuto kwa Mmadikolo wa Glasgow kwa United Kingdom kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1970.

Fa a boela kwa Nigeria, Pere o ne a nna Moenjenere yo Mogolo wa Bagakolodi, wa Baenjenere ba Setlhopha sa SP ka 1977.

O ne a fapogela mo kgwebong e e ikemetseng ka nosi jaaka Rakonteraka wa Kago le Papatso ya Petroleum mo masimologong a bo1980. O ne a tswelela go nna Moenjenere yo Mogolo wa Dikago le Prefab Overseas Limited. Ka 1993, o ne a thusa go simolola le go tsamaisa Pere Roberto Nigeria Limited jaaka Mokwaledi wa Kompone mme morago ga moo a nna mokaedi-motsamaisi.[11] Ka nako eno, o ne a dira mananeo mangwe a a botlhokwa a a akaretsang go agiwa ga Helipad kwa Bonny Camp, Setlhaketlhake sa Victoria, Lagos le dikago dingwe kwa Setheong sa Katiso ya Petroleum kwa Warri (e jaanong e leng Mmadikolo wa Petroleum) le mananeo mangwe a mantsi kwa Niger Delta.

Botshelo jwa sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1986, Pere o ne a tsena ka phenyo mo toropong ya Port Harcourt mme a taboga mme a fenyaTautona wa Phaposi ya Kgwebo le Madirelo ya Port Harcourt. O ne a tlisa dilo dingwe tse di akgolwang mo mokgatlhong. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe gore go ne ga rulaganngwa Pontsho ya ntlha ya go gwebisana ga Boditšhabatšhaba ba Port Harcourt. Go atlega ga ga Pere mo kgwebong ga go a ka ga dira gore a se ka a rata Nigeria le keletso e kgolo e a neng a na le yone ya go fokotsa go boga ga batho ba ba gateletsweng le ba ba neng ba kgaphetswe kwa thoko kwa Niger Delta.

Morago ga go tswa ka katlego jaaka Tautona wa Phaposi ya Kgwebo le Madirelo ya Port Harcourt kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo 1980; o ne a simolola go tsena mo dipolotiking tsa Nigeria fa tshono e tla ya go dira Molaotheo o mosha wa Federal Republic of Nigeria go itsise bokhutlo jwa puso ya Sesole.

Le fa go ntse jalo, ka 1989 o ne a tsenela kgaisano mme a fenya setulo sa Kgaolotlhopho ya Federal ya Yenagoa go tsena mo kopanong ya nako eo ya batlhophi. Pere o ne a tlhalosa ka maatla maemo a a jaaka ditshwanelo tsa batho ba ba kwa tlase, go phimolwa ga molao wa tiriso ya lefatshe, le taolo ya didirisiwa.

Go tshaba ga ga Pere kwa kopanong ya molaotheo ya 1989 go ne ga dira gore a ratwe ke batho ba bagolo ba sepolotiki mo lefatshengmme fa go ne go tlhamiwa makoko a sepolotiki, o ne a nna leloko le le simolotseng Nigeria National Convention (NNC). Ka nako eo, mongwe wa batho ba ba tlhomologileng ba ba neng ba lootsa dikakanyo tsa ga Pere yo mmotlana wa sepolotiki mo lefelong le le lefifi la sepolotiki e ne e le Kgosi Gina Yeseibo.

Ka 1992, go ne ga nna le go rulaganngwa seša ga ditlhopha tsa dipolotiki kwa Nigeria tse kgabagare di neng tsa tsala Kopano ya Bosetšhaba ya Repaboliki (NRC) le Mokgatlho wa Social Democratic (SDP). Pere o ne a feleletsa e le leloko le le simolotseng NRC mme a tshegetsa Kgosi Rufus Ada George go tlhagelela jaaka Mmusi (Ferikgong 1992 go ya go Ngwanaitseele 1993) wa mmuso wa bogologolo ywa Rivers.

Morago ga go tswa ka katlego jaaka Tautona wa Phaposi ya Kgwebo le Madirelo ya Port Harcourt kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo 1980; o ne a simolola go tsena mo dipolotiking tsa Nigeria fa tshono e tla ya go dira Molaotheo o mosha wa Federal Republic of Nigeria go itsise bokhutlo jwa puso ya Sesole.

Kgosi Pere Ajuwa e ne e le sekao sa go nna pelotelele le go itsetsepela mo go lweleng tshiamiso. Pere e ne ya nna moeteledipele wa ntlha wa batho ba ba seng bantsi ba Niger Delta yo o neng a le pelokgale go tsenelela mo dipolotiking tsa morafe o montsi mo letsheng leo.

Keletso ya gagwe ya go tsenela ditlhopho tsa go nna ntlhopheng wa setulo sa botautona e ne ya bonala ka 1992 fa Kokoano ya Bosetšhaba ya Rephaboliki e ne e tshwara ditlhopho tsa bone tsa Tautona wa Motheo kwa Kokoanong ya Bosetšhaba kwa Port Harcourt. Pere e ne e le mmotlana wa botautona mo Kopanong ya Bosetšhaba ya Rephaboliki (NRC) e e sa tlholeng e le teng, mo lenaneong la phetogo la Tautona wa pele Ibrahim Babangida le ene o ne a gaisana le maemo a mmusi wa naga ya Rivers pele ga go tlhamiwa ga mmuso wa Bayelsa.[12]Pere o ne a patelesega go fologa setilo sa Alhaji Bashiru Torfa yo moragonyana a neng a nna Motshwari wa folaga ya NRC le ntlhopheng wa botautona wa Social Democratic Party -SDP Alhaji MKO Abiola o ne a tsenela ditlhopho tsa Botautona tsa Seetebosigo e tlhola malatsi ale lesome le bobedi ka, 1993 tse di neng tsa phimolwa.[13]

Ka Mopitlo e tlhola malatsi ale masome a mabedi le borataro ka , 1993, e ne e le letsatsi la kopano ya setšhaba ya go lwela maemo a botautona. NRC e ne ya itsise gore Port Harcourt, e leng motse wa gaabo Pere, e tla nna lefelo le go tla tshwarelwang kopano eno kwa go lone ka baemedi ba ba fetang dikete di le tlhano ba ba tlileng go nna teng mo go nngwe le nngwe ya Dikopano tseno. Pere o ne a nna le seabe se segolo mo kopanong, mme a duela karolo e kgolo ya tlhwatlhwa ya kopano ya Port Harcourt.[7]

Kopano ya Port Harcourt e ne e tsenetswe ke baeteledipele ba ba tlhageletseng ba lekoko leno ba ba akaretsang Alhaji Bamanga Tukur, Alhaji Ibrahim Mantu le Alhaji Ibrahim Shinkafi. Kwa kopanong eo, Alhaji Ahmed Kusamotu o ne a fenya Senator Lawrence Adekunle Agunbiade yo o bidiwang LAKO go tlhagelela jaaka modulasetilo wa lekoko. Senator Agunbiade o ne a tswa kwa Ise kwa nageng ya ga jaana ya Ekiti fa Dr. Kusamotu ene a ne a tswa kwa lelapeng la segosi kwa Ikirun kwa mmusong wa Osun ya segompieno.

Ka 1994 go ne ga simololwa letsholo le lesha la go tsosolosa setšhaba sa Izon gore se nne se le seoposengwe mo go lateleleng mekgele le maitlhomo a rona a a tshwanang. Gompieno, setšhaba sa Ba-Izon le kgaolo yotlhe ya Niger Delta se mo boemong jo bo botoka. Ka fa tlase ga Ijaw National Congress (INC) le Ijaw Youth Council (IYC lefatshe ka bophara), o ne a sa kgone go thibelwa fa keletso ya gagwe ya dipolotiki e ntse e gola letsatsi le letsatsi.

Pitso ya sepolotiki e ne ya tla gape ka 1998 mme Pere a nna leloko le le simolotseng Mokgatlho wa Batho Botlhe (APP) o o neng wa fetoga morago ga nako go nna Mokgatlho wa Batho Botlhe ba Nigeria (ANPP).

Dingwaga moragonyana, keletso ya gagwe ya go nna tautona e ne ya tsoga gape mme a taboga mo ditlhophong tsa ntlha kgatlhanong le tautona wa g jaana Mohammadu Buhari mme a latlhegelwa ka 2003 le 2007 ka go latelana. O ne a taboga jaaka ntlhopheng wa botautona mo ditlhophong tsa botautona ka 2003 [14] le 2007 [15] mo mokgatlhong wa Lekoko la Liberal Democratic la Nigeria (LDPN) le Alliance for Democracy (AD) ka go latelana.

Ka 2003 fa go ne go bonala sentle gore APP e e fetogileng go nna ANPP, o ne a patelesega go fologa tiro mo Lekokong la Batho ba All Nigeria (ANPP) fa Mo-general Mohammadu Buhari, yo o neng a tlhophiwa go nna ntlhopheng wa botautona, a dira gore Pere a tlogele lekoko.[16] Ka ANPP e ne e ka se mo neye thekete ya Botautona, o ne a fetogela kwa Lekokong la Liberal Democratic la Nigeria ( LDPN mme a tlhagelela e le ntlhopheng wa lone wa botautona ka 2003.[12]

Ka nako ya ditlhopho tsa 2007, o ne a boela kwa mokgatlhong wa ANC mme a patelesega go tlogela maemo a gagwe a bo a ya go thusa General Mohammadu Buhari. Moragonyana o ne a amogelwa ke Alliance for Democracy jaaka mokgethi wa yona wa tautona morago ga loso lwa ka tshoganetso lwa mokgethi wa tautona wa nako eo, Chief Adebayo Adefarati.

Ka 2011, o ne a gaisana go tlatsa setulo sa Senator sa Bayelsa Central mo seraleng sa ANPP mme a fenngwa ke moemedi wa PDPyo o busang.

Mogakolodi

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo nakong yotlhe ya tiro ya gagwe, Pere o ne a itsege e le motlhokomedi wa batho ba le bantsi. Mo tlotlomatsong, baeteledipele ba pele ba molao mo senateng, John Brambaifa, Inatimi Rufus-Spiff, Mmusakgotla wa Kokoano ya Puso, Rt. Motlotlegi. Konbowei Benson le Moeteledipele wa Badiri ba Ntlo ya Puso, Rt. Motlotlegi. Talford Ongolo botlhe ba ne ba akgola moswi Kgosi Ajuwa, ba bua ka ene jaaka mogakolodi.[17]

Modiri yo o kwa pele wa madirelo yo e neng e le mongwe wa bahumi ba le mmalwa ba ba tswang mo losikeng lwa Ijaw, Ajuwa o ne a lwantsha Kompone ya Tlhabololo ya Petroleum ya Shell ( SDPC) e batla botshelo jo bo tokafaditsweng jwa batho ba merafe e e nang le oil.

Ntwa ya gagwe e ne ya tla kwa setlhoeng ka 2006 fa Ajuwa a ne a etelela pele ditšhaba tsa Ijaw tse 145 ka fa tlase ga taolo ya Aborigines ba Ijaw mme a gogela Shell fa pele ga kopano e e kopaneng ya Kokoano Bosetšhaba. [18]Kopano ya Bosetšhaba e ne ya abela baagi ditshenyegelo tsa US$1.5 billion jaaka tuelo ya tshenyo ya tikologo e e bakilweng ke kompone fa e sale e simolola go epa oli ka 1956.[12]

Dikgele le ditlotlo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Moranang1995, e le go lemoga maiteko a gagwe a a sa lapeng a go tlhabolola thuto, Mmadikolo wa Calabar e ne ya mo naya Degree ya Ngaka e e Tlotlegang ya Maranyane (D.Sc.) (Honoris causa) ya Botsamaisi jwa Kgwebo.

Bopelotshweu jwa gagwe bo ne jwa kgabaganya melelwane ya merafe fa batho ba Enugu Uku ba ne ba ntsha meropa ya bone ya moletlo go mo keteka fa ba ne ba mo abela serwalo sa IKEMBA SA ENUGU UKU.

Pere o tlisitse tlhabololo e kgolo ya thuto le ya setšhaba kwa Gbanraun ka jalo mmusi yo mogolo mo lekgotleng, Kgosi E.G Ojogbo le batsayakarolo botlhe ba ba maleba ba ne ba mo neela nngwe ya direto tsa maemo a a kwa godimo mo bogosing; Egbesu XVI wa Egbesubiri ka 1986.

Ditlotla tsa morago ga loso di akaretsa Mmusi Seriake Henry Dickson wa Bayelsa State a tlotla Pere ka go fetola leina la tsela e kgolo morago ga gagwe.[19]

  1. "Ex-presidential candidate, Pere Ajuwa, dies". 31 January 2017.
  2. 1 2 "Christopher Pere Ajuwa (1941-2017)". February 16, 2019.
  3. 1 2 "Pere Ajuwa, popular Ijaw politician, dies at 76". January 31, 2017.
  4. "Our Campaigns - Candidate - Christopher Pere Ajuwa". www.ourcampaigns.com.
  5. "Christopher Pere Ajuwa Archives".
  6. 1 2 "AJUWA, Christopher Perewari". September 20, 2016.
  7. 1 2 Teniola, Eric (June 19, 2018). "Nigeria: Anniversary of June 12 Presidential Election (V)". allAfrica.com.
  8. phone conversation with son Elias Pere Ajuwa
  9. "Pere Ajuwa was an epitome of the Ijaw struggle ―Dickson » Latest News » Tribune Online". April 8, 2017.
  10. "The Pere Ajuwa days. I watched him there too". July 4, 2019.
  11. ltd, company check. "PERE ROBERTO & ASSOCIATES LIMITED. Free business summary taken from official companies house information. Free alerts. Registered as 02856769". Company Check.
  12. 1 2 3 Ebiowei, Preye (January 31, 2017). "Former Presidential candidate, Pere Ajuwa dies at 76".
  13. Emmanuel, Daniji (February 14, 2017). "PROMINENT CELEBS DIE IN PORT HARCOURT IN ONE WEEK".
  14. "Our Campaigns - Political Party - Liberal Democratic (LDPN)". www.ourcampaigns.com.
  15. "Our Campaigns - Political Party - Alliance for Democracy (AD)". www.ourcampaigns.com.
  16. "Pere Ajuwa Passes Dies at 76 – Nigeria Newsday".
  17. Aaron, Fyneface (12 April 2017). "Bayelsa Honours Late Pere Ajuwa …Names Road After Him".
  18. "Chief (Dr.) Pere Ajuwa & Anor. v. The Shell Petroleum Development Company of Nigeria Limited (SC.290/2007)[2011] NGSC 7 (16 December 2011) (SC.290/2007) [1960] NGSC 1 (15 December 2011); | Nigeria Legal Information Institute". nigerialii.org.
  19. "Bayelsa celebrates late Ijaw leader Pere Ajuwa, renames major road after him". News Express Nigeria Website.